Pina 46
Jehofa ke Kgosi ya Rona!
1. Ipeleng lo bakeng Jehofa,
Magodimo le tsotlhe a di mmake.
A re opeleleng Jehofa re mmakeng,
Re itsise ditiro tsa ’gwe.
(KHORASE)
Magodimo’ipele, lefatshe ipele,
Ka gonne Jehofa ke Kgosi!
Magodimo’ipele, lefatshe ipele,
Ka gonne Jehofa ke Kgosi!
2. Itsiseng kgalalelo ya ’gwe,
Bolelang ’tiro tsa ’gwe tse dikgolo.
Gonne Jah ke Kgosi; Re mmakeng ka metlha.
Re’ikobe fa pele ga gagwe.
(KHORASE)
Magodimo’ipele, lefatshe ipele,
Ka gonne Jehofa ke Kgosi!
Magodimo’ipele, lefatshe ipele,
Ka gonne Jehofa ke Kgosi!
3. Puso ya gagwe e tlhomilwe.
O be ile Morwawe mo setulong.
A botlhe ba’ikobe mme ba bake Mmopi,
Ba bake Jehofa’a le nosi.
(KHORASE)
Magodimo’ipele, lefatshe ipele,
Ka gonne Jehofa ke Kgosi!
Magodimo’ipele, lefatshe ipele,
Ka gonne Jehofa ke Kgosi!
(Bona le 1 Ditir. 16:9; Pes. 68:20; 97:6, 7.)