LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ll karolo 9 ts. 20-21
  • Paradaise e Tla Tla Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Paradaise e Tla Tla Leng?
  • Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Paradaise e Gaufi!
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Karolo 9
    Reetsa Modimo
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Botshelo jo bo Botoka—Bo Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
ll karolo 9 ts. 20-21

KAROLO 9

Paradaise e Tla Tla Leng?

Mathata a a leng teng mo lefatsheng a bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tsaya kgato. Luke 21:10, 11; 2 Timotheo 3:1-5

Mathata a a leng gone mo metlheng ya bofelo—go betšha, ntwa, bolwetse, ditlhaelo tsa dijo, go se utlwe batsadi le go sotliwa mo lelapeng

Baebele e ne ya bolelelapele ka dilo di le dintsi tse di diregang gompieno. E ne ya re batho e tla nna barati ba madi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba bogale le barati ba menate.

Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, dintwa, ditlhaelo tsa dijo le go anama ga malwetse. Dilo tseo di a direga gone jaanong.

Mosupi wa ga Jehofa o rerela monna mongwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi

Gape Jesu o ile a re dikgang tse di molemo tse di kaga Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

Bogosi bo tla tlosa dilo tsotlhe tse di bosula. 2 Petere 3:13

Baikepi ba a senngwa ka nako ya ntwa ya Haramagedona, go tswa foo Satane le madimona a gagwe ba a otlhaiwa

Go ise go ye kae, Jehofa o tla senya batho botlhe ba ba bosula.

Satane le badimona ba gagwe ba tla otlhaiwa.

Jesu o dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kwa legodimong mme batho ba ditso tse di farologaneng ba itumetse

Ba ba utlwang Modimo ba tla falolela mo lefatsheng le le siameng le lesha, le go tla bong go sa tlhole go na le poifo mo go lone, lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone ba tshepanang le go ratana.

  • Jesu o ile a re go tla direga eng mo motlheng wa rona?—Mathaio 24:3-14.

  • Batho ba ba bosula ba tla nyelediwa.—2 Petere 3:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela