LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ll karolo 13 ts. 28-29
  • Re Tshwanetse go Dira Eng Gore re Itumedise Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tshwanetse go Dira Eng Gore re Itumedise Modimo?
  • Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsala Tsa Modimo ga di Dire se se Bosula
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Ditiro Tse Modimo o di Ilang
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Karolo 13
    Reetsa Modimo
  • Godisa Jehofa Jaaka Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
ll karolo 13 ts. 28-29

KAROLO 13

Re Tshwanetse go Dira Eng Gore re Itumedise Modimo?

Tila go dira bosula. 1 Bakorintha 6:9, 10

Dilo tse Modimo a di tlhoileng—go utswa, botagwa, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, go lwa, go rapela ditshwantsho le go obamela medingwana

Fa re rata Jehofa, ga re na re dira dilo tse a di tlhoileng.

Jehofa ga a batle gore re utswe, re tagwe kgotsa re dirise diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.

Modimo o tlhoile go bolaya, go senya mpa le go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Ga a batle gore re nne pelotshetlha kgotsa re lwe le ba bangwe.

Ga re a tshwanela go obamela medingwana kgotsa go ikamanya le tirisabadimo.

Mo lefatsheng le le tlang la Paradaise, go tla bo go se na batho ba ba dirang dilo tse di bosula.

  • Modimo a reng ka boselamose?—Duteronome 18:10-12.

  • Ke eng fa re sa tshwanela go obamela medimo ya disetwa?—Isaia 44:15-20.

Dira se se molemo. Mathaio 7:12

Dilo tse Modimo a di itumelelang—go rata ba bangwe, go ikanyega le go itshwarela ba bangwe

Gore re itumedise Modimo, re tshwanetse go leka go tshwana le ene.

Bontsha ba bangwe lorato ka go nna pelonomi le go nna pelotshweu.

Ikanyege.

Nna pelotlhomogi o bo o itshwarele.

Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba rerela monna mongwe

Bolelela ba bangwe ka Jehofa le ditsela tsa gagwe.—Isaia 43:10.

  • Etsa Jehofa.—1 Petere 1:14-16.

  • Bontsha lorato.—1 Johane 4:7, 8, 11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela