LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 12/1 ts. 7
  • Ga go Na Botshelo jo bo Gaisang Jono

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ga go Na Botshelo jo bo Gaisang Jono
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Atamalane le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tswelela o Ithuta ka Jehofa?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • O Atamalane le Jehofa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 12/1 ts. 7
Monna a rapela

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA ATAMALANA LE MODIMO

Ga go Na Botshelo jo bo Gaisang Jono

O ka dirang gore o atamalane le Modimo? Re tlotlile ka dilo tse di latelang tse o ka di dirang gore o nne le kamano e e molemo le ene:

  1. Itse leina la Modimo, Jehofa, le go le dirisa.

  2. Bua le ene ka metlha ka thapelo le go ithuta Lefoko la gagwe, Baebele.

  3. Dira se se itumedisang Jehofa ka metlha.

Monna a rapela

Atamalana le Modimo ka go dirisa leina la gagwe, go mo rapela, go ithuta Lefoko la gagwe le go dira se se mo itumedisang

O akantse ka dilo tseno, a o ka re o dira se se tlhokegang gore o atamalane le Modimo? A o akanya gore go na le se o tshwanetseng go se tokafatsa? Gone ga se kgetse e potlana, mme diphelelo di molemo.

Jennifer wa mo United States a re: “Maiteko ape fela a motho a a dirang gore a nne le kamano e e molemo le Modimo a solegela molemo. Kamano eno e lere masego a mantsi: go ikanya Modimo go feta pele, go tlhaloganya botho jwa gagwe botoka mo godimo ga moo, go nna le lorato lo logolo. Tota ga go na botshelo jo bo gaisang jono!”

Fa o batla go nna le kamano e e molemo le Modimo, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa. Ba ka rulaganya go ithuta Baebele le wena mahala. E bile o lalediwa go ya kwa dipokanong tsa bone tsa Baebele kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kwa o tla kopanang le batho ba ba tsayang kamano ya bone le Modimo e le botlhokwa.a Fa o dira jalo, o tla ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a re: “Fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna.”—Pesalema 73:28.

a Fa o batla thuto ya Baebele kgotsa Holo ya Bogosi ya mo lefelong la lona, bua le motho yo o go neileng makasine ono kgotsa o tsene mo Web site ya rona mo www.jw.org/tn mme o lebe setlhogo sa IKGOLAGANYE LE RONA kwa tlase mo tsebeng eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela