LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 19 ts. 50-ts. 51 ser. 2
  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moshe le Arone ba Etela Faro
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jehofa Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Moshe le Arone—Baboledi ba ba Pelokgale ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 19 ts. 50-ts. 51 ser. 2
Moshe le Arone ba eme fa pele ga Faro

THUTO 19

Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo

Baiseraele ba ne ba patelediwa go bereka ka thata e le makgoba. Jehofa o ne a romela Moshe le Arone gore ba reye Faro ba re: ‘Tlogela batho ba me ba tsamaye gore ba ye go nkobamela kwa nageng.’ Faro o ne a bua ka boikgogomoso a re: ‘Ga ke na sepe le gore Jehofa a reng e bile nka se letle Baiseraele gore ba tsamaye.’ Go tswa foo, Faro o ne a oketsa tiro ya bone. Jehofa o ne a ruta Faro thuto nngwe ya botlhokwa. A o itse gore o ne a dira seo jang? O ne a itaya Egepeto ka Dipetso Tse di Lesome. Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Faro ga a batle go ntheetsa. O tla tsoga a ya kwa Nokeng ya Nile mo mosong. Ya kwa go ene mme o mo reye o re metsi a Nile a tlile go fetoga madi ka gonne o gana go tlogela batho ba me ba tsamaya.’ Moshe o ne a ikobela Modimo mme a ya kwa go Faro. Faro o ne a lebile fa Arone a itaya noka ya Nile ka thobane mme metsi a bo a fetoga madi. Noka e ne ya simolola go nkga mme ditlhapi di ne tsa swa e bile batho ba ne ba sa kgone go nwa metsi a Nile. Faro o ne a sa ntse a sa batle go letla Baiseraele gore ba tsamaye.

Malatsi a le supa morago ga moo, Jehofa o ne a romela Moshe gore a boele kwa go Faro mme a mo reye a re: ‘Fa o sa golole batho ba me, Egepeto e tlile go tlala ka digwagwa.’ Arone o ne a tsholetsa thobane ya gagwe mme naga e ne ya simolola go tlala ka digwagwa. Batho ba ne ba fitlhela digwagwa mo matlong, mo malaong le mo dilong tsa bone tsa go jela. Go ne go tletse digwagwa gotlhe fela! Faro o ne a raya Moshe a re a kope Jehofa gore a emise petso eno. Faro o ne a mo solofetsa gore o tla letla Baiseraele gore ba tsamaye. Ka jalo, Jehofa o ne a emisa petso eo mme Baegepeto ba ne ba kgobokanya digwagwa tseo tsotlhe. Naga e ne ya simolola go nkga. Mme Faro o ne a sa ntse a sa batle go golola batho ba Modimo.

Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Raya Arone o re a iteye lefatshe ka thobane ya gagwe mme lorole lo tla fetoga mentsana.’ Ka yone nako eo, mentsana e ne ya tlala gotlhe fela. Batlhanka bangwe ba ga Faro ba ne ba mo raya ba re: ‘Petso eno e tswa kwa Modimong.’ Mme Faro o ne a sa ntse a sa batle go golola Baiseraele.

Dipetso tsa ntlha tse tharo kwa Egepeto: madi mo nokeng ya Nile, digwagwa le mentsana

“Ke tla dira gore ba lemoge maatla a me le nonofo ya me, mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore leina la me ke Jehofa.”—Jeremia 16:21

Dipotso: Dipetso tsa ntlha tse tharo e ne e le dife? Ke eng fa Jehofa a ile a tlisa dipetso tseo?

Ekesodo 5:1-18; 7:8–8:19; Nehemia 9:9, 10

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela