LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 14 potso 1-4
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A Modimo O na Le Phuthego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?
    Tsogang!—2012
  • Kafa Phuthego e Rulagantsweng le go Kaelwa ka Teng
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 14 potso 1-4

THUTO 14

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?

1. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a tlhopha Baiseraele ba bogologolo go nna batho ba gagwe?

1. Batho ba Modimo kwa Iseraele wa bogologolo; 2. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba a rera

Modimo o ne a tlhopha ditlogolwana tsa tlhogo ya lotso e bong Aborahame mme a ba dira setšhaba. Go tswa foo o ne a ba naya melao. O ne a bitsa setšhaba seo “Iseraele” mme a se naya boikarabelo jwa go sireletsa kobamelo ya boammaaruri le lefoko la gagwe. (Pesalema 147:19, 20) Ka jalo, Iseraele e ne e tla thusa ditšhaba tsotlhe gore di solegelwe molemo.—Bala Genesise 22:18.

Modimo o ne a tlhopha Baiseraele gore ba nne basupi ba gagwe. Pego ya dilo tse di ba diragaletseng e bontsha kafa batho ba solegelwang molemo ka gone fa ba ikobela melao ya Modimo. (Duteronome 4:6) Ka jalo, batho ba bangwe ba ne ba tla kgona go itse Modimo ka Baiseraele.—Bala Isaia 43:10, 12.

2. Ke ka ntlha yang fa Modimo a batla gore batlhanka ba gagwe ba gompieno ba nne seoposengwe?

Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba se ka ba tlhola ba amogelwa ke Modimo, mme mo boemong jwa setšhaba seo, Jehofa o ne a itlhophela phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 21:43; 23:37, 38) Gone jaanong, mo boemong jwa Baiseraele, Bakeresete ba boammaaruri ke basupi ba ga Jehofa.—Bala Ditiro 15:14, 17.

Jesu o ne a rulaganya balatedi ba gagwe gore ba rere le go dira barutwa mo ditšhabeng tsotlhe. (Mathaio 10:7, 11; 24:14; 28:19, 20) Gone jaanong, mo bofelong jwa tsamaiso eno ya dilo, tiro eno e tla tloga e fitlha kwa bokhutlong jwa yone. Ke lekgetlo la ntlha mo hisitoring Jehofa a kopanya batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe mo kobamelong ya boammaaruri. (Tshenolo 7:9, 10) Bakeresete ba boammaaruri ke setlhopha sa batho ba ba seoposengwe, ba ba kgothatsanang le go thusana. Ba itumelela thulaganyo e e tshwanang ya go ithuta Baebele kwa dipokanong tsa bone mo lefatsheng lotlhe.—Bala Bahebera 10:24, 25.

3. Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya mo motlheng wa gompieno e simologile jang?

Ditshwantsho tsa Basupi ba ga Jehofa ba rera mo masimologong a bo1900 le gompieno; dikgatiso tsa dipuo tse di farologaneng tsa go ithuta Baebele.

Ka bo1870 setlhopha se sennye sa baithuti ba Baebele se ne sa simolola go bona boammaaruri jwa Baebele jo bo neng bo sa bolo go latlhega. Ba ne ba itse gore Jesu o ne a rulagantse phuthego ya Bokeresete gore e rere, ka jalo ba ne ba simolola letsholo la lefatshe lotlhe la go rera ka Bogosi. Ka 1931 ba ne ba simolola go ipitsa Basupi ba ga Jehofa.—Bala Ditiro 1:8; 2:1, 4; 5:42.

4. Tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e kaelwa jang?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le setlhopha sa banna ba ba godileng semoyeng, se se neng se kaela diphuthego tsa Bokeresete mo dinageng di le dintsi. Banna bao ba ne ba tsaya Jesu e le Tlhogo ya phuthego. (Ditiro 16:4, 5) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba kaelwa ke Setlhopha se se Laolang sa bagolwane ba ba nang le maitemogelo. Ba okametse diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa tse di ranolang, tse di gatisang le go anamisa dibuka tsa go ithuta Baebele ka dipuo tse di fetang 600. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se neela kgothatso ya Dikwalo le kgakololo mo diphuthegong tse di fetang 100 000 mo lefatsheng lotlhe. Mo phuthegong nngwe le nngwe go na le banna ba ba tshwanelegang ba ba direlang e le bagolwane kgotsa balebedi. Banna bao ba tlhokomela letsomane la Modimo ka lorato.—Bala 1 Petere 5:2, 3.

Basupi ba ga Jehofa ba rulaganyeditswe go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. Fela jaaka baaposetoloi, re rera ka ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Gape re batla batho ba tota ba ratang boammaaruri le go ithuta Baebele le bone. Mme gone, Basupi ba ga Jehofa ga se mokgatlho fela wa batho. Re lelapa le le nang le Rre yo o lorato. Re bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ratanang. (2 Bathesalonika 1:3) E re ka batho ba ga Jehofa ba rulaganyeditswe go itumedisa Jehofa le go thusa batho ba bangwe, ke lelapa le le itumetseng go gaisa mo lefatsheng.—Bala Pesalema 33:12; Ditiro 20:35.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 19 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela