LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 21 ts. 54-ts. 55 ser. 2
  • Petso ya Bolesome

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Petso ya Bolesome
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moshe le Arone ba Etela Faro
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jehofa Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 21 ts. 54-ts. 55 ser. 2
Monna wa Moiseraele a tshasa madi go dikologa kgoro

THUTO 21

Petso ya Bolesome

Moshe o ne a bolelela Faro gore ga a kitla a tlhola a mmona gape. Mme pele a tsamaya, o ne a raya Faro a re: ‘Bosigogare, leitibolo lengwe le lengwe la bana ba Baegepeto, go tloga ka ngwana wa mosimane wa ga Faro go fitlha ka bana ba basimane ba malata a gagwe, ba tla swa.’

Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba je dijo tse di kgethegileng. O ne a ba raya a re: ‘Tlhabang phelefu kgotsa phoko e e nang le ngwaga mme lo tshase madi a yone mo godimo le mo matlhakoreng a dikgoro tsa lona. Besang nama eo mme lo e je ka dikuku tse di se nang sebediso. Aparang diaparo, rwalang bompaatšhane ba lona mme lo ipaakanyetse go tsamaya. Mo bosigong jono, ke tlile go lo golola.’ Akanya fela kafa Baiseraele ba neng ba itumetse ka gone!

Fa go nna bosigogare, moengele wa ga Jehofa o ne a feta mo matlong otlhe a Egepeto. Mme fa a sa fitlhele ntlo e tshwailwe ka madi, o ne a bolaya ngwana wa leitibolo wa ntlo eo. Mme o ne a tlola matlo a a neng a tshwailwe ka madi. Maitibolo otlhe a Egepeto a ne a bolawa. Mme ga go na ngwana ope wa Moiseraele yo o neng a swa.

Tota le morwa Faro o ne a sule. Faro o ne a setse a utlwile. Ka yone nako eo, o ne a raya Moshe le Arone a re: ‘Tsamayang! Tswang fano! Tsamayang lo ye go direla Modimo wa lona! Tsayang diphologolo tsa lona lo tsamayeng!’

Baiseraele ba ne ba tswa mo Egepeto ngwedi o tletse, ba tswa ka malapa le ka ditso. Go ne go na le banna ba le 600 000, basadi ba le bantsi le bana. Gape go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba tsamaya le bone go ya go direla Jehofa. Baiseraele ba ne ba golotswe!

Ba ne ba tshwanetse go ja dijo tseo tse di kgethegileng ngwaga le ngwaga go gopola kafa Jehofa a ileng a ba golola ka gone. Dijo tseo di ne di bidiwa dijo tsa Tlolaganyo.

Baiseraele ba tswa kwa Egepeto

“Ke go tlogetse gore o tswelele o le gone ka lebaka leno: gore ke bontshe maatla a me ka wena le gore ke dire gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”​—Baroma 9:17

Dipotso: Petso ya bolesome e ne e le efe? Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba itshireletse mo petsong eo?

Ekesodo 11:1–12:42; 13:3-10

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela