LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 40 ts. 98-ts. 99 ser. 2
  • Dafide le Goliathe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dafide le Goliathe
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dafide le Goliathe
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dafide O ne A sa Boife
    Ruta Bana ba Gago
  • Dafide—Lebaka La go Bo a Ne a Sa Boife
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 40 ts. 98-ts. 99 ser. 2
Dafide a konopa Goliathe ka leje

THUTO 40

Dafide le Goliathe

Jehofa o ne a raya Samuele a re: ‘Ya kwa ntlong ya ga Jese. Mongwe wa bana ba gagwe o tla nna kgosi e e latelang ya Iseraele.’ Ka jalo, Samuele o ne a ya kwa ntlong ya ga Jese. Fa a bona ngwana wa ga Jese wa ntlha o ne a re: ‘Gongwe lekawana leno ke lone le tlileng go nna kgosi.’ Mme Jehofa o ne a raya Samuele a re ga se ene. Jehofa o ne a re: ‘Ke bona se se mo pelong ya motho e seng tsela e a lebegang ka yone.’

Samuele a tshela Dafide oli mo tlhogong

Jese o ne a tlisa bana ba bangwe ba barataro. Mme Samuele o ne a re: ‘Jehofa ga a tlhopha ope wa bone. A ba feletse?’ Jese o ne a re: ‘Go na le yo mmotlana e bong Dafide. O ile go disa dinku.’ Fa Dafide a goroga, Jehofa o ne a raya Samuele a re: ‘Yono ke ene!’ Samuele o ne a tshela oli mo tlhogong ya ga Dafide, a mo tlhopha gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele.

Goliathe

Nako nngwe Baiseraele ba ne ba le kwa ntweng le Bafilisitia ba ba neng ba na le lesole la seganka le le bidiwang Goliathe. Goliathe o ne a nyatsa Baiseraele letsatsi le letsatsi. O ne a goa a re: ‘Romelang monna mongwe a tle go lwa le nna. Fa a ka fenya, re tla nna makgoba a lona; mme fa nka fenya, lo tla nna makgoba a rona.’

Dafide o ne a ya kwa kampeng ya sesole ya Baiseraele a isetsa bomogoloe dijo. O ne a utlwa se Goliathe a neng a se bua a bo a re: ‘Ke tla lwa le ene!’ Kgosi Saulo o ne a mo raya a re: ‘O mosimanyana fela.’ Dafide o ne a mo raya a re: ‘Jehofa o tla nthusa.’

Saulo o ne a leka go apesa Dafide diaparo tsa gagwe tsa ntwa mme Dafide o ne a re: ‘Ga ke kgone go lwa ke apere diaparo tseno.’ Dafide o ne a tsaya seragamaje sa gagwe mme a ya kwa nokeng. O ne a sela maje a le matlhano a a borethe a bo a a tsenya mo bekeng ya gagwe. Go tswa foo, o ne a tabogela kwa go Goliathe. Goliathe o ne a re: ‘Tla kwano mosimanyana ke wena. Ke tla go bolaya ke bo ke go tlogelela dinonyane tsa magodimo le diphologolo tsa naga gore di go je.’ Dafide o ne a sa boife. O ne a goeletsa Goliathe a re: ‘O tla ka tšhaka le lerumo mme nna ke tla ka leina la ga Jehofa. Ga o lwe le rona; o lwa le Modimo. Batho bano botlhe ba tla bona gore Jehofa o maatla go gaisa tšhaka kgotsa lerumo. Jehofa o tla dira gore re lo fenye.’

Dafide o ne a tsenya leje mo seragamajeng a bo a se dikolosa. Jehofa o ne a dira gore leje le phunyeletse mo phatleng ya ga Goliathe. Seganka seo se ile sa wela fa fatshe. Bafilisitia ba ne ba tshaba. A o tshepa Jehofa fela jaaka Dafide?

“Mo bathong ga go kgonege mme ga go a nna jalo mo Modimong, ka gonne mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”​—Mareko 10:27

Dipotso: Jehofa o ne a tlhopha mang gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele? Dafide o ne a fenya Goliathe jang?

1 Samuele 16:1-13; 17:1-54

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela