LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 2/1 ts. 26-27
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • A Modimo O na Le Phuthego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?
    Tsogang!—2012
  • Jehofa ke Modimo wa Thulaganyo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 2/1 ts. 26-27

Ithute mo Lefokong la Modimo

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A na Le Phuthego?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a rulaganya Baiseraele go nna setšhaba?

Modimo o ne a rulaganya ditlogolwana tsa tlhogo ya lotso e bong Aborahame gore e nne setšhaba a bo a se naya melao. O ne a bitsa setšhaba seo Iseraele mme a se naya boikarabelo jwa go sireletsa kobamelo ya boammaaruri le Lefoko la gagwe, Dikwalo Tse di Boitshepo. (Pesalema 147:19, 20) Ka jalo, batho ba ditšhaba tsotlhe ba solegetswe molemo.—Bala Genesise 22:18.

Modimo o ne a tlhopha Baiseraele gore e nne basupi ba gagwe. Fa ba ne ba le kutlo, ba ne ba solegelwa molemo ke melao ya Modimo. (Duteronome 4:6) Fa re ithuta ka hisitori ya Baiseraele, re ka itse mo go oketsegileng ka Modimo wa boammaaruri.—Bala Isaia 43:10, 12.

2. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba rulagantswe go nna phuthego?

Fa nako e ntse e ya, Jehofa Modimo ga a ka a tlhola a amogela Baiseraele mme o ne a emisetsa setšhaba seo ka phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 21:43; 23:37, 38) Kwa tshimologong, Baiseraele e ne e le basupi ba Modimo. Jaanong, Bakeresete ba boammaaruri ke bone basupi ba ga Jehofa.—Bala Ditiro 15:14, 17.

Jesu o ne a rulaganya balatedi ba gagwe go nna setlhopha gore ba neye bosupi kaga Jehofa le go dira barutwa mo ditšhabeng tsotlhe. (Mathaio 10:7, 11; 24:14; 28:19, 20) Tiro eno e ya kwa bokhutlong. E le la ntlha, Jehofa o kopantse dimilione tsa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe mo kobamelong ya boammaaruri. (Tshenolo 7:9, 10) Gape Bakeresete ba boammaaruri ba rulagantswe gore ba kgothatsane le go thusana. Ba na le thulaganyo e e tshwanang ya thuto ya Baebele kwa dipokanong tsa bone mo lefatsheng lotlhe.—Bala Bahebera 10:24, 25.

3. Basupi ba ga Jehofa ba simologile jang mo motlheng wa gompieno?

Phuthego ya motlha wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa e simologile ka bo1870. Setlhopha se sennye sa baithuti ba Baebele se ne sa simolola go ribolola dintlha tsa boammaaruri jwa Baebele tse di neng di sa bolo go nna di fitlhegile. Ba ne ba itse gore Jesu o ne a rulagantse phuthego ya Bakeresete gore ba rere. Ka jalo ba ne ba simolola letsholo la go rera ka Bogosi mo ditšhabeng tsotlhe. Ka 1931 ba ne ba simolola go ipitsa Basupi ba ga Jehofa.—Bala Ditiro 1:8; 2:1, 4; 5:42.

4. Basupi ba ga Jehofa ba rulagantswe jang gompieno?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, diphuthego tsa Bakeresete mo dinageng di le dintsi di ne di thusiwa ke setlhopha se le sengwe fela se se laolang se se neng se tsaya Jesu e le Tlhogo ya phuthego. (Ditiro 16:4, 5) Ka tsela e e tshwanang, le Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tsaya Jesu e le Moeteledipele wa bone. (Mathaio 23:9, 10) Le bone ba thusiwa ke kaelo ya Setlhopha se se Laolang sa bagolwane ba ba nang le maitemogelo ba ba nayang diphuthego di feta 100 000 kgothatso le kaelo go tswa mo Dikwalong. Mo phuthegong nngwe le nngwe go na le banna ba ba tshwanelegang ba e leng bagolwane kgotsa balebedi. Banna bano ba tlhokomela letsomane la Modimo ka lorato.—Bala 1 Petere 5:2, 3.

Basupi ba ga Jehofa ba rulagantswe gore ba rere dikgang tse di molemo ba bo ba dire barutwa. E le gore ba thuse batho gongwe le gongwe, ba a ranola, ba gatise ba bo ba anamise dikgatiso tsa go ithuta Baebele ka dipuo di feta 500. Fela jaaka baaposetoloi, ba rera ka ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Ba ithaopela go ithuta Baebele le batho ba ba ratang boammaaruri ka pelo yotlhe. E re ka batho ba ga Jehofa ba tlhoma mogopolo mo go itumediseng Modimo le mo go thuseng ba bangwe, ke phuthego ya batho ba ba itumetseng.—Bala Pesalema 33:12; Ditiro 20:35.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 19 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela