LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 12 ts. 15
  • Botlhale Jwa Bomodimo bo re Kaela mo Botshelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale Jwa Bomodimo bo re Kaela mo Botshelong
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka ya Bibela ya bo 20—Diane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Diane 3:5, 6—“Se Ikaege ka Tlhaloganyo ya Gago”
    Ditemana Tsa Baebele di a Tlhalosiwa
  • Bapala Botlhale Mme o Amogele Kotlhao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Solomone ke Kgosi e e Botlhale
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 12 ts. 15
Batho ba phutha dijo tsa ditlhaka mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele

KAROLO 12

Botlhale Jwa Bomodimo bo re Kaela mo Botshelong

Buka ya Diane e na le kgakololo e ntsi e e tlhotlheleditsweng e e nayang kaelo mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi mme bontsi jwa yone e kwadilwe ke Solomone

A JEHOFA ke Mmusi yo o botlhale? Tsela nngwe e e ka re thusang go bona karabo ya potso eno ke go sekaseka kgakololo e a e nayang. A e solegela molemo? A go e dirisa go dira gore botshelo bo nne botoka mme bo nne le bokao? Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala diane di le makgolokgolo. Diane tseno di bua ka dikarolo tsotlhe tsa botshelo. Akanya ka dikai dingwe.

Go ikanya Modimo. Boikanyegi ke selo se se tlhokegang gore motho a nne le kamano e e molemo le Jehofa. Solomone o ne a kwala jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Go ikanya Modimo ka go batla kaelo ya gagwe le go mo ikobela go dira gore motho a tshele botshelo jo bo nang le bokao. Tsela eo ya botshelo e dira gore motho a itumedise pelo ya Modimo mme e naya Jehofa karabo ya dikgang tse di neng tsa tsosiwa ke mmaba wa gagwe e bong Satane.—Diane 27:11.

Go dirisana le ba bangwe ka botlhale. Kgakololo e Modimo a e nayang banna, basadi le bana e molemo e bile e mo nakong gompieno go feta le fa e le leng pele. Modimo o gakolola monna jaana: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago,” se se kayang gore monna o tshwanetse go nna a ikanyega mo mosading wa gagwe. (Diane 5:18-20) Mo bukeng ya Diane go na le kgakololo e e molemo e e ka thusang basadi ba ba nyetsweng e e buang ka mosadi yo o nang le bokgoni yo o ratwang ke monna le bana ba gagwe. (Diane, kgaolo 31) Mme bana ba gakololwa gore ba utlwe batsadi ba bone. (Diane 6:20) Gape buka eno e bontsha gore ditsala di botlhokwa, ka gonne go itlhaola go baka bopelotshetlha. (Diane 18:1) Ditsala di ka re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang, ka jalo re tshwanetse go di tlhopha ka botlhale.—Diane 13:20; 17:17.

Tsela e e botlhale ya go itlhokomela. Buka ya Diane e na le kgakololo e e botlhokwa thata e e malebana le go tila go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang, go nna le maikutlo a a siameng, go fenya maikutlo a a sa siamang le go nna motho yo o dirang ka natla. (Diane 6:6; 14:30; 20:1) E re tlhagisa gore go ikanya ditshwetso tsa batho go na le tsa Modimo, go felela ka masetlapelo. (Diane 14:12) E re rotloetsa go sireletsa motho yo o kafa teng e leng pelo, kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di sa siamang, gape e re gakolola gore “metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—Diane 4:23.

Batho ba le dimilionemilione lefatshe ka bophara ba ile ba fitlhela gore go tshela ka dikgakololo tseno go tokafatsa botshelo jwa motho. Ka ntlha ya seo, ba na le mabaka a le mantsi a go amogela Jehofa e le Mmusi wa bone.

—E tswa mo bukeng ya Diane.

  • Re ka ithuta eng fa re sekaseka buka ya Diane?

  • Buka ya Diane e naya kgakololo efe malebana le go ikanya Modimo, go dirisana le ba bangwe ka botlhale le go itlhokomela?

MORERI

Re ka bona kae botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo nang le bokao? Solomone ke ene motho yo o neng a ka kgona go re naya karabo ya potso eo. E re ka a ne a humile thata, a le botlhale, e bile a na le taolo, o ne a kgona go batlisisa gore a dilo tseno di ne di ka mo tlisetsa boitumelo jwa mmatota. O ne a itumelela go nna le dikhumo, a nyala basadi ba bantsi ba bantle le go ijesa monate. O ne a nna le seabe mo go ageng dikago tse dikgolo. O ne a ithuta mekwalo ya batho ba ba rutegileng thata. O ne a lemoga eng? Gore “sengwe le sengwe ke lefela.” Le fa go ntse jalo, kwa bofelong o ne a swetsa jaana: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:8, 13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela