LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 31
  • Moshe le Arone ba Etela Faro

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moshe le Arone ba Etela Faro
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Moshe le Arone—Baboledi ba ba Pelokgale ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jehofa Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 31
Moshe le Arone fa pele ga ga Faro

POLELO 31

Moshe le Arone ba Etela Faro

FA Moshe a boela kwa Egepeto, o ne a bolelela mogolowe e bong Arone kaga dikgakgamatso tsotlhe tse a di boneng. Fa Moshe le Arone ba bontsha Baiseraele dikgakgamatso tseo, batho botlhe ba ne ba dumela gore Jehofa o ne a na le bone.

Go tswa foo, Moshe le Arone ba ne ba ya go bona Faro. Ba ne ba mo raya ba re: ‘Jehofa Modimo wa Iseraele a re, “Lesa batho ba me ba tsamaye malatsi a le mararo, gore ba ye go ntirela kwa nageng.”’ Le fa go ntse jalo, Faro o ne a araba a re: ‘Ga ke dumele mo go Jehofa. Mme ga ke na ke letla Baiseraele ba tsamaya.’

Faro o ne a galefile tota ka gonne batho ba ne ba batla go ikhutsa mo tirong gore ba obamele Jehofa. Ka jalo, o ne a ba pateletsa go bereka ka natla le e leng go feta. Baiseraele ba ne ba pega Moshe molato go bo ba tshwarwa setlhogo jalo, mme Moshe o ne a utlwa botlhoko. Jehofa o ne a mmolelela gore a se ka a tshwenyega. Jehofa o ne a re, ‘Ke tla dira gore Faro a letle batho ba me ba tsamaye.’

Noga ya ga Arone e kometsa dinoga tse dingwe

Moshe le Arone ba ne ba ya go bona Faro gape. Mo lekgetlong leno ba ne ba dira kgakgamatso. Arone o ne a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe, mme ya fetoga noga e kgolo. Mme banna ba ba botlhale ba ga Faro le bone ba ne ba latlhela dithobane tsa bone fa fatshe, mme le tsone tsa fetoga dinoga. Mme, Bona! Noga ya ga Arone e kometsa dinoga tsa banna ba ba botlhale. Le fa go ntse jalo, Faro ga a ka a letla Baiseraele ba tsamaya.

Ka jalo, go ne ga tla nako ya gore Jehofa a rute Faro thuto nngwe ya botlhokwa. A o itse gore o ile a dira seo jang? O ile a tlisa dipetso di le 10 kgotsa matshwenyego a magolo mo Egepeto.

Fa dipetso tse dintsi di sena go direga, Faro o ne a laela gore Moshe a ye go bidiwa, mme a re: ‘Emisa sebetso mme ke tla lesa Baiseraele ba tsamaya.’ Mme fa petso e ne e ema, Faro o ne a fetola mogopolo wa gagwe. O ne a sa lese batho ba tsamaya. Kgabagare, morago ga petso ya bo10, Faro o ne a lesa Baiseraele ba tsamaya.

A o itse nngwe le nngwe ya dipetso tse 10? Bula mo tsebeng e e latelang mme re ithute ka tsone.

Ekesodo 4:27-31; 5:1-23; 6:1-13, 26-30; 7:1-13.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela