LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 6 ts. 14-15
  • Dafide O ne A sa Boife

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dafide O ne A sa Boife
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dafide—Lebaka La go Bo a Ne a Sa Boife
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dafide le Goliathe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dafide le Goliathe
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 6 ts. 14-15

KAROLO 6

Dafide O ne A sa Boife

O dira eng fa o boifa?— Gongwe o kopa mama kgotsa papa gore a go thuse. Mme go na le motho yo mongwe yo o ka go thusang le wena. O na le maatla go gaisa batho botlhe. A o itse gore ke mang?— Ee, ke Jehofa Modimo. A re tlotle ka lekawana lengwe le go buiwang ka lone mo Baebeleng le le bidiwang Dafide. O ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa ka metlha, ka jalo, o ne a sa boife.

Go tloga ka nako ya fa Dafide a ne a le lesea, batsadi ba gagwe ba ne ba mo ruta go rata Jehofa. Seno se ile sa thusa Dafide gore a se ka a boifa fa a diragalelwa ke dilo tse di tshosang. O ne a itse gore Jehofa ke Tsala ya gagwe le gore o tla mo thusa. Ka nako nngwe, fa Dafide a ne a tlhokometse dinku, go ne ga tla tau e kgolo mme ya tshwara nku ka molomo wa yone! A o itse gore Dafide o ne a dira eng? O ne a latela tau eo mme go bonala a ile a e bolaya ka diatla tsa gagwe! Mme morago ga foo, dinku di ne tsa tlhaselwa ke bera, Dafide o ne a e bolaya le yone! O akanya gore ke mang yo o thusitseng Dafide?— Ee, e ne e le Jehofa.

Go na le nako e nngwe gape e Dafide a neng a le pelokgale ka yone. Baiseraele ba ne ba lwa le batho ba ba neng ba bidiwa Bafilisitia. Mongwe wa masole a Bafilisitia e ne e le monna yo moleele thata, e le mokaloba! Leina la gagwe e ne e le Goliathe. Mokaloba yono o ne a sotla masole a Baiseraele le Jehofa. Goliathe o ne a raya masole a Baiseraele a re ba tle go lwa le ene. Mme Baiseraele botlhe ba ne ba tshaba go mo lwantsha. Fa Dafide a utlwa ka seo, o ne a raya Goliathe a re: ‘Nna ke tla go lwantsha! Jehofa o tla nthusa mme ke tla go fenya!’ A o akanya gore Dafide o ne a le pelokgale?— Ee, o ne a le pelokgale thata. A o batla go itse gore go ile ga diragala eng morago ga foo?

Dafide o ne a tsaya motsekedi wa gagwe le maje a matlhano a a borethe mme a ya go lwantsha mokaloba yono. Fa Goliathe a bona gore Dafide o monnye jang, o ne a sotla Dafide. Mme Dafide o ne a mo raya a re: ‘O tla kwa go nna ka tšhaka mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa!’ Go tswa foo, a tsenya leje mo motsekeding wa gagwe a bo a tabogela kwa go Goliathe a mo kolopa ka lone. Leje le ne la itaya Goliathe mo gare ga matlho a gagwe! Mokaloba o ne a wela fa fatshe, a bo a swa! Bafilisitia ba ne ba tshoga thata mme ba sia botlhe. Go tlile jang gore Dafide yo e neng e le mosimanyana fela a kgone go fenya mokaloba?— Jehofa o ne a mo thusa mme Jehofa o ne a le maatla thata go gaisa mokaloba yoo!

Dafide o bolaya Goliathe

Dafide o ne a sa boife ka gonne o ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa

O ka ithuta eng mo kgannyeng ya ga Dafide?— Jehofa o maatla go gaisa batho botlhe. Mme ke Tsala ya gago. Ka jalo, mo nakong e e tlang fa o boifa, gakologelwa gore Jehofa a ka go thusa gore o nne pelokgale!

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • Pesalema 56:3, 4

  • 1 Samuele 17:20-54

DIPOTSO:

  • Dafide o ne a dira eng fa tau le bera di tlhasela dinku tsa gagwe?

  • Fa Goliathe a ne a sotla Jehofa, Dafide o ne a mo raya a reng?

  • Dafide o ne a fenya Goliathe jang?

  • Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a sa boife tau, bera le mokaloba?

  • O ka ithuta eng mo kgannyeng ya ga Dafide?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela