Ba Dirile Thato ya ga Jehofa
Moshe le Arone—Baboledi ba ba Pelokgale ba Lefoko la Modimo
AKANYA fela ka pono e: Moshe yo o dingwaga tse 80 le morwarraagwe, Arone, ba eme fa pele ga monna yo o nang le thata go gaisa botlhe mo lefatsheng—e bong Faro wa Egepeto. Mo Baegepetong monna yo ga se moemedi fela wa medimo. Ba dumela gore ke modimo ka boene. Ba tsaya gore ke ene Horus ka sebele, e leng modimo wa tlhogo ya ntsu a na le mmele wa motho. Horus, Isis le Osiris e ne e le tharonngwe e kgolo mo medimong le mo medimong ya sesadi ya Egepeto.
Mongwe le mongwe yo o neng a atamela Faro o ne a bona setshwantsho se se neng se tshosa sa tlhogo ya lebolobolo se se neng se betologile fa pele mo serwalong sa gagwe. Go akanngwa gore noga e, e ne e kgona go kgwa molelo mme e be e fedisa baba ba ga Faro. Mme jaanong Moshe le Arone ba ne ba tlile fa pele ga kgosi e e leng modimo e, ka kopo e e sa tlwaelegang—ya gore a lese makgoba a Baiseraele gore ba ye go direla Modimo wa bone, Jehofa, modiro.—Ekesodo 5:1.
Jehofa o ne a setse a boleletse pele gore pelo ya ga Faro e tla thatafala. Ka jalo, Moshe le Arone ga ba a ka ba gakgamala fa a ne a gana a re: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe ka lesa Baiseraele ba tsamaya? Ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraele ba tsamaya.” (Ekesodo 4:21; 5:2) Jalo he, ba ne ba ipaakanyetsa go dira dikgakgamatso. E rile fa ba boela kwa go ene gape, Moshe le Arone ba fitlha ba dira kgakgamatso e e tshosang fa pele ga Faro, go bontsha gore ba romilwe ke Modimo wa boammaaruri, mothatayotlhe.
Go Diragala Kgakgamatso
E re ka a ne a laetswe ke Jehofa, Arone o ne a dira kgakgamatso e e bontshang bogolo jwa ga Jehofa jo bo fetang medimo ya Egepeto. O ne a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro mme ka bonako ya fetoga noga e kgolo! A tlhakantswe tlhogo ke kgakgamatso eno, Faro o ne a bitsa baperesiti ba gagwe ba ba dirisang maselamose.a Banna bano ba ne ba kgona go dira se se tshwanang ka dithobane tsa bone, ba thusiwa ke thata ya badimona.
Fa e le gore Faro le baperesiti ba gagwe ba ne ba ipelafatsa e ne ya nna ga nakwana fela. Akanya fela gore ba ne ba ikutlwa jang fa noga ya ga Arone e ne e metsa dinoga tsa bone, ka bongwe ka bongwe! Botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba kgona go bona gore medimo ya Egepeto e ne e sena go emelana le Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—Ekesodo 7:8-13.
Lefa go ntse jalo, tota le morago ga tiragalo eno, pelo ya ga Faro e ne ya nna ya thatafala fela. Ke fela morago ga gore Modimo o tlise dipetso tse di lesome mo Egepeto, ke gone moo Faro o neng a bolelela Moshe le Arone a re: “Nanogang, lo tswe mo gare ga batho ba me, lona le bana ba Iseraele, lo ye lo direle Jehofa jaaka a buile.”—Ekesodo 12:31.
Seo re se Ithutang
Ke eng se se thusitseng Moshe le Arone gore ba ye kwa go Faro yo o nonofileng wa Egepeto? Kwa tshimologong Moshe o ne a bontsha gore o ne a sa itshepe gore o tla kgona, ka go bolela a re “ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.” Tota le morago ga gore Jehofa a mo solofetse gore o tla nna nae, o ne a kopa jaana: “A ko o rome yo o ka mo romang.” Ka mafoko a mangwe go raya gore Moshe o ne a kopa Modimo gore a rome yo mongwe. (Ekesodo 4:10, 13) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Moshe yo o ikokobeditseng, a mo naya botlhale le nonofo e a e tlhokang gore a kgone go dira tiro ya gagwe.—Dipalo 12:3.
Gompieno, batlhanka ba ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba laetswe gore ba “dire merafe yotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19 20) E le gore re dire karolo ya rona mo go diragatseng thomo eno, re tshwanetse go dirisa sentle kitso ya Dikwalo le bokgoni jo re ka neng re na le jone. (1 Timotheo 4:13-16) Go na le gore re lebe ditlhaelo tsa rona, ka tumelo a re amogeleng kabelo nngwe le nngwe eo Modimo a re fileng yone. O ka dira gore re tshwanelege le go re nonotsha go dira go rata ga gagwe.—2 Bakorinthe 3:5, 6; Bafilipi 4:13.
E re ka Moshe a ne a ganediwa ke batho le ke badimona, tota o ne a tlhoka thuso e e fetang ya motho. Ka ntlha ya seno he, Jehofa a mo solofetsa a re: “Bona, ke go dirile go nna modimo mo go Faro.” (Ekesodo 7:1) Ee, Modimo o ne o eme Moshe nokeng le go mo laola. Ka a ne a na le moya wa ga Jehofa, Moshe o ne a sena lebaka la go boifa Faro kana masole a mmusi yono yo o boikgodiso.
Le rona ka tsela e e tshwanang re tshwanetse go ikaega ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa, kana maatla a gagwe a a dirang, e le gore re dire bodiredi jwa rona. (Johane 14:26; 15:26, 27) Fa Modimo o re eme nokeng re ka etsa mafoko a ga Dafite, yo o neng a opela jaana: “Ke ikantse mo go one Modimo, ga nketla ke boifa, kana motho o ka ntirang?”—Pesalema 56:11.
Ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe Jehofa ga a ka a tlogela Moshe a le nosi mo tirong ya gagwe. Go na le moo, Modimo o ne a re: “Arone mogoloo, o tlaa nna mmueledi wa gago. O bue tsotlhe tse ke di go laolelang; Arone mogoloo, o tlaa bua le Faro.” (Ekesodo 7:1, 2) A bo Jehofa a ile a bontsha lorato jang ne ka go naya Moshe tiro eo a itseng gore o tla e kgona!
Modimo o re kopanya le Bakeresete mmogo le rona bao ba amogelang kgwetlho ya go nna Basupi ba ga Jehofa, Mogodimodimo. (1 Petere 5:9) Go sa kgathalesege dikganetso tseo re ka nnang ra nna le tsone, ka gone, a re etseng Moshe le Arone—baboledi ba ba pelokgale ba Lefoko la Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la Sehebera le le kayang “baperesiti ba ba dirisang maselamose” (NW) le lebisitse mo setlhopheng seo se neng se iphaka fa se dirisa maatla a e seng a tlholego a a fetang le a badimona. Mme go ne go dumelwa gore banna bano ba ne ba ka kgona go dira gore badimona ba ba ikobele le gore badimona ba ne ba sena maatla mo baloing bano.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Moshe le Arone ba ne ba emela Jehofa fa pele ga ga Faro ka bopelokgale