LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jr kgao. 2 ts. 14-31
  • Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”
  • Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DILO TSE DI DIREGILENG FA JEREMIA A NE A POROFETA
  • MAEMO A BODUMEDI A A FETOGA
  • “O KWALE . . . MAFOKO OTLHE”
  • BABELONA E NNA LE MAATLA
  • MALATSI A BOFELO A LOSIKA LWA SEGOSI
  • SE SE NENG SA DIRAGALELA MASALELA A JUDA
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • O Tla Tlhopha Ditsala Tse di Ntseng Jang?
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • “Ke Tsentse Mafoko A me Mo Molomong wa Gago”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
jr kgao. 2 ts. 14-31

KGAOLO YA BOBEDI

Go Direla mo “Bokhutlong Jwa Metlha”

1, 2. (a) Jeremia o ne a bona ponatshegelo efe e e neng e bontsha se molaetsa wa gagwe wa boporofeti o tla se itsiseng? (b) Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela molaetsa wa ga Jeremia?

MODIMO o ne a botsa moporofeti yo o sa tswang go tlhomiwa a re: “O bona eng?” Jeremia o ne a araba a re: “Ke bona pitsa e e molomo mogolo e e apeelang e e budulelwang, mme molomo wa yone o furaletse bokone.” Go tswa fela kwa tshimologong, ponatshegelo eo e ne e bontsha gore molaetsa o Jeremia a neng a tla o bolela e ne e le wa mofuta ofe. (Bala Jeremia 1:13-16.) Pitsa eo ya tshwantshetso e e apeelang e ne e budulelwa, e seng gore e tsidifale, mme e le go oketsa malakabe a yone. E re ka bosaikanyege bo ne bo rena mo nageng ya Juda, Jehofa o ne a bolelela pele gore mathata, a a tshwantshiwang le seedi se se mogote, a ne a tla tshologa mo pitseng mme a tshologele mo nageng eo. O akanya gore ke eng fa molomo wa pitsa o ne o lebisitswe kwa ntlheng ya borwa? Seo se ne se kaya gore mathata a ne a tla tswa kwa bokone—Babelona e ne e tla tlhasela e tswa ntlheng eo. Mme go ne ga nna fela jalo. Fa Jeremia a ntse a porofeta, o ne a bona mathata a a sa feleng a a neng a tshologa mo pitseng eno e e belang, mme a ne a felela ka gore Jerusalema e senngwe.

2 Motse wa Babelona ga o tlhole o le teng, mme gone o na le lebaka le le utlwalang la go kgatlhegela molaetsa wa ga Jeremia wa boporofeti. Ka ntlha yang? Ka gonne o tshela mo “bokhutlong jwa metlha” jo mo go jone batho ba le bantsi ba ipolelang fa e le Bakeresete; mme gone Modimo ga a ba amogele, bone le dikereke tsa bone. (Jer. 23:20) Mme wena ga o tshwane le bone, ka gonne fela jaaka Jeremia, wena le Basupi ba bangwe lo bolela molaetsa wa katlholo le wa tsholofelo.

Setshwantsho mo go tsebe 14

3. (a) Ditiragalo tse di mo bukeng ya Baebele ya Jeremia di rulagantswe jang? (b) Boikaelelo jwa Kgaolo 2 ya buka eno ke bofe?

3 Jeremia ga a ka a kwala ditiragalo tseo ka nako eo, go na le moo, go bonala a ile a di bolelela mokwaledi mongwe go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa gagwe tsa go porofeta. (Jer. 25:1-3; 36:1, 4, 32) Ditiragalo tsa buka eno ga di a kwalwa go ya ka tatelano ya tsone ka gonne Jeremia o rulagantse dikarolo tse dintsi tsa yone go ya ka ditlhogo. Ka jalo, o tla fitlhela go thusa go itse se se neng se direga ka nako ya fa ditiragalo tse di kwadilweng mo bukeng ya Jeremia le ya Dikhutsafalo di ne di direga le tsela e di diregileng ka yone. Leba tšhate e e mo go tsebe 19. Fa o itse gore ke mang yo e neng e le kgosi ya Juda ka nako efe, mme mo maemong mangwe, o itse se se neng se direga kwa Juda, o tla kgona go tlhaloganya botoka se Jeremia a neng a se bua kgotsa se a neng a se dira. Mme seo se tla go thusa gore o solegelwe molemo ke melaetsa e Modimo a neng a e bolelela batho ba Gagwe a dirisa Jeremia.

DILO TSE DI DIREGILENG FA JEREMIA A NE A POROFETA

4-6. Maemo a batho ba Modimo ba bogologolo e ne e le afe dingwaga di le mmalwa pele Jeremia a simolola go porofeta?

4 Maemo a ne a sa jese di welang ka nako ya fa Jeremia a ne a porofeta. Mo nakong eo, Asiria, Babelona le Egepeto di ne di lwa. Dingwaga di ka nna 93 pele Jeremia a simolola go porofeta, Asiria e ne ya fenya bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele mme ya isa baagi ba le bantsi ba yone kwa botshwarwa. Ka nako eo, Jehofa o ne a sireletsa Jerusalema le kgosi ya yone e e ikanyegang e bong Hesekia gore e se ka ya tlhaselwa ke Asiria. O tla gakologelwa kafa masole a baba a le 185 000 a ileng a bolawa ka gone ka tsela ya kgakgamatso. (2 Dikg. 19:32-36) Mongwe wa barwa ba ga Hesekia e ne e le Manase. Mme go bonala Jeremia a ne a tsholwa mo nakong ya puso ya gagwe ya dingwaga di le 55, nako e ka yone Juda e neng e laolwa ke puso ya bopolotiki ya Asiria.—2 Ditir. 33:10, 11.

5 Jeremia o ne a kwala buka ya Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi, tse mo go tsone re ithutang gore Manase o ne a aga sesha mafelo a a kwa godimo a rraagwe a neng a a sentse. Manase o ne a agela Baale le masomo a legodimo dibeso, mme a bo a di aga le mo tempeleng ya ga Jehofa. O ne a tsholola madi a le mantsi a a se nang molato, mme a direla medimo ya maaka setlhabelo se se fisiwang ka morwawe. Tota re ka re, “o ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo.” Ka ntlha ya ditiro tseo tsotlhe tse di bosula, Modimo o ne a bolela gore Jerusalema le Juda di tla welwa ke masetlapelo, fela jaaka go ne go diregile ka Samarea le Iseraele. (2 Dikg. 21:1-6, 12-16) Fa Manase a sena go swa, morwawe e bong Amone le ene o ne a obamela medingwana ya maaka fela jaaka rraagwe, mme go ise go ye kae dilo di ne di tla fetoga. Morago ga dingwaga tse pedi, Amone o ile a bolawa, mme morwawe wa dingwaga di le robedi e bong Josia o ne a simolola go busa ka 659 B.C.E.

6 Ka nako ya puso ya ga Josia ya dingwaga di le 31, puso ya Babelona e ne ya simolola go nonofa go feta ya Asiria. Josia o ne a bona seno e le tshono ya go golola Juda mo taolong ya dipuso di sele. Josia ga a ka a tshwana le rraagwe le rraagwemogolo ka gonne ene o ne a direla Jehofa ka boikanyegi a bo a tlisa diphetogo tse dikgolo mo kobamelong. (2 Dikg. 21:19–22:2) Mo ngwageng wa bo12 wa puso ya gagwe, o ne a senya mafelo a a kwa godimo, dikota tse di boitshepo le ditshwantsho tsa kobamelo ya maaka mo nageng yotlhe mme morago ga moo a laela gore tempele ya ga Jehofa e baakanngwe. (Bala 2 Ditiragalo 34:1-8.) Se se kgatlhang ke gore Jeremia o ne a tlhomiwa go nna moporofeti wa Modimo mo ngwageng wa bo13 wa puso ya ga Josia (647 B.C.E.).

O ne o tla ikutlwa jang fa o ne o porofeta mo motlheng wa ga Jeremia?

7, 8. (a) Puso ya ga Kgosi Josia e ne e farologane jang le ya dikgosi tse di neng tsa busa pele ga gagwe, e bong Manase le Amone? (b) Josia e ne e le motho yo o ntseng jang? (Bona lebokose le le mo go tsebe 20.)

7 Fa tempele e ntse e tsosolosiwa, mo ngwageng wa bo18 wa puso ya Kgosi e e molemo e bong Josia, moperesiti yo mogolo o ne a bona “buka ya molao.” Josia o ne a kopa mokwaledi wa gagwe gore a mmalele yone. O ne a lemoga diphoso tse di dirilweng ke batho ba gagwe, a batla kaelo ya ga Jehofa mo moporofeting wa mosadi e bong Huleda, mme a rotloetsa setšhaba sa gagwe gore se boloke melao ya Modimo. Huleda o ne a itsise Josia gore Jehofa o tla tlisetsa Bajuda “masetlapelo” ka gonne ba ne ba sa ikanyege. Le fa go ntse jalo, e re ka Josia a ne a rata kobamelo e e itshekileng, masetlapelo ao a ne a se kitla a tla mo motlheng wa gagwe.—2 Dikg. 22:8, 14-20.

Tšhate mo go tsebe 19

8 Kgosi Josia o ne a ikemisetsa le go feta go tlosa sengwe le sengwe fela se se amanang le kobamelo ya medingwana. Go bontsha kafa a neng a ikemiseditse ka gone, o ne a bo a ya kwa mafelong a pele e neng e le a bogosi jwa kwa bokone jwa Iseraele, go ya go senya mafelo a a kwa godimo le sebeso se se neng se le kwa Bethele. Gape o ne a rulaganya gore go nne le moletlo o mogolo wa Tlolaganyo. (2 Dikg. 23:4-25) Ruri seo se tshwanetse sa bo se ile sa itumedisa Jeremia fela thata! Mme gone, go ne go se motlhofo go rotloetsa batho gore ba fetole ditsela tsa bone. Batho ba ne ba sa tlhole ba rata kobamelo e e itshekileng ka gonne Manase le Amone ba ne ba ba rutile go obamela medingwana. Le fa gone Josia a ne a dira diphetogo tseno, Modimo o ne a tlhotlheletsa Jeremia gore a bolele fa medimo ya Bajuda e le mentsi jaaka metse ya bone. Batho ba Juda ba ne ba tshwana le mosadi yo o sa ikanyegeng—ba ne ba tlogetse Jehofa mme ba ya go akafala le medimo e sele. Jeremia o ne a ba itsise jaana: “Dibeso tse dintsi jaaka mebila ya Jerusalema batho ke lona lo di beetse selo se se tlhabisang ditlhong, dibeso tse go kuisediwang Baale mosi wa setlhabelo mo go tsone.”—Bala Jeremia 11:1-3, 13.

9. Ke eng se se neng se direga mo ditšhabeng tse dingwe mo dingwageng tsa bofelo tsa puso ya ga Josia?

9 Fela jaaka melaetsa e Jeremia a neng a e bolela e sa ka ya fetola Bajuda, ga ya ka ya fetola le kgang ya gore ditšhaba tse di ba dikologileng di ne di lwela puso. Ka 632 B.C.E., mephato ya masole a Babelona le a Bameda e ne ya nna seoposengwe mme ya fenya Ninife, motsemogolo wa Asiria. Dingwaga di le tharo morago ga moo, Faro Neko wa Egepeto o ne a etelela pele mophato wa gagwe go ya kwa bokone gore ba ye go thusa Baasiria, ba mophato wa bone o neng o le bokoa. Ka ntlha ya mabaka mangwe a a sa tlhalosiwang mo Baebeleng, Josia o ne a leka go dira gore mephato ya Baegepeto e e neng e le kwa Megido e boele morago, mme o ne a gobadiwa botlhoko mo a neng a swa. (2 Ditir. 35:20-24) Tiragalo eno e e utlwisang botlhoko e ne e tlile go tlisa diphetogo dife mo maemong a dipolotiki le a bodumedi mo Juda? Mme Jeremia o ne a tla lebana le dikgwetlho dife tse disha?

MAEMO A BODUMEDI A A FETOGA

10. (a) Ditiragalo tse di neng tsa latela morago ga loso lwa ga Josia di tshwana jang le tsa motlha wa rona? (b) O ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka tsela e Jeremia a neng a itshwara ka yone?

10 Akanya fela kafa Jeremia a neng a ikutlwa ka teng fa a utlwa gore Josia o sule! O ne a utlwile botlhoko thata jaana mo a neng a opelela kgosi dipina tsa khutsafalo. (2 Ditir. 35:25) Eno e ne e le nako ya matshwenyego, mme ditšhaba tse di ba dikologileng tse di neng di lwa di ne di dira gore go se ka ga nna le kagiso mo Juda. Dipuso tse di neng di itaana ka noga e tshela—Egepeto, Asiria le Babelona—di ne di lwela go busa kgaolo eo. Mme maemo a bodumedi a mo Juda a ne a fetoga fa Josia a sena go swa. Seo e ne e le bokhutlo jwa puso e e ratang tiro ya ga Jeremia mme go simologa puso e e sa rateng tiro ya gagwe. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona mo motlheng ono ba ile ba diragalelwa ke diphetogo tse di tshwanang le tseo, kwa tshimologong ba obamela ka kgololesego mme moragonyana ba bo ba bogisiwa le go thibelwa. Go ka nna ga direga gore go ise go ye kae bangwe ba rona ba lebane le diphetogo tse di tshwanang le tseo! Seo se tla re ama jang? Re ka nna ra tshwanelwa ke go dira eng gore re nne re ikanyega? Re ntse re akantse ka dipotso tseo, re tla thusiwa thata ke go ela tlhoko mathata a Jeremia a neng a lebana le one ka katlego.

JOSIA—KGOSI YA BOFELO E E MOLEMO YA JUDA

Setshwantsho mo go tsebe 20

Fa Amone a sena go swa, morwawe e bong Josia o ne a nna kgosi kwa Juda a na le dingwaga di le robedi. Fa a ne a le dingwaga di le 15, o ne a simolola go batla Modimo le go “tsamaya mo tseleng yotlhe ya ga Dafide rraagwemogologolwane.” Fa a le dingwaga di le 19, o ne a simolola go tlosa mafelo a kobamelo ya maaka mo Juda le mo Iseraele mme a thuba medingwana ya bone. Fa a le dingwaga di le 25, o ne a simolola go baakanya tempele ya ga Jehofa.—2 Dikg. 21:19–22:2; 2 Ditir. 34:2-8.

Fa go ntse go tsosolosiwa tempele, go ne ga fitlhelwa buka ya Molao e e neng e kwadilwe ke Moshe mme e ne ya balelwa Josia. O ne a ikokobetsa, a gagola diaparo tsa gagwe a bo a lela. Josia o ne a rulaganya gore baperesiti, Balefi le batho botlhe ba a neng a ba busa, ba bannye le ba bagolo, ba tle go reetsa fa buka eno e balwa. Pego ya re kgosi e ne ya dira kgolagano ya “go sala Jehofa morago le go boloka ditaelo tsa gagwe . . . ka pelo yotlhe ya yone le ka moya otlhe wa yone.” Morago ga moo, Josia o ne a rulaganya letsholo le legolo la go tlosa kobamelo yotlhe ya maaka. Gape kgosi e ne ya direla Jehofa moletlo o mogolo wa Tlolaganyo, mme go ne go ise go tshwarwe moletlo o o tshwanang le oo fa e sa le mo motlheng wa ga Samuele.—2 Ditir. 34:14–35:19.

11. Go ne ga direga eng mo Juda morago ga loso lwa ga Josia?

11 Baagi ba Juda ba ne ba tlhoma morwa Josia e bong Jehoahase gore e nne kgosi mo Jerusalema. Jehoahase, yo gape a neng a bidiwa Shalume, o ne a busa dikgwedi di le tharo fela. Fa Faro Neko a boa kwa borwa a tswa go tlhabana le Bababelona, o ne a tlosa kgosi eno e e sa tswang go tlhomiwa a bo a e isa kwa Egepeto, mme Jeremia o ne a bolela gore Jehoahase “ga a na go tlhola a boa.” (Jer. 22:10-12; 2 Ditir. 36:1-4) Mo boemong jwa gagwe, Neko o ne a tlhoma mongwe wa barwa ba ga Josia e bong Jehoiakime. Jehoiakime ga a ka a latela sekao se se molemo sa ga rraagwe. Ga a ka a tswelela ka diphetogo tse rraagwe a neng a di dira, go na le moo o ne a obamela medingwana.—Bala 2 Dikgosi 23:36, 37.

12, 13. (a) Maemo a bodumedi a ne a ntse jang kwa tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime? (b) Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ile ba tshwara Jeremia jang?

12 Mo tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime, Jehofa o ne a laela Jeremia gore a ye kwa tempeleng mme a kgale phatlalatsa boikepo jo Bajuda ba neng ba bo dira. Ba ne ba akanya gore tempele ya ga Jehofa e na le maatla mangwe a masaitsiweng a a neng a ka ba sireletsa. Mme gone, fa ba ne ba sa tlogele mekgwa ya bone ya ‘go utswa, go bolaya le go dira boaka le go ikana ka maaka le go kuisetsa Baale mosi wa setlhabelo le go sala medimo e mengwe morago,’ Jehofa o ne a tla latlha tempele ya gagwe. Gape o ne a tla latlha le baitimokanyi ba ba neng ba obamela mo go yone, fela jaaka a ile a latlha motlaagana kwa Shilo mo motlheng wa ga Moperesiti yo Mogolo e bong Eli. Naga ya Juda e ne e se kitla “e nna sepe fa e se lefelo le le swafetseng.” (Jer. 7:1-15, 34; 26:1-6)a Ruri Jeremia o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a bolele molaetsa oo! Mme go bonala a ile a o bolela phatlalatsa fa pele ga batho ba ba tlotlegang le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe mo motlheng wa rona le bone ba ile ba ikutlwa ba tlhoka bopelokgale gore ba kgone go neela bosupi mo mmileng kgotsa go bua le batho ba ba humileng kgotsa ba ba tlotlegang. Mme gone, re ka tlhatswega pelo ka seno: Ga re belaele gore Modimo o tla re ema nokeng, fela jaaka a ile a ema Jeremia nokeng.—Baheb. 10:39; 13:6.

Setshwantsho mo go tsebe 22

13 Maemo a bodumedi le a dipolotiki a a neng a rena mo Juda a ne a tla dira gore baeteledipele ba bodumedi ba itshware jang fa ba utlwa molaetsa wa ga Jeremia? Moporofeti yono o ne a re, “baperesiti le baporofeti le batho botlhe [ba ne ba ntshwara], ba re: ‘Ruri o tla swa.’” Ba ne ba galefile thata, ba re: “Monna yo o tshwanelwa ke katlholo ya loso.” (Bala Jeremia 26:8-11.) Le fa go ntse jalo, baba ba ga Jeremia ga ba a ka ba atlega. Jehofa o ne a eme moporofeti wa gagwe nokeng gore a mo golole. Fa e le Jeremia ene, ga a ka a itetla go tshosiwa ke baganetsi ba gagwe ba go neng go lebega ba galefile e bile ba le bantsi. Le wena ga o a tshwanela go tshoga.

O akanya gore maemo a a neng a le teng fa go ne go busa Manase, Amone le Josia a ne a farologana jang? O ka ithuta thuto efe mo tseleng e Jeremia a neng a lebana ka yone le kabelo ya gagwe e e gwetlhang?

“O KWALE . . . MAFOKO OTLHE”

14, 15. (a) Ke tiro efe e Jeremia le mokwaledi wa gagwe e bong Baruke ba neng ba e simolola mo ngwageng wa bonè wa puso ya ga Jehoiakime? (b) Jehoiakime e ne e le motho yo o ntseng jang? (Bona lebokose le le mo go tsebe 25.)

14 Mo ngwageng wa bonè wa puso ya ga Jehoiakime, Jehofa o ne a bolelela Jeremia gore a kwale mafoko otlhe a a neng a a buile le ene go tloga mo metlheng ya ga Josia. Ka jalo, Jeremia o ne a bolelela mokwaledi wa gagwe e bong Baruke mafoko otlhe a Jehofa a neng a mmoleletse one mo dingwageng di le 23 tse di fetileng. Melaetsa ya gagwe ya katlholo e ne e amana le dikgosi dingwe di ka nna 20 le magosi a tsone. Jeremia o ne a laela Baruke gore a balele momeno ono kwa godimo mo ntlong ya ga Jehofa. Boikaelelo jwa seo e ne e le bofe? Jehofa o ne a re: “Gongwe ba ntlo ya Juda ba tla reetsa masetlapelo otlhe a ke akanyang go a dira mo go bone, ka maikaelelo a gore ba boe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le gore ke tle ke itshwarele tlolo ya bone le boleo jwa bone.”—Jer. 25:1-3; 36:1-3.

15 Fa modiredimogolo wa kgotla a balela Jehoiakime momeno oo, kgosi e ne ya o segaka mme ya o fisa. Go tswa foo e ne ya laela gore Jeremia le Baruke ba tlisiwe fa pele ga yone. “Mme Jehofa [o ne] a ba tlogela ba ntse ba fitlhilwe.” (Bala Jeremia 36:21-26.) Ka ntlha ya boitshwaro joo jo bo sa siamang jwa ga Jehoiakime, Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe go bolela gore kgosi e ne e “tla fitlhwa ka phitlho ya esele e tonanyana.” E ne e tla “gogwagogwa le go latlhwa, ka kwa ntle ga dikgoro tsa Jerusalema.” (Jer. 22:13-19) A o akanya gore go siame go tsaya fela gore Jeremia o ne a feteletsa dilo mme go itlhokomolosiwe boporofeti jono jwa gagwe jo bo tshosang?

16. Jeremia o ne a bolela molaetsa ofe o o nayang tsholofelo?

16 Le fa gone Jeremia a ne a bolela melaetsa e e ntseng jalo ya katlholo, o ne a sa bue fela ka masetlapelo. Gape o ne a bolelela pele molaetsa o o nayang batho tsholofelo. Jehofa o ne a tla golola masalela a Iseraele mo babeng ba bone mme a ba busetse kwa nageng ya bone, kwa ba neng ba tla nna gone ka polokesego. Modimo o ne a tla dira ‘kgolagano e ntšha le e e sa khutleng’ le batho ba gagwe a bo a kwale molao wa gagwe mo dipelong tsa bone. O ne a tla ba itshwarela diphoso tsa bone le go lebala maleo a bone. Mo godimo ga moo, setlogolo sa ga Dafide se ne se tla “diragatsa tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng.” (Jer. 31:7-9; 32:37-41; 33:15) Boporofeti jono bo ne bo tla direga mo dingwageng tse di neng di tla latela, mme tiragatso ya jone e ama matshelo a rona e bile e ka re naya tsholofelo ka isagwe. Mme gone, mo motlheng wa ga Jeremia, baba ba Juda ba ne ba ntse ba lwa.—Bala Jeremia 31:31, 33, 34; Bahebera 8:7-9; 10:14-18.

BABELONA E NNA LE MAATLA

17, 18. Go ne go direga eng mo ditšhabeng tse dingwe kwa bofelong jwa puso ya ga Jehoiakime le ya ga Sedekia?

17 Ka 625 B.C.E., Bababelona le Baegepeto ba ne ba lwa ntwa ya makgaolakgang kwa Karakemishe, gaufi le Noka ya Euferatese, dikilometara di ka nna 600 kwa bokone jwa Jerusalema. Kgosi Nebukadenesare o ne a fenya mophato wa masole wa ga Faro Neko, mme seo sa dira gore Egepeto e se tlhole e nna le taolo. (Jer. 46:2) Jaanong Nebukadenesare o ne a laola Juda, mme Jehoiakime o ne a patelesega go nna motlhanka wa gagwe. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le tharo Jehoiakime o ne a mo tsuologela. (2 Dikg. 24:1, 2) Ka ntlha ya seo, Nebukadenesare le mephato ya gagwe ba ne ba tsena mo Juda ka 618 B.C.E. mme ba dikaganyetsa Jerusalema. Akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ne go le thata jang ka nako eo, tota le mo moporofeting wa Modimo e bong Jeremia. Go bonala Jehoiakime a ile a swa mo nakong eo.b Morwawe e bong Jehoiakine o ne a ineela mo Bababeloneng morago ga go busa Juda dikgwedi di le tharo fela. Nebukadenesare o ne a tsaya dikhumo tsotlhe tse di neng di le mo Jerusalema mme Jehoiakine, malapa a kgosi le a batlotlegi ba Juda, banna ba ba nonofileng ba motse le badiri ba one ba ba ditswerere, ba isiwa botshwarwa. Bangwe ba batshwarwa bano e ne e le Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria.—2 Dikg. 24:10-16; Dan. 1:1-7.

18 Jaanong Nebukadenesare o ne a tlhoma morwa yo mongwe wa ga Josia e bong Sedekia gore a nne kgosi mo Juda. E ne e tla nna ene kgosi ya bofelo ya losika lwa ga Dafide. Puso ya gagwe e ne ya fela fa Jerusalema le tempele ya yone di senngwa ka 607 B.C.E. (2 Dikg. 24:17) Mme gone, mo dingwageng di le 11 tse a busitseng ka tsone, go ne go na le dikgotlhang tse dintsi tsa selegae le tsa dipolotiki mo Juda. Go bonala sentle gore Jeremia o ne a tshwanelwa ke go ikanya Ene yo a neng a mo tlhomile gore e nne moporofeti.

JEHOIAKIME—KGOSI E E NENG YA BOLAYA MOPOROFETI WA GA JEHOFA

Setshwantsho mo go tsebe 25

Jehoiakime o simolotse go busa Juda a le dingwaga di le 25, mme o ne a busa dingwaga di ka nna 11. Pego e e sobokantsweng mo go 2 Ditiragalo 36:5-8, e tlhalosa gore dilo tse a neng a di dira di ne di se bosula fela, mme e ne e le “dilo tse di makgapha.” Jehoiakime o ne a itlhokomolosa ditlhagiso tsa ga Jeremia mme a busa ka go tlhoka tshiamiso, a le bogagapa e bile e le mmolai. Fa moporofeti Urija a ne a bua molaetsa o o tshwanang le wa ga Jeremia, Jehoiakime o ne a laela gore a bolawe. Go bonala kgosi eno e ile ya swa fa Bababelona ba ne ba dikaganyeditse Jerusalema.—Jer. 22:17-19; 26:20-23.

19. Batho ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa molaetsa wa gagwe, mme ke eng fa seo se le botlhokwa mo go wena?

19 Akanya o le mo maemong a Jeremia a neng a le mo go one. Morago ga puso ya ga Josia, Jeremia o ne a bona fa go nna le tlhakatlhakano mo dipolotiking mme batho ba Modimo ba sa tlhole ba na le kamano e e siameng le ene. Mme o ne a itse gore maemo a tla senyegela pele. Batho ba motse wa gaabo ba ne ba mo raya ba re: “O se ka wa porofeta ka leina la ga Jehofa, gore o se ka wa bolawa ke seatla sa rona.” (Jer. 11:21) Tota le fa boporofeti jwa ga Jeremia bo setse bo diragala, Bajuda ba ne ba re: “Fa e le ka lefoko le o le buileng le rona mo leineng la ga Jehofa, ga re a go reetsa.” (Jer. 44:16) Mme gone, matshelo a batho a ne a le mo kotsing, fela jaaka go ntse le gompieno. Molaetsa o o o bolelang o tswa kwa go Jehofa, fela jaaka wa ga Jeremia. Ka jalo, go sekaseka kafa Jehofa a neng a sireletsa ka gone moporofeti wa gagwe mo nakong ya pele Jerusalema e wa, go tla go thusa gore o tlhagafale le go feta mo bodireding.

Re ka ithuta eng mo tseleng e Jeremia a neng a itshwara ka yone ka nako ya puso ya ga Jehoiakime? Ke boporofeti bofe jo bo kgatlhang jo Jeremia a neng a bo bolela jo bo diregang le mo motlheng ono wa rona?

MALATSI A BOFELO A LOSIKA LWA SEGOSI

20. Ke eng fa go ne go le thata gore Jeremia a nne moporofeti mo pusong ya ga Sedekia? (Bona lebokose le le mo go tsebe 29.)

20 Gongwe dingwaga tse di thata go gaisa tsa fa Jeremia a ne a porofeta ke mo nakong ya puso ya ga Sedekia. Fela jaaka dikgosi tse dingwe tse dintsi tse di neng tsa busa pele ga gagwe, Sedekia le ene o ne “a tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (Jer. 52:1, 2) E ne e le motlhanka wa Bababelona, mme Nebukadenesare o ne a dira gore a ikane ka leina la ga Jehofa gore o tla ikobela kgosi ya Babelona. Le fa gone Sedekia a dirile maikano ao, fa nako e ntse e tsamaya o ne a tsuologa. Mo nakong eo, baba ba ga Jeremia ba ne ba mo gatelela gore a eme nokeng botsuolodi joo.—2 Ditir. 36:13; Esek. 17:12, 13.

21-23. (a) Ke makoko afe a a ganetsanang a a neng a le teng mo Juda fa go ne go busa Sedekia? (b) Jeremia o ne a tshwarwa jang ka ntlha ya se a neng a se dira, mme o ka ithuta eng mo go seo?

21 Go bonala mo tshimologong ya puso ya ga Sedekia go ne ga tla barongwa bangwe mo Jerusalema ba tswa kwa dikgosing tsa Edoma, Moabe, Amona, Ture le Sidona. Gongwe ba ne ba batla go tlhotlheletsa Sedekia gore a ba eme nokeng mo boikaelelong jwa bone jwa go nna kgatlhanong le Nebukadenesare. Le fa go ntse jalo, Jeremia o ne a rotloetsa Sedekia gore a ikobele puso ya Babelona. Gape o ne a dira seo ka go naya barongwa bano mepako ya jokwe, e le go bontsha gore ditšhaba tsa bone le tsone di tshwanetse go direla Bababelona. (Jer. 27:1-3, 14)c Batho ga ba a ka ba rata se Jeremia a se dirileng, mme Hanania o ne a thatafaletsa Jeremia dilo le go feta. Hanania e ne e le moporofeti wa maaka yo o neng a tlhomamisetsa batho phatlalatsa a dirisa leina la Modimo gore ba ne ba tla gololesega mo jokweng ya Bababelona. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Jeremia go bolela gore mo sebakeng sa ngwaga, motsietsi yono e bong Hanania o tla swa. Mme go ne ga nna fela jalo.—Jer. 28:1-3, 16, 17.

22 Jaanong Juda e ne e kgaogane, e na le makoko a a ganetsanang—ba ba neng ba dumalana le kgang ya gore go ineelwe mo pusong ya Babelona le ba ba neng ba rotloetsa botsuolodi. Ka 609 B.C.E., Sedekia o ne a tsuologa ka gore a batle thuso ya sesole kwa Egepeto. Jaanong Jeremia o ne a tshwanelwa ke go emelana le tlhakatlhakano e e neng ya runya mo setšhabeng ka ntlha ya batho ba ba neng ba ema botsuolodi joo nokeng. (Jer. 52:3; Esek. 17:15) Nebukadenesare le mephato ya gagwe ba ne ba boela kwa Juda gore ba fedise botsuolodi joo, ba fenya metse yotlhe ya Juda ba bo ba dikaganyetsa Jerusalema gape. Molaetsa o Jeremia a neng a o bolela ka nako eo e e thata, a o bolelela Sedekia le batho ba gagwe, e ne e le gore Jerusalema e tla senngwa ke Bababelona. Ba ba neng ba tla sala mo motseng ba ne ba tla swa. Mme ba ba neng ba tla ya kwa Bakaladieng ba ne ba tla falola.—Bala Jeremia 21:8-10; 52:4.

23 Dikgosana tsa Juda di ne tsa bolela gore Jeremia o ema Bababelona nokeng. Fa a ba bolelela boammaaruri, ba ne ba mo itaya mme ba mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo. (Jer. 37:13-15) Mme gone Jeremia ga a ka a tlhofofatsa molaetsa wa ga Jehofa. Ka jalo, dikgosana di ne tsa tlhotlheletsa Sedekia gore a bolaye Jeremia. Ba ne ba latlhela moporofeti yono mo mogobeng o o se nang metsi gore a nwelelele mo lorageng. Mme Ebede-meleke, monna wa Moethiopia yo o direlang mo ntlong ya kgosi, o ne a mo falotsa. (Jer. 38:4-13) Le mo motlheng wa rona, gantsi batlhanka ba Modimo ba ile ba tshwanelwa ke go lebana le maemo a a kotsi ka gonne ba gana go nna le seabe mo dikgannyeng tsa dipolotiki ka ntlha ya segakolodi sa bone! Ga go pelaelo gore se se diragaletseng Jeremia se ka go nonotsha gore o lebane le diteko o bo o di fenye.

SEDEKIA—KGOSI YA BOFELO YA JUDA

Setshwantsho mo go tsebe 29

Sedekia e ne e le legatlapa, a sa tlhomama, e le kgosi e e laolwang ke dikgosana tsa yone le ke poifo. Lekgetlo la bofelo fa Bababelona ba ne ba dikaganyeditse Jerusalema, Sedekia o ne a kopa kaelo ya Modimo mo go Jeremia. Le fa go ntse jalo, fa kgosi e ne e laelwa gore e ineele, e ne ya gana go reetsa taelo eo. Sedekia o ne a tsenya Jeremia mo kgolegelong gonne a sa rate molaetsa o a neng a mmolelela one. (Jer. 21:1-9; 32:1-5) Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya tswelela e ikgolaganya le Jeremia mo sephiring gonne e ne e sa batle go kgopisa dikgosana tsa Juda. Fa ba ne ba batla gore Jeremia a bolawe, Sedekia o ne a ineela fela a tshogile, a re: “O mo diatleng tsa lona. Gonne ga go na sepe gotlhelele se kgosi e ka lo fenyang mo go sone.” Fa Jeremia a sena go falola loso, kgosi e ne ya ikgolaganya gape le ene mme ya mmolelela gore e ne e boifa gore batho ba ne ba tla e tshwara makgwakgwa fa e ka ikobela Modimo.—Jer. 37:15-17; 38:4, 5, 14-19, 24-26.

Le fa go ntse jalo, Sedekia “o ne a se ka a ikokobeletsa moporofeti Jeremia . . . , mme a nna a thatafatsa thamo a kgwaralatsa pelo gore a se ka a boela kwa go Jehofa.”—2 Ditir. 36:12, 13; Esek. 21:25.

24. Tlhalosa se se diregileng ka 607 B.C.E.

24 Kgabagare Bababelona ba ne ba tsena mo Jerusalema ka 607 B.C.E., mme ba senya motse oo. Masole a ga Nebukadenesare a ne a fisa tempele ya ga Jehofa, a diga dipota tsa motse, a bo a bolaya batlotlegi ba Juda. Sedekia o ne a leka go tshaba, mme o ne a tshwarwa a bo a tlisiwa fa pele ga ga Nebukadenesare. Barwa ba ga Sedekia ba ne ba bolawa a ba lebile mme Nebukadenesare o ne a mo foufatsa, a mmofa, a bo a mo isa kwa Babelona. (Jer. 39:1-7) Ee, mafoko a ga Jeremia malebana le Juda le Jerusalema a ne a diragetse. Go na le gore moporofeti yono wa Modimo a ipele, o ne a hutsafalela masetlapelo a a wetseng batho ba gaabo. Tsela e a neng a ikutlwa ka yone e tlhalosiwa sentle mo bukeng ya Baebele ya Dikhutsafalo. Buka eno e tla re ama maikutlo thata fa re e bala.

SE SE NENG SA DIRAGALELA MASALELA A JUDA

25, 26. (a) Go ne ga direga eng fa Jerusalema e sena go senngwa? (b) Fa Jerusalema e sena go senngwa, batho ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa molaetsa wa gagwe?

25 Jeremia o ne a le kae fa dilo tseno tsotlhe di direga? Dikgosana tsa Jerusalema di ne di mo tsentse mo kgolegelong, mme Bababelona ba ba fentseng ba ne ba mmontsha bopelonomi, ba mo golola. Moragonyana, Jeremia o ne a kopanngwa le Bajuda bangwe ba ba neng ba isitswe kwa botshwarwa, mme o ne a gololwa. Go ne go na le dilo tse dintsi tse a neng a sa ntse a tshwanelwa ke go di dira; o ne a tshwanetse go thusa bafalodi. Nebukadenesare o ne a tlhoma Gedalia gore e nne molaodi mo nageng eo e e fentsweng, mme a solofetsa Bajuda ba ba setseng koo gore ba tla nna ka kagiso fela fa ba mo direla. Le fa go ntse jalo, Bajuda bangwe ba ba sa kgotsofaleng ba ne ba lobela Gedalia dintsi. (Jer. 39:13, 14; 40:1-7; 41:2) Jeremia o ne a rotloetsa masalela a Bajuda gore a tswelele a nna mo nageng eo mme a se ka a tshaba kgosi ya Babelona. Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba bone ba ne ba re Jeremia ke moaki mme ba tshabela kwa Egepeto. Ba ne ba tsaya Jeremia le Baruke ka dikgoka mme ba tshaba le bone. Mme gone, Jeremia o ne a porofeta gore le yone naga eo Nebukadenesare o tla e tlhasela a bo a e fenye mme batshabi ba Bajuda ba welwe ke masetlapelo.—Jer. 42:9-11; 43:1-11; 44:11-13.

26 Le mo lekgetlong leno, batho ba gaabo Jeremia ga ba a ka ba reetsa moporofeti wa boammaaruri wa Modimo. Ka ntlha yang? Ba ne ba re: “Go tloga ka nako e re kgaoditseng go kuisetsa ‘kgosigadi ya magodimo’ mosi wa setlhabelo ka yone le go mo tshelela ditshupelo tsa senō re tlhaetse sengwe le sengwe, mme re fedisitswe ka tšhaka le ka leuba.” (Jer. 44:16, 18) Seno se bontsha sentle gore ruri batho ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba se na kamano e e molemo le Modimo! Kafa letlhakoreng le lengwe, ruri go tshwanetse ga re kgothatsa go itse gore motho yo o sa itekanelang a ka kgona go nna a ikanyega mo go Jehofa le fa a tshela le batho ba ba sa ikanyegeng!

27. Ke eng se re se itseng ka dingwaga tsa bofelo tsa fa Jeremia a ne a porofeta?

27 Tiragalo ya bofelo e Jeremia a e kwadileng—go gololwa ga ga Jehoiakine mo kgolegelong, a gololwa ke motlhatlhami wa ga Nebukadenesare e bong Efile-merodake—e diregile ka 580 B.C.E. (Jer. 52:31-34) Ka nako eo, Jeremia o tshwanetse a bo a ne a na le dingwaga di ka nna 90. Ga re tlhomamisege gore botshelo jwa gagwe bo ne jwa felela jang. A ka tswa a ne a le kwa Egepeto mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo mme o ile a swela teng a ikanyega, a diretse Jehofa tirelo e e kgethegileng ka dingwaga di ka nna 67. O ne a direla Modimo ka nako ya fa kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwa le mo dingwageng tse dintsi tsa fa go ne go rena botlhanogi. Go na le batho bangwe ba ba boifang Modimo ba ba ileng ba mo reetsa. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ile ba gana molaetsa wa gagwe, mme ba bontsha phatlalatsa gore ba mo tlhoile. A seo se ne se raya gore Jeremia ga a dira tiro ya gagwe sentle? Nnyaa le e seng! Go tloga fela kwa tshimologong ya tirelo ya gagwe, Jehofa o ne a mo reile a re: “Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena.’” (Jer. 1:19) Gompieno, rona Basupi ba ga Jehofa re neilwe taelo e e tshwanang le ya ga Jeremia. Ka jalo, re ka lebelela gore batho ba tla itshwara ka tsela e e tshwanang. (Bala Mathaio 10:16-22.) Jaanong, re ka ithuta eng mo go Jeremia, mme re tshwanetse go dira bodiredi jwa rona jang? A re sekasekeng dipotso tseno.

Go ne ga direga eng ka Sedekia le setšhaba sa gagwe se se neng sa gana go reetsa molaetsa wa ga Jeremia? O akanya eng ka Jeremia?

a Tsela e Jeremia 7:1-15 le 26:1-6 di tshwanang ka yone, e dirile gore bangwe ba akanye gore dipego tseo ka bobedi di bua ka tiragalo e le nngwe.

b Daniele 1:1, 2 ya re Jehofa o ne a tsenya Jehoiakime mo seatleng sa ga Nebukadenesare mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime, gongwe ka nako ya fa e ne e le motlhanka wa ga Nebukadenesare. Gongwe seno se raya gore kgosi e ile ya swa fa Jerusalema, e kgabagare e ileng ya fenngwa, e ne e dikaganyeditswe. Baebele ga e tlhomamise pego ya ga Josephus ya gore Nebukadenesare o ne a bolaya Jehoiakime mme a laela gore a se ka a fitlhwa le gore setopo sa gagwe se latlhelwe kwa ntle ga dipota tsa Jerusalema.—Jer. 22:18, 19; 36:30.

c Go umakiwa ga ga Jehoiakime mo go Jeremia 27:1 e ka tswa e le phoso e e dirilweng ke mokwadi, ka gonne temana ya bo3 le ya bo12 di bua ka Sedekia.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela