LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 15 potso 1-4
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tswelela o Ithuta ka Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tswelela o Ithuta ka Jehofa?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Atamalana Jang le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ga go Na Botshelo jo bo Gaisang Jono
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • O Atamalane le Jehofa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • O ka Atamalana Jang le Modimo?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 15 potso 1-4

THUTO 15

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tswelela o Ithuta ka Jehofa?

1. O tla solegelwa molemo jang ke go tswelela o ithuta Baebele?

Basadi ba babedi ba ithuta Baebele ka nako ya dijo kwa tirong

Ga go pelaelo gore tshobokanyo eno ya dithuto tsa motheo tsa Baebele e nonotshitse tsela e o ratang Jehofa ka yone. Mme gone, lorato lono lo tlhoka go nna lo nonotshiwa. (1 Petere 2:2) Tsholofelo e o nang le yone ya botshelo jo bo sa khutleng e ikaegile ka gore o tswelele o atamalana le Modimo ka go ithuta Lefoko la Gagwe.—Bala Johane 17:3; Jude 21.

Fa kitso e o nang le yone ka Modimo e ntse e oketsega, tumelo ya gago e tla nonofa. Tumelo e tla go thusa go itumedisa Modimo. (Bahebera 11:1, 6) E tla go tlhotlheletsa gore o ikwatlhaye mme o dire diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa gago.—Bala Ditiro 3:19.

2. Kitso e o nang le yone ka Modimo e ka solegela ba bangwe molemo jang?

Mosadi o rapela Modimo

O ka nna le kamano e e kgethegileng le Jehofa

Ke ga tlholego gore o batle go bolelela ba bangwe se o se ithutileng—rotlhe re rata go bolelela ba bangwe dikgang tse di itumedisang. Fa o ntse o tsweletse ka go ithuta Baebele, o tla ithuta kafa o ka e dirisang ka gone go tlhalosa se o se dumelang ka Jehofa le ka dikgang tse di molemo.—Bala Baroma 10:13-15.

Batho ba le bantsi ba simolola go rera dikgang tse di molemo ka go bua le ditsala kgotsa ba losika. Fa o bua le bone, akanyetsa maikutlo a bone. Go na le go ba bolelela gore ba mo bodumeding jwa maaka, bua le bone ka ditsholofetso tsa Modimo. Gape se lebale gore gantsi batho ba kgatlhiwa ke tsela e e molemo e o itshwarang ka yone go feta se o se buang.—Bala 2 Timotheo 2:24, 25.

3. O ka ipelela kamano e e ntseng jang le Modimo?

Go ithuta Lefoko la Modimo go tla go thusa go gola semoyeng. Kgabagare o tla nna le kamano e e kgethegileng le Jehofa. O tla nna wa gagwe gonne o le leloko la lelapa la gagwe.—Bala 2 Bakorintha 6:18.

4. Ke eng se se ka go thusang gore o nne o gatele pele?

Go tswelela o ithuta Lefoko la Modimo go tla go thusa gore o gole semoyeng. (Bahebera 5:13, 14) Kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a ithute Baebele le wena ka buka ya, Baebele e re Ruta Eng? Fa o ntse o ithuta Lefoko la Modimo, botshelo jwa gago bo tla nna bo tokafala.—Bala Pesalema 1:1-3; 73:27, 28.

Basupi ba ga Jehofa ba buelela thuto ya Baebele

Dikgang tse di molemo di tswa kwa go Jehofa, Modimo yo o itumetseng. O ka kgona go atamalana le ene ka go atamalana le batho ba gagwe. (Bahebera 10:24, 25) Fa o ntse o dira maiteko a go itumedisa Jehofa, o tla bona botshelo jwa mmatota—botshelo jo bo sa khutleng. Go atamalana le Modimo ke sengwe sa dilo tse di molemo tse o ka di dirang.—Bala 1 Timotheo 1:11; 6:19.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 18 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela