LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/15 ts. 4-7
  • Botshelo jo bo Botoka—Bo Gaufi!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jo bo Botoka—Bo Gaufi!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jo bo Botoka—Bo Tla Tla Leng?
  • Botshelo jo bo Botoka—Bo Tla Tla Jang?
  • Se o Tlhokang go se Dira
  • Paradaise e Gaufi!
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Boikaelelo jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Paradaise e Tla Tla Leng?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/15 ts. 4-7

Botshelo jo bo Botoka—Bo Gaufi!

AKANYA ka molepaloapi yo mo e ka nnang ka dinako tsotlhe seemo sa loapi se nnang fela jaaka a ne a lepile. Fa mo dikgannyeng tsa maitseboa a bolela gore pula e tla na letsatsi le le latelang, fa o tswa mo ntlong moso o o latelang o tsaya sekhukhu o sa etsaetsege. Tepo ya gagwe ya nako e e fetileng e dirile gore o mo ikanye. O dira dilo go dumalana le se a se bolelang.

Jaanong, tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla tlisa botshelo jo bo botoka mo lefatsheng la paradaise e ka ikanngwa go le kana kang? Gone, dilo tse a di buileng mo nakong e e fetileng di supa eng? Go diragadiwa ga boperofeti jwa Baebele ruri go nonotsha rekoto ya ga Jehofa. Ke Modimo o o se keng o tlhoka go nepa le go bua boammaaruri. (Jošua 23:14; Isaia 55:11) Ditsholofetso tsa ga Jehofa Modimo di ikanyega tota mo e leng gore ka dinako tse dingwe o bua ka ditiragalo tse a di solofetsang mo isagweng jaaka e kete di setse di diragetse. Ka sekai, morago ga tsholofetso ya gagwe ya lefatshe le lesha le le tla bong le sa tlhole le na le loso le selelo, re bala jaana: “A dirafetse [masego a a solofeditsweng].” Ka mafoko a mangwe, “Ke boammaaruri!”—Tshenolo 21:5, 6, bona ntlhanyana e e kwa tlase go NW.

Ee, go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa nako e e fetileng go re naya tsholofelo ya gore re tla bona tsholofetso ya gagwe ya gore batho ba tla nna le botshelo jo bo botoka. Mme lefa go ntse jalo botshelo jo bo botoka jono bo tla tla leng?

Botshelo jo bo Botoka—Bo Tla Tla Leng?

Botshelo jo bo botoka thata bo gaufi le go tla! Re ka tlhomamisa ka seo ka gonne Baebele e bolela gore dilo tse dintsi tse di maswe di ne di tla diragala mo lefatsheng pele fela Paradaise e tlisa botshelo jo bo botoka. Dilo tse di maswe tseo di a diragala gone jaanong.

Ka sekai, Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna dintwa tse dikgolo. O ne a re: “Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Boperofeti jono bo diragetse. Mo dingwageng tsa go tloga ka 1914 go ya go 1945, go ile ga nna le dintwa tse pedi tsa lefatshe, mme tsa latelwa ke dintwa tse dingwe di le dintsi tse ditšhaba di ileng tsa lwa mo go tsone. “Ka kakaretso mo e ka nnang ngwaga le ngwaga, palo ya batho ba ba swang mo dintweng mo motlheng ono [fa e sale Ntwa ya Lefatshe II] e feta ya dintsho tsa mo lekgolong la bo19 la dingwaga go menagane gabedi le dintsho tsa mo lekgolong la bo18 go menagane gasupa.”—World Military and Social Expenditures 1993.

Go anama ga bolwetse le gone go supa gore botshelo jo bo botoka mo Paradaiseng bo gaufi. Jesu o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le ‘dikgogodi tsa bolwetse mo mafelong mangwe le mangwe.’ (Luke 21:11) A boperofeti jono bo diragetse? Ee. Morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, foluu ya Sepanishe e ne ya bolaya batho ba feta dimilione tse 20. Fa e sale ka nako eo, kankere, bolwetse jwa pelo, malaria, AIDS, le malwetse a mangwe a ile a bolaya batho ba le dimilionemilione. Mo dinageng tse di tlhabologang, malwetse a a bakwang ke metsi a a leswe (go akaretsa letshololo le dibokwana tsa mala) a bolaya dimilione tsa batho ngwaga le ngwaga.

Gape Jesu o ne a re: “Go tla nna meswele.” (Mathaio 24:7) Jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, bahumanegi ba lefatshe ga ba na dijo tse di lekaneng. Eno ke karolo e nngwe ya bosupi jwa gore botshelo jo bo botoka thata jwa mo Paradaiseng bo tla tloga bo tla.

“Go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe,” go ne ga rialo Jesu. (Luke 21:11) Seno le sone se diragetse mo motlheng wa rona. Fa e sale ka 1914 dithoromo tse di senyang tsa lefatshe di bolaile batho ba le dikete di le makgolokgolo.

Baebele gape ya re letshwao la ‘metlha ya bofelo’ e ne e tla nna go fetoga ga batho. Ba ne ba tla nna “baithati” le “barati ba madi,” le bana ba ne ‘ba se kitla ba utlwa batsadi ba bone.’ Batho ka kakaretso e ne e tla nna “barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-5) A ga o dumalane gore batho ba le bantsi ba ntse fela jaaka tlhaloso eno e bolela?

Fa batho ba ba ntseng ba oketsega ba ntse ba dira dilo tse di bosula, boikepo bo a oketsega. Seno le sone se ne se boleletswe pele. Go ya ka Mathaio 24:12, Jesu o ne a umaka gore “boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse.” O tshwanetse wa bo o ka dumela gore gone jaanong bokebekwa bo maswe go feta jaaka bo ne bo ntse dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Gongwe le gongwe batho ba nna ba boifa gore ba tla thukuthiwa, ba tsiediwa, kana ba utlwisiwa botlhoko ka tsela nngwe fela.

Dintwa, malwetse a a anameng, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe, go gola ga bokebekwa, le go nnela maswe kwa pele ga ditirisano tsa batho—dilo tseno tsotlhe di teng gompieno, fela jaaka Baebele e boleletse pele. ‘A mme dilo tse di ntse di sa diragale mo hisitoring yotlhe ya motho?’ o ka botsa jalo. ‘Motlha wa rona o farologane ka eng?’

Go na le dilo dingwe tse di tlhomologileng tota ka se se diragalang gompieno. Baebele ga e bolele gore karolo epe e le nngwe, e e jaaka ditlhaelo tsa dijo, ka boyone fela e ne e tla nna bosupi jwa gore re mo motlheng wa bokhutlo le gore botshelo jo bo botoka bo gaufi. Boperofeti jwa Baebele kaga motlha wa bokhutlo bo ne bo tla diragadiwa mo losikeng lo lo boikepo.—Mathaio 24:34-39; Luke 17:26, 27.

Mo godimo ga moo, go thata go dumela gore dikarolo dingwe tsa boperofeti jwa ga Jesu—bogolo jang tse di malebana le go tlhaela ga dijo le go anama ga malwetse—di a diragala gompieno. Ka ntlha yang? Ka gonne saense e fitlhelela dilo tse dikgolo go feta lefa e le leng pele. Kitso ya bongaka le mefuta ya kalafi ga e ise e ko e tlhabologe jaana kana e aname jaana. Modimo ke ene fela a neng a ka bolelela pele mo Lefokong la gagwe, Baebele, gore ka nako eno, bolwetse le leuba di ne di tla nnela maswe kwa pele, e seng go tokafala.

E re ka boperofeti jotlhe jwa Baebele kaga motlha wa bokhutlo, kana ‘metlha ya bofelo,’ bo diragala, re ka swetsa ka go reng? Ka go re botshelo jo bo botoka bo gaufi! Mme bo tla tla jang?

Botshelo jo bo Botoka—Bo Tla Tla Jang?

A o akanya gore batho ba ka tlisa Paradaise? Mo hisitoring yotlhe, go tla go fitlha le mo motlheng wa rona, go ntse go na le mefuta e mentsi ya dipuso tsa motho. Dingwe tsa tsone di lekile thata go kgotsofatsa batho ka dilo tse ba di tlhokang. Lefa go ntse jalo, mathata a le mantsi a nnela maswe kwa pele. Mo dinageng tse di humileng mmogo le tse di sa humang, dipuso di tshwere phage ka mangana di lwantsha go sa dirisiwe ka tshwanelo ga diokobatsi, go tlhoka matlo a a siameng, lehuma, bokebekwa, go tlhoka ditiro, le dintwa.

Tota lefa dipuso di ne di ka rarabolola mangwe a mathata ano, di ne di ka se ka tsa fedisa malwetse gotlhelele; le fa e le go fedisa botsofe le loso. Go phepafetse gore batho le ka motlha ba ka se ka ba tlisa Paradaise mo lefatsheng leno.

Baebele e bolela jaana ka tshwanelo: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” Mme jaanong re ikanye mang? Baebele e araba jaana: “Go sego ene yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe.” (Pesalema 146:3, 5) Fa tsholofelo ya rona e le mo go Jehofa Modimo, ga re kitla re swabisiwa le ka motlha.

Kwantle ga pelaelo Ene yo o nang le botlhale le maatla a go bopa lefatshe, letsatsi le dinaledi gape a ka dira lefatshe paradaise. A ka dira gore batho ba kgone go itumelela botshelo jo bo botoka. Sengwe le sengwe se Jehofa Modimo a simololang go se dira, o ka kgona go se diragatsa e bile o tla se diragatsa. Lefoko la gagwe la re: “Ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.” (Luke 1:37) Mme Modimo o tla tlisa botshelo jo bo botoka jang?

Jehofa o tla tlisetsa batho botshelo jo bo botoka thata ka Bogosi jwa gagwe. Mme Bogosi jwa Modimo ke eng? Ke puso ya mmatota e e nang le Mmusi yo o tlhomilweng ke Modimo, Jesu Keresete. Bogosi jwa Modimo bo kwa legodimong, mme bo tla tloga bo tlisetsa batho ba ba nnang mo lefatsheng la Paradaise masego a a gakgamatsang le botshelo jo bo botoka thata.—Isaia 9:6, 7.

O ka tswa o setse o itse thapelo ya ga Jesu ya sekao, e e fitlhelwang mo Baebeleng mo go Mathaio 6:9-13. Karolo ya thapelo eo e e yang kwa Modimong ya re: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” Go dumalana le thapelo eo, Bogosi jwa Modimo bo tla ‘tla’ go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ka lefatshe. Le gone o ikaeletse gore lefatshe le nne paradaise.

Go tsoga potso nngwe ya bofelo: O tshwanetse wa dira eng gore o itumelele botshelo jo bo botoka mo Paradaiseng e e tlang?

Se o Tlhokang go se Dira

Jehofa Modimo ka lorato o solofetsa batho botlhe ba ba dirang thato ya gagwe botshelo jo bo botoka mo Paradaiseng. Baebele e re bolelela jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Mme ke eng se se dirang gore Modimo a lebe motho jaaka yo o siameng?

Gore re itumedise Jehofa re tlhoka go ithuta mo go oketsegileng ka se a batlang re se dira. Fa re nna le kitso ka Modimo re bo re e dirisa mo matshelong a rona, re ka tshelela ruri. Jesu o ne a bolela jaana a rapela Modimo: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Buka e e re bolelelang kaga Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke Lefoko la Modimo, Baebele. Ke nngwe ya dimpho tsa ga Jehofa tse di tlhwatlhwakgolo thata. Baebele e tshwana le lokwalo lo rre yo o ratang bana ba gagwe a ba kwalelang lone. E re bolelela ka tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tlisetsa batho botshelo jo bo botoka gape e re bontsha gore re ka bo bona jang. Baebele e re itsise se Modimo a se dirileng mo nakong e e fetileng le se a tla se dirang mo isagweng. Gape e re neela kgakololo e e mosola ya kafa re ka rarabololang mathata a rona ka katlego ka teng gone jaanong. Eleruri, Lefoko la Modimo le re ruta gore re ka bona selekanyo se sennye sa boitumelo jang tota le mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego.—2 Timotheo 3:16, 17.

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go rulaganyetsa thuto ya mahala ya Baebele. Ithute gore o ka tshela jang botshelo jo bo itumetseng gone jaanong, o ntse o lebeletse botshelo jo bo itumedisang le go feta mo isagweng e e fa gaufi.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Boperofeti jwa Baebele bo bontsha gore botshelo jo bo botoka bo gaufi

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bogosi jwa Modimo bo tla tlisetsa batho botshelo jo bo botoka

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela