LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 32
  • Dipetso Tse 10

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipetso Tse 10
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jehofa Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Petso ya Bolesome
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 32
Metsi a Noka ya Nile a fetoga madi, petso ya ntlha

POLELO 32

Dipetso Tse 10

LEBA ditshwantsho tseno. Sengwe le sengwe sa tsone se bontsha petso e Jehofa a neng a e tlisa kwa Egepeto. Mo setshwantshong sa ntlha o kgona go bona Arone a itaya Noka ya Nile ka thobane ya gagwe. Fa a dira jalo, metsi a a mo nokeng a ne a fetoga madi. Ditlhapi di ne tsa swa mme noka ya simolola go nkga.

Faro o dirisa diatla go koba digogwana mo bolaong jwa gagwe ka nako ya petso ya bobedi

Morago ga moo, Jehofa o ne a dira gore digwagwa di tswe mo Nokeng ya Nile. Di ne di tletse gongwe le gongwe—mo dipesetsong, mo dipaneng, mo malaong a batho—gotlhe. Fa digwagwa di swa, Baegepeto ba ne ba di kgobokanya go nna mekoa e megolo mme naga yotlhe ya nkga ka ntlha ya tsone.

Go tswa foo, Arone o ne a itaya fa fatshe ka thobane ya gagwe, mme lerole la fetoga mentsana. Tseno ke ditshenekegi tse dinnye tse di fofang, tse di lomang. Mentsana e ne e le petso ya boraro mo nageng ya Egepeto.

Mosadi o lomiwa ke mentsana ka nako ya petso ya boraro

Dipetso tse dingwe tse di latelang di ne tsa utlwisa fela Baegepeto botlhoko, mme e seng Baiseraele. Petso ya bonè e ne ya nna dintsi tse ditona tse di neng tsa tsena mo matlong a Baegepeto botlhe. Petso ya botlhano e ne e le mo diphologolong. Bontsi jwa dikgomo, dinku le dipodi tsa Baegepeto, di ne tsa swa.

Go tswa foo, Moshe le Arone ba ne ba tsaya melora mme ba e gasa mo phefong. E ne ya dira gore batho le diphologolo ba tswe diso tse di botlhoko. Eno e ne e le petso ya borataro.

Morago ga moo, Moshe o ne a tsholeletsa letsogo la gagwe kwa loaping mme Jehofa a romela dikgadima le sefako. E ne e le sefako se se maswe tota se se iseng se ko se nne gone kwa Egepeto.

Baegepeto ba leka go tshaba dintsi ka nako ya petso ya bonѐ
Diruiwa tsa Baegepeto di a swa ka nako ya petso ya botlhano

Petso ya borobedi e ne e le lesogodi la tsie. Pele ga foo, go ne go ise go ke go nne le tsie e ntsi jalo. E ne ya ja sengwe le sengwe se se neng se sa senngwa ke sefako.

Petso ya borobongwe e ne e le lefifi. Go ne ga nna lefifi le legolo mo lefatsheng malatsi a le mararo, mme kwa go nnang Baiseraele go ne go le lesedi.

La bofelo, Modimo a bolelela batho ba gagwe gore ba kgatshe madi a podi kgotsa a kwanyana mo mephakwaneng ya dikgoro tsa bone. Go tswa foo, moengele wa Modimo o ne a ba tlola a ya kwa Egepeto. Fa moengele a bona madi, o ne a sa bolaye ope mo ntlong eo. Mme mo matlong a go neng go se na madi mo mephakwaneng ya dikgoro, moengele wa Modimo o ne a bolaya leitibolo la motho le la phologolo. Eno e ne e le petso ya bo10.

Morago ga petso eno ya bofelo, Faro o ne a laela Baiseraele gore ba tsamaye. Batho ba Modimo ba ne ba setse ba ipaakanyeditse go tsamaya, mme mo go jone bosigo joo ba ne ba simolola go tswa mo Egepeto.

Ekesodo kgaolo 7 go ya go 12.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela