Pina 70
‘Tlhomamisa Dilo Tse di Botlhokwa Thata’
1. Temogo e tla re thusa thata
Go’itse boammaaruri,
Goitse dilo tse di botlhokwa,
Gore re kgatlhe Mmopi!
Ratang nnete; Tlhoang maaka.
Kgatlhang Mmopi;
Mme lo tla ipela. Lo rapeleng;
Lo ithuteng.
Dirang dilo tse di botlhokwa.
2. Mme ke eng se se leng botlhokwa
Go feta go nna re rera,
Rebatla ’nku tse di timetseng,
Go dithusa go’itse Mmopi?
Re ba ruteng; Re ba thuseng.
Re ba bontsheng
Lorato ka metlha, mme ba bone,
Ba’itlhophele!
Go rera dilo tsa botlhokwa.
3. Go dira dilo tse di molemo
Go nonotsha tumelo.
Modimo o re naya kagiso,
Re nna le tsholofelo.
Bontshang ’rato;
Bontshang tlotlo Ikanyegeng.
Re’a itumela fa re ithuta,
Re lemoga,
Re dira dilo tsa botlhokwa!
(Bona le Pes. 97:10; Math. 22:37; Joh. 21:15-17; Dit. 10:42.)