LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 7 ts. 10
  • Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Buka ya Bibela ya bo 2—Ekesodo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Moshe O ne A Tlhopha go Obamela Jehofa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Moshe le Arone ba Etela Faro
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 7 ts. 10
Moshe o tshwere dikwalelo tsa leje tse pedi tse di nang le Melao e e Lesome

KAROLO 7

Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng

Jehofa o tlisa dipetso kwa Egepeto, mme Moshe o etelela pele bomorwa Iseraele go ba ntsha mo nageng eo. Modimo o naya Baiseraele molao a dirisa Moshe

BOMORWA Iseraele ba ne ba nna mo Egepeto dingwagangwaga, ba atlega e bile ba oketsega. Le fa go ntse jalo, go ne ga tlhomiwa mmusi yo mosha. Mmusi yono o ne a sa itse Josefa. E re ka mmusi yono yo o setlhogo a ne a boifa tsela e Baiseraele ba neng ba oketsega ka yone, o ne a ba dira makgoba mme a laela gore bana botlhe ba bone ba basimane ba ba sa tswang go tsholwa ba latlhelwe mo Nokeng ya Nile. Le fa go ntse jalo, mmè mongwe yo o pelokgale o ne a sireletsa losea lwa gagwe lwa mosimane, a lo fitlha mo serotong mo gare ga matlhaka. Morwadia Faro o ne a bona ngwana yoo, a mmitsa Moshe, mme a mo godisetsa mo lelapeng la segosi la Egepeto.

Fa Moshe a le dingwaga di le 40, o ne a tsena mo mathateng gonne a ne a sireletsa lekgoba la Moiseraele mo mokgerising mongwe wa Moegepeto. Moshe o ne a tshabela kwa lefatsheng lengwe le le kgakala, kwa a neng a nna gone e le motshabi. Fa Moshe a le dingwaga di le 80, Jehofa o ne a mo laela gore a boele kwa Egepeto mme a bolelele Faro gore a golole batho ba Modimo.

Faro o ne a gana a tiisitse. Ka jalo, Modimo o ne a itaya Baegepeto ka dipetso di le lesome. Nako le nako fa Moshe a tla mo go Faro go tla go mo naya tshono ya go tila petso e e latelang, Faro o ne a nna tlhogoethata, a nyatsa Moshe le Modimo wa gagwe e bong Jehofa. Kgabagare, petso ya bolesome e ne ya bolaya maitibolo otlhe a naga eo—kwantle ga malapa a a neng a ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore ba tshwaye mephakalego ya dikgoro tsa bone ka madi a kwana e e ntshitsweng setlhabelo. Moengele wa Modimo yo o neng a tlile go diragatsa katlholo o ne a tlola magae a a neng a tshwailwe. Morago ga moo Baiseraele ba ne ba keteka go gololwa jalo ka tsela ya kgakgamatso ka go tshwara moletlo wa ngwaga le ngwaga o o bidiwang moletlo wa Tlolaganyo.

Fa Faro a sena go swelwa ke morwawe wa leitibolo, o ne a laela Moshe le Baiseraele botlhe gore ba tswe mo Egepeto. Ka bonako fela ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore matshutitshuti a Baiseraele a tswe mo Egepeto. Mme Faro o ne a fetola mogopolo. O ne a ba lelekisa ka batlhabani ba le bantsi le ka dikara tsa ntwa. Go ne go bonala Baiseraele ba gaeletswe fa lotshitshing lwa Lewatle le Lehibidu. Jehofa o ne a kgaoganya Lewatle le Lehibidu, mme Baiseraele ba kgabaganya mo boalong jo bo omileng jwa lewatle, fa gare ga mabota a mabedi a metsi! Fa Baegepeto ba ntse ba ba lelekisitse, Modimo o ne a dira gore metsi a kopane gape, mme metsi ao a khurumetsa Faro le masole a gagwe.

Moragonyana fa Baiseraele ba ntse ba thibeletse mo Thabeng ya Sinai, Jehofa o ne a dira kgolagano le bone. Modimo o ne a dirisa Moshe gore e nne motsereganyi le go naya Baiseraele melao e e neng e ka ba kaela le go ba sireletsa mo karolong nngwe le nngwe ya matshelo a bone. Fa fela Baiseraele ba ne ba ka ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka boikanyegi, Jehofa o ne a tla nna le bone mme a dire gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba itshegofatse ka setšhaba seo.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Baiseraele ba ne ba bontsha go tlhoka tumelo mo Modimong. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a dira gore kokomana eo e kgarakgatshege mo sekakeng ka dingwaga di le 40. Morago ga moo, Moshe o ne a laela monna yo o ikanyegang e bong Joshua gore a mo tlhatlhame. Kgabagare, Iseraele e ne e siametse go tsena mo lefatsheng le Modimo a le solofeditseng Aborahame.

—E tswa mo go Ekesodo; Lefitiko; Dipalo; Duteronome; Pesalema 136:10-15; Ditiro 7:17-36.

  • Go tlile jang gore Modimo a dirise Moshe go golola Iseraele?

  • Ke eng fa Baiseraele ba ne ba keteka moletlo wa Tlolaganyo?

  • Jehofa o ne a golola jang Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto?

MOLAO O MOGOLO GO E GAISA YOTLHE

Melao e e Lesome, e e kwadilweng mo go Ekesodo 20:1-17, e ka tswa e le yone e itsiweng thata mo melaong e ka nna 600 e Modimo a neng a e naya batho a dirisa Moshe. Le fa go ntse jalo, fa Jesu Keresete a ne a bodiwa gore ke molao ofe wa Modimo o o leng mogolo go e gaisa yotlhe, o ne a tlhopha ono: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.”—Mareko 12:28-30; Duteronome 6:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela