LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 7/15 ts. 3-5
  • Jehofa Ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa Ke Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Ne A Le Mogolo Thata mo Medimong ya Baegepeto
  • O Boloka Batho ba Gagwe
  • Dilo Tse Di Ithutiwang ka Maitemogelo
  • ‘Jah o a Mpoloka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Moshe le Arone ba Etela Faro
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Moshe le Arone—Baboledi ba ba Pelokgale ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 7/15 ts. 3-5

Jehofa Ke Mang?

“YEHOFA e be e le mañ?” Potso eo e ne ya bodiwa dingwaga tse 3 500 tse di fetileng ke kgosi e e ikgogomosang ya Egepeto ebong Faro. Go lebega go sa batle go mo reetsa e le gone go neng ga mo tlhotlheletsa gore a tswelele a re: “Ga ke itse Yehofa.” Banna ba babedi ba ba neng ba eme fa pele ga ga Faro ka nako eo ba ne ba itse gore Jehofa ke mang. E ne e le motho le morwarraagwe ebong Moshe le Arone, ba lotso lwa Iseraele lwa Lefi. Jehofa o ne a ba romile gore ba bolelele mmusi yoo wa Egepeto gore a tlogele Baiseraele ba e kwa nageng go ya go keteka moletlo wa bodumedi.—Ekesodo 5:1, 2.

Faro o ne a sa batle gore potso ya gagwe e arabiwe. O ne a laetse baperesiti gore ba dire gore go obamelwe makgolokgolo a medingwana ya maaka. Aitsane, Faro ka boene o ne a lejwa e le modimo! Go ya ka ditlhamane tsa Seegepeto, e ne e le morwa wa modimo wa letsatsi Ra ebile a tsetswe gape jaaka modimo o o nang le tlhogo ya phakalane ebong Horus. Faro o ne a bidiwa ka maina a a jaaka “modimo mothata” le “wa bosakhutleng.” Ka jalo ga go gakgamatse go bo a ne a ka botsa ka lonyatso a re: “Yehofa e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè?”

Go ne go sa tlhokege gore Moshe le Arone ba arabe potso eo. Faro o ne a itse gore Jehofa e ne e le Modimo o o neng o obamelwa ke Baiseraele, ba ka nako eo ba neng ba tshwerwe kwa Egepeto. Mme lefa go ntse jalo Faro le Baegepeto botlhe ba ne ba tla tloga ba itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Jehofa o tlile go dira gore mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng a itse leina la gagwe a bo a itse gore ke Modimo. (Esekiele 36:23) Ka jalo re ka solegelwa molemo thata ke go sekaseka kafa Jehofa Modimo a ileng a tlotlomatsa leina la gagwe ka teng kwa Egepeto wa bogologolo.

O Ne A Le Mogolo Thata mo Medimong ya Baegepeto

Fa Faro a ne a botsa ka tsela ya go gwetlha gore Jehofa e ne e le mang, o ne a sa lebelela gore a ka diragalelwa ke dilo tse di neng tsa mo diragalela. Jehofa o ne a mo araba, a itaya Baegepeto ka dipetso di le lesome. Dipetso tseno di ne di sa iteye morafe oo fela. Di ne di itaya le medimo ya Egepeto.

Dipetso tseo di ne tsa supa gore Jehofa o ne a le mogolo thata mo medingwaneng ya Baegepeto. (Ekesodo 12:12; Dipalō 33:4) Akanya fela ka modumo o mogolo o o neng wa utlwala fa Jehofa a ne a fetola Noka ya Nile le metsi otlhe a Egepeto go nna madi! Kgakgamatso eno, e ne ya dira gore Faro le batho ba gagwe ba itse gore Jehofa o ne a le mogolo thata mo modimong wa Nile ebong Hapi. Go swa ga ditlhapi tsa Nile le gone e ne e le masetlapelo mo bodumeding jwa Baegepeto, ka go bo ba ne ba tlotla mefuta mengwe ya ditlhapi.—Ekesodo 7:19-21.

Morago ga foo, Jehofa o ne a itaya Egepeto ka digwagwa. Seno se ne sa tlontlolola modimo wa sesadi wa segwaga, Heqt. (Ekesodo 8:5-14) Petso ya boraro e ne ya tseanya baperisiti ba ba dirang dikgagamatso, ba ba neng ba se ka ba kgona go etsa kgagamatso e Jehofa a e dirileng ya go fetola lorole go nna dinta. “Ke monwana oa Modimo,” ba ne ba tlhaeletsa jalo. (Ekesodo 8:16-19) Thoth, modimo wa Baegepeto o go bolelwang gore ke one o tlhamileng maselamose o ne wa se ka wa kgona go thusa baitseanape bao.

Faro o ne a ntse a ithuta gore Jehofa ke mang. Jehofa e ne e le Modimo o o neng o ka kgona go bolela maikaelelo a one ka Moshe o bo o a diragatsa ka go itaya Baegepeto ka dipetso ka kgakgamatso. Jehofa o ne a ka ba itaya a bo a lesa go ba itaya go ya fela kafa a ratang ka teng. Lefa go ntse jalo, Faro ga a ka a tlhotlheletsega go ineela mo go Jehofa le mororo a ne a itse seno. Go na le moo, mmusi yono wa Moegepeto yo o ikgogomosang o ne a thatafatsa pelo ya gagwe mme a tswelela a gana go reetsa Jehofa.

Fa ba ne ba itewa ka petso ya bone, diboba di ne tsa senya naga, tsa tlala mo matlong, ebile go bonala di ne di tletse le mo moweng, oo tota o neng o obamelwa jaaka modimo Shu kana modimo wa sesadi Isis, kgosigadi ya legodimo. Lefoko la Sehebera la tshenekegi eno le ranotswe jaaka “seboba,” “ntsi ya ntša,” kana “khukhwane.” (New World Translation; Septuagint; Young) Fa e le gore khukhwane e e neng e ba tlhasetse e ne e le ya tlabue, go raya gore Baegepeto ba ne ba tlhasetswe ke dikhukhwane tse ba neng ba di tsaya di le boitshepo, ebile ga go kafa batho ba neng ba ka tsamaya ka teng ba sa di gate ka dinao. Lefa go ntse jalo, petso eno e ne ya ruta Faro sengwe se a neng a sa se itse ka Jehofa. Lefa medingwana ya Baegepeto e ne e sa kgone go sireletsa baobamedi ba yone mo dibobeng, Jehofa o ne a kgona go sireletsa batho ba gagwe. Petso eno le tse dingwe tse di neng tsa latela di ne tsa tlhasela Baegepeto fela mme tsa tlogela Baiseraele.—Ekesodo 8:20-24.

Petso ya botlhano e ne e le ya leroborobo mo diruiweng tsa Baegepeto. Petso eno e ne e tlontlolola Hathor, Apis, le modimo wa loapi o o nang le mmele wa kgomo ebong Nut. (Ekesodo 9:1-7) Petso ya borataro e ne ya lere ditlhagala mo bathong le mo diphologolong, e tlontlolola medingwana e go tweng Thoth, Isis, le Ptah, e ka phoso go neng go twe e kgona go alafa.—Ekesodo 9:8-11.

Petso ya bosupa e ne e le sefako se segolo, se go neng go na le molelo fa gare ga matlapana a sone. Petso eno e ne ya tlontlolola modimo Reshpu, yo go neng go tsewa gore ke mong wa magadima, le Thoth, yo go neng go bolelwa gore ke kgosi ya pula le tumo tsa maru. (Ekesodo 9:22-26) Petso ya borobedi ya ditsie, e ne e supa gore Jehofa o mogolo thata mo modimong wa monono Min, yo go neng go tsewa gore o sireletsa dijalo. (Ekesodo 10:12-15) Petso ya borobong, e e neng e le lefifi le le neng la apesa Egepeto ka malatsi a le mararo, e ne e nyenyefatsa medingwana ya Baegepeto e e jaaka medimo ya letsatsi, Ra le Horus.—Ekesodo 10:21-23.

Lefa a ne a iteilwe ka dipetso di le robong tse di botlhoko, Faro o ne a gana go golola Baiseraele. Botlhogoethata jwa gagwe bo ne jwa utlwisa Baegepeto botlhoko thata fa Modimo o ne o tlisa petso ya bolesome ebile e le ya bofelo—loso lwa maitibolo a batho le a diphologolo. Le leitibolo la ga Faro le ne la swa, le mororo le ne le lejwa jaaka modimo. Ke yone tsela e Jehofa a neng a ‘sekisa medimo yotlhe ya Egepeto ka yone.’—Ekesodo 12:12, 29.

Faro jaanong o ne a laela Moshe le Arone a re: “Nanogañ, lo cwè mo gare ga batho ba me, lona le bana ba Iseraela: me lo eè, lo dihèlè Yehofa, yaka lo buile. Tsaeañ macomane a lona le matlhape a lona, yaka lo buile, me lo eeñ koñ; me le nna lo ntshegōhatsè.”—Ekesodo 12:31, 32.

O Boloka Batho ba Gagwe

Baiseraele ba ne ba tsamaya, mme ka bonako fela Faro o ne a bona ekete ba pholetha fela mo nageng ba sa itse kwa ba yang teng. O ne a ipotsa jaana le batlhanka ba gagwe: “Ke eñ se re se dihileñ ha e bo ne ne re lesitse Iseraela a cwa mo go re diheleñ?” (Ekesodo 14:3-5) Go latlhegelwa ga Egepeto ke morafe oo o e neng e le batlhanka go ne go tla ama ikonomi ya yone thata.

Faro o ne a phutha masole a gagwe mme a sala Baiseraele morago go fitlha kwa Pihahirotha. (Ekesodo 14:6-9) Baegepeto ba ne ba lebega ba ka fenya ka ntlha ya masole a bone gonne Baiseraele ba ne ba kganeletswe fa gare ga lewatle le dithaba. Mme Jehofa o ne a tsaya kgato go sireletsa Baiseraele ka go baya leru fa gare ga bone le Baegepeto. Kafa letlhakoreng la Baegepeto, e ne e le “leru le lehihi,” ka jalo le ba thibela go tlhasela. Kafa letlhakoreng le lengwe, la Baiseraele, leru leno e ne e le lesedi, le “sedihatsa mo bosigoñ.”—Ekesodo 14:10-20.

Maikaelelo a Baegepeto e ne le go ba gapa le go ba bolaya mme ba ne ba thibelwa ke leru. (Ekesodo 15:9) Abo go ne ga gakgamatsa jang ne fa le apoga! Metsi a Lewatle le Lehibidu a ne a kgaogantswe, mme Baiseraele ba ne ba tshela mo mmung o o omileng ba ya kwa letlhakoreng le lengwe! Faro le mephato ya gagwe ba ne ba tsena mo boalong jwa lewatle, ba ikaeletse go tshwara le go gapa batho bao ba e kileng ya bo e le batlhanka ba bone. Lefa go ntse jalo, mmusi yo o ikgogomosang yoo wa Egepeto o ne a nyaditse Modimo wa Bahebera. Jehofa o ne a simolola go tlhakanya Baegepeto tlhogo, a somola maotwana a dikara tsa bone.—Ekesodo 14:21-25a.

“A re tshabeñ sehatlhōgō sa ga Iseraela,” diganka tsa Baegepeto di ne tsa lela jalo, “gonne Yehofa oa ba tlhabanèla, o tlhabana le Baegepeto.” Faro le banna ba gagwe ba ne ba lemoga seno go setse go le thari thata. Fa ba setse ba tsheletse ka kwa moseja ba bolokesegile, Moshe o ne a otlolola matsogo a gagwe mo godimo ga lewatle, mme metsi a boa, a bolaya Faro le mephato ya gagwe.—Ekesodo 14:25b-28.

Dilo Tse Di Ithutiwang ka Maitemogelo

Ka jalo he, Jehofa ke mang? Faro yo o ikgogomosang o ne a bona karabo ya potso eo. Dilo tse di neng tsa diragala kwa Egepeto di ne tsa supa gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri, gore o ne a farologane gotlhelele le ‘medimo e e leng dilo fela’ ya merafe. (Pesalema 96:4, 5) Jehofa o “dihile legodimo le lehatshe” ka maatla a gagwe a magolo. Ebile ke Mogolodi yo Mogolo, Ene yo a neng a ‘golola Baiseraele ka ditshupo le dikgakgamatso, le ka letsogo le le otlologileng, le ka theregiso e kgolo.’ (Yeremia 32:17-21) Abo seno se ne sa supa sentle jang ne gore Jehofa o kgona go sireletsa batho ba gagwe!

Faro o ne a ithuta dithuto tseno ka go diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Ebile thuto ya bofelo e ne ya mo amoga botshelo. (Pesalema 136:1, 15) A ka bo a ile a nna botlhale fa a ne a ile a ikokobetsa fa a ne a botsa a re, “Yehofa e be e le mañ?” Ka go dira jalo, mmusi yoo a ka bo a ile a tsaya kgato go dumelana le karabo e a neng a e bona. Se se itumedisang ke gore batho ba bantsi gompieno ba ithuta gore Jehofa ke mang. Mme gone botho jwa Gagwe bo ntse jang? O batla eng mo go rona? Ekete setlhogo se se latelang se ka lootsa kafa o anaanelang ka teng Ene fela a le esi yo leina la gagwe e leng Jehofa.—Pesalema 83:18.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela