PINA 83
“Ka Ntlo le Ntlo”
E e Gatisitsweng
1. Ka ntlo le ntlo, le mejakong,
Re gasa molaetsa.
Metseng yotlhe le magaeng,
Re rerela batho.
Dikgang tsa gore Bogosi
Jaanong bo a busa,
Di rerwa lefatsheng lotlhe
Jaaka Kreste’a buile.
2. Ka ntlo le ntlo, le mejakong,
Re rera poloko.
E e tlelang ba ba bitsang
’Ina la Modimo.
Mme ba ka bitsa jang leina
Le ba sa le itseng?
A re rereng ka ntlo le ntlo,
Mme re ba itsiseng.
3. A re tseneng ka ntlo le ntlo,
Re gase molaetsa.
Batho ba tla itlhophela,
Gore a ba’a reetsa.
Mme gone re tla tswelela
Re baka Modimo.
Fa re ntse re ba rerela,
Re tla bona dinku.
(Bona le Dit. 2:21; Bar. 10:14.)