Pina 117
Re Tshwanetse go Rutwa
E e Gatisitsweng
1. Tlang ka boipelo mme lo ithute ka Jah.
‘Tlang lo tseyeng metsi a botshelo.’
Thuto ya ga Jah, ruri’e molemo.
E lapolosa ba ba nyorilweng.
2. A re se leseng go phuthega ga rona,
go tla go ithuta se se siameng.
Thuto ya ga Jah e a re thusa,
re’itumeleleng go rutwa ke Jah.
3. Ruri go’a kgothatsa go baka Jehofa!
Go rutwa ke ene go monate!
A re kopaneng le batho ba ’gwe!
A re kopaneng ka nako tsotlhe!
(Bona le Baheb. 10:24, 25; Tshen. 22:17.)