LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jl thuto 10
  • Kobamelo ya Lelapa ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kobamelo ya Lelapa ke Eng?
  • Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa Malapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Obamelang Jehofa lo le Lelapa
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
jl thuto 10

THUTO 10

Kobamelo ya Lelapa ke Eng?

Lelapa le tshwere kobamelo ya lelapa

Korea Borwa

Banyalani ba ithuta Baebele

Brazil

Mosupi wa ga Jehofa o ithuta Baebele

Australia

Lelapa le tlotla ka kgang nngwe ya Baebele

Guinea

Go tswa bogologolo Jehofa a ntse a batla gore lelapa le iphe nako ya go nna mmogo go inonotsha le go nonotsha kamano ya lone le ene. (Duteronome 6:6, 7) Ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba iphang nako ya go nna mmogo beke le beke mme ba tshware kobamelo ya lelapa—ba tlotla ba iketlile ka dikgang tsa semoya tse di tla ba nonotshang. Le fa o nna o le nosi, o ka dirisa tshono eo go ipha nako le Modimo, gongwe ka go tlhopha sengwe se o ka se dirang go go thusa go ithuta Baebele.

Ke nako ya go atamalana le Jehofa. “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Fa re ntse re ithuta mo go oketsegileng ka botho le ditiro tsa ga Jehofa mo Lefokong la gagwe, re kgona go mo itse botoka. Tsela e e motlhofo ya go simolola kobamelo ya lelapa ke ka go dirisa bontlhanngwe jwa nako ya lona lo balela Baebele kwa godimo, gongwe lo dirisa thulaganyo ya beke le beke ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi. Mongwe le mongwe mo lelapeng a ka abelwa karolo e e rileng ya mmalo, go tswa foo botlhe mo lelapeng ba ka tlotla ka se ba se ithutileng mo Dikwalong.

Ke nako ya gore maloko a lelapa a atamalane. Tsela e banna le basadi, batsadi le bana ba ratanang ka yone, e a nonofa fa ba ithuta Baebele mmogo e le lelapa. E tshwanetse go nna nako e e itumedisang, e go renang kagiso, e mongwe le mongwe mo lelapeng a itumelelang go nna teng mo go yone. Batsadi ba ka tlhopha ditlhogo tse ba ka tlotlang ka tsone, gongwe ba dirisa dikarolo dingwe tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! kgotsa tse di mo website ya rona ya jw.org, go ikaegile ka dingwaga tsa bana ba bone. Lo ka nna lwa tlotla ka bothata jo bana ba ileng ba lebana le jone kwa sekolong le gore ba ka bo fenya jang. Goreng lo sa lebe thulaganyo nngwe e e bontshiwang mo thelebisheneng ya JW Broadcasting (tv.jw.org) mme morago ga moo lo bo lo tlotla ka yone? Gongwe lo ka opela dipina tse di tla opelwang kwa dipokanong mme morago ga kobamelo ya lelapa lo itumelele dijonyana tse di motlhofo.

Nako eno e e kgethegileng e lelapa le e dirisang beke le beke go obamela Jehofa mmogo, e tla thusa botlhe go itumelela go ithuta Lefoko la Modimo, mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a lona fela thata.—Pesalema 1:1-3.

  • Ke ka ntlha yang fa re ipha nako ya go nna le kobamelo ya lelapa?

  • Batsadi ba ka dira jang gore tiragalo eno e nne e botlhe mo lelapeng ba e itumelelang?

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Botsa bangwe mo phuthegong gore bone ba dira eng fa ba tshwere kobamelo ya lelapa. Gape botsa gore ke dikgatiso dife tse di leng teng kwa Holong ya Bogosi tse o ka di dirisang go ruta bana ba gago ka Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela