PINA 31
Lo Tsamayeng le Modimo!
E e Gatisitsweng
(Mika 6:8)
1. Lo tsamayeng le Modimo,
Mme lo nne boingotlo.
Lo ngaparele Jah, lo mo’ikanye;
Mme o tla lo nonotsha.
Fa lo’ikanya Lefoko la ’gwe,
Lo ka se fapoge.
Letlang Mmopi a lo kaele,
Mme lona lo mo reetse.
2. Lo tsamayeng le Modimo,
Mme lo nne boitsheko.
Fa lo lebana le dithaelo,
O tla lo naya maatla.
Dilo tsotlhe tse di molemo,
Le tse di rategang,
Lo nne lo’akanya ka tsone,
Mme Jah o tla lo thusa.
3. Lo tsamayeng le Modimo,
Lo nne ditsala tsa ’gwe,
Lo lebogele dimpho tsa gagwe,
Le masego a gagwe.
Lo tsamaye le Modimo Jah,
Lo mmakeng ka pina.
Mme lo tla nna le boipelo,
Ka gonne lo baka Jah.
(Bona le Gen. 5:24; 6:9; Bafil. 4:8; 1 Tim. 6:6-8.)