Karolo 2
Diphetogo Tsa Botshelo
A ga o rate tsela e mmele wa gago o golang ka yone?
□ Ee □Nnyaa
A diphetogo tsa bosha di dira gore o ikutlwe e kete o latlhilwe, o tlhakane tlhogo kgotsa o boifa?
□ Ee □ Nnyaa
A ka dinako tsotlhe o nna o akantse fela ka batho ba bong bo sele?
□ Ee □ Nnyaa
Fa o arabile ka “ee” mo go nngwe ya dipotso tse di fa godimo, o se ka wa tshwenyega—seno ga se kaye gore go sengwe se se phoso ka wena! Boammaaruri ke gore, diphetogo tse di diregang mo mmeleng le mo maikutlong ka nako ya bosha di ka dira gore nako nngwe o ikutlwe o itumetse mme nako nngwe o hutsafetse kgotsa o ikutlwe ka ditsela tse dingwe. O ka tswa o sa bolo go batla go nna mogolo, mme e re ka jaanong o simolola go nna mogolo, seo se ka go tshosa! Dikgaolo 6-8 di tla go thusa go lepalepana le diphetogo tsa botshelo.
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 56, 57]