Pina 103
“Ka Ntlo le Ntlo”
E e Gatisitsweng
1. Ka ntlo le ntlo, le mejakong,
Re gasa molaetsa.
Metseng yotlhe le magaeng,
Re ruta ka puso.
Mafoko a a molemo
A puso ya Mmopi,
A rerwa mo ’fatsheng lotlhe
Jaaka Kreste’a buile.
2. Ka ntlo le ntlo, le mejakong,
Re rera poloko.
E bonwa ke ba ba bitsang,
’Ina la Jehofa.
Mme ba ka bitsa jang leina
Fa ba sa mo itse?
Jaanong re yeng ka ntlo le ntlo,
Re rute ka leina.
3. Jalo re yeng ka ntlo le ntlo,
Re gase molaetsa.
Batho ba tla itlhophela,
Gore a ba’a utlwa.
Mme gone re tla bolela,
’Ina la Modimo.
Fa re ntse re ba rerela,
Re tla bona dinku.
(Bona le Dit. 2:21; Bar. 10:14.)