LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 20 ts. 52-ts. 53 ser. 3
  • Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Moshe le Arone ba Etela Faro
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jehofa Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Jah o a Mpoloka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 20 ts. 52-ts. 53 ser. 3
Lesogodi la tsie

THUTO 20

Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang

Moshe le Arone ba ne ba ya go bolelela Faro molaetsa wa Modimo ba re: ‘Fa o sa golole batho ba me, ke tla romela diboba mo nageng ya gago.’ Diboba tseo di ne tsa tsena mo matlong otlhe a Baegepeto. Naga yotlhe e ne e tletse ka diboba. Mme diboba tseo di ne di seyo kwa nageng ya Goshene kwa Baiseraele ba neng ba nna gone. Petso eno le tse dingwe tse di latelang di ne tsa diragalela Baegepeto fela. Faro o ne a raya Moshe a re: ‘Kopa Jehofa gore a tlose diboba tseno. Baiseraele ba ka nna ba tsamaya.’ Mme fa Jehofa a sena go ntsha diboba tseo, Faro o ne a gana go golola batho ba Modimo. Ruri Faro o ne a le tlhogoethata!

Jehofa o ne a re: ‘Fa Faro a sa letle batho ba me gore ba tsamaye, diphologolo tsa Baegepeto di tla lwala di bo di swa.’ Mo letsatsing le le latelang, diphologolo di ne tsa simolola go swa. Mme tsa Baiseraele di ne di sa swe. Faro o ne a sa ntse a le tlhogoethata e bile a sa batle go golola Baiseraele.

Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re a boele kwa go Faro mme a gase molora mo moyeng. Molora oo o ne wa fetoga lorole lo lo neng lwa dira gore Baegepeto le diphologolo tsa bone ba tswe dintho tse di botlhoko. Mme Faro o ne a sa ntse a sa batle go golola Baiseraele.

Dipetso tsa kwa Egepeto go tloga ka ya bo4 go ya go ya bo6: diboba, go swa ga diruiwa, dintho tse di botlhoko

Jehofa o ne a romela Moshe gape kwa go Faro gore a mmotse a re: ‘A o sa ntse o sa batle go tlogela batho ba me gore ba tsamaye? Kamoso go tla tsoga go na sefako mo Egepeto.’ Mo letsatsing le le latelang, Jehofa o ne a romela sefako, magadima le molelo. E ne e le la ntlha selo sa mofuta ono se direga mo Egepeto. Ditlhare le dimela tsotlhe di ne tsa senyega ntle le tse di kwa Goshene. Faro o ne a re: ‘Kopa Jehofa gore a emise! Mme lo ka nna lwa tsamaya.’ Mme ka bonako fela fa sefako le pula di sena go emisa, Faro o ne a gana go golola Baiseraele.

Go tswa foo, Moshe o ne a re: ‘Jaanong ditsie di tla ja dimela tse di tlogetsweng ke sefako.’ Lesogodi lwa tsie le ne la ja sengwe le sengwe se se neng se setse mo masimong le mo ditlhareng. Faro o ne a raya Moshe a re: ‘Kopa Jehofa gore a tlose ditsie tseno.’ Mme le fa Jehofa a sena go tlosa ditsie tseo, Faro o ne a sa ntse a le tlhogoethata.

Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Otlololela seatla sa gago kwa legodimong.’ Go ne ga nna lefifi thata. Go ne ga feta malatsi a le mararo Baegepeto ba sa bone sepe. Lesedi le ne le bonesitse fela mo matlong a Baiseraele.

Dipetso tsa kwa Egepeto go tloga ka ya bo7 go ya go bo9: sefako, ditsie, lefifi

Faro o ne a raya Moshe a re: ‘Wena le batho ba gago lo ka tsamaya. Mme lo se ka lwa tsaya diphologolo tsa lona.’ Moshe o ne a re: ‘Re tshwanetse go tsaya diphologolo tsa rona ka gonne re tlhoka go ntshetsa Modimo wa rona setlhabelo ka tsone.’ Faro o ne a galefa thata. O ne a goa a re: ‘Tswa fa pele ga me! Fa nka go bona gape, ke tla go bolaya.’

“Gape lo tla bona pharologanyo fa gare ga motho yo o siameng le motho yo o bosula, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direleng.”​—Malaki 3:18

Dipotso: Jehofa o ne a tlisetsa Baegepeto dipetso dife tse dingwe? Di ne di farologane jang le tsa ntlha tse tharo?

Ekesodo 8:20–10:29

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela