LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 9 ts. 20-21
  • Jeremia Ga a Ka a Tlogela go Bua ka Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jeremia Ga a Ka a Tlogela go Bua ka Jehofa
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Romela Jeremia Go ya Go Rera
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • “Ke Tsentse Mafoko A me Mo Molomong wa Gago”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • “Ga ke Kgone go Nna ke Didimetse”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • “O ba Reye Lefoko Leno”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 9 ts. 20-21

KAROLO 9

Jeremia Ga a Ka a Tlogela go Bua ka Jehofa

Jeremia o dikaganyeditswe ke boidiidi jo bo galefileng

Ke ka ntlha yang fa batho ba galefetse Jeremia?

Jeremia o gogelwa kwa khuting e e kwa teng e e tletseng seretse

Jehofa o ne a sireletsa Jeremia

Ka dinako tse dingwe batho ba a re tshega kgotsa ba a re galefela fa re bua le bone ka Jehofa. Se se ka dira gore re batle go tlogela go bua ka Modimo. A o kile wa ikutlwa jalo?— Baebele e re bolelela ka lekawana lengwe le le neng le rata Jehofa mme la batla le tlogela go bua ka ene. Leina la gagwe e ne e le Jeremia. A re ithute se sengwe gape ka ene.

Fa Jeremia e ne e le lekawana, Jehofa o ne a mo raya a re a ye go bolelela batho gore ba tlogele go dira dilo tse di bosula. Go ne go le thata gore Jeremia a dire seo e bile o ne a boifa. O ne a raya Jehofa a re: ‘Ga ke itse gore ke reng. Ke mosimanyana fela.’ Mme Jehofa o ne a mo raya a re: ‘O se ka wa boifa. Ke tla go thusa.’

Ka jalo, Jeremia o ne a simolola go bolelela batho gore ba tla otlhaiwa fa ba sa tlogele go dira dilo tse di bosula. A o akanya gore batho ba ne ba dira se Jeremia a neng a ba bolelela sone?— Nnyaa. Ba ne ba mo tshega le go mo galefela. Ba bangwe ba ne ba batla go mmolaya! O akanya gore Jeremia o ne a ikutlwa jang?— O ne a boifa mme a bo a re: ‘Nka se tlhole ke bua ka Jehofa.’ A mme tota o ne a tlogela?— Nnyaa ga a ka a tlogela. O ne a rata Jehofa thata, ka jalo o ne a sa kgone go tlogela go bua ka ene. Mme ka gonne Jeremia ga a ka a tlogela go bua ka Jehofa, Jehofa o ne a mo sireletsa.

Ka sekai, ka nako nngwe, banna bangwe ba ba bosula ba ne ba latlhela Jeremia mo teng ga khuti e e kwa teng e e tletseng seretse. O ne a se na dijo le metsi. Banna bao ba ne ba batla go tlogela Jeremia koo gore a swe. Mme Jehofa o ne a mo thusa mme a tswa mo khuting eo!

O ka ithuta eng ka se Jeremia a se dirileng?— Le fa ka dinako tse dingwe a ne a boifa, ga a ka a tlogela go bua ka Jehofa. Fa o bua ka Jehofa, batho ba ka nna ba go tshega kgotsa ba go galefela. Seo se ka nna sa dira gore o tlhabiwe ke ditlhong kgotsa sa dira gore o boife. Mme o se ka wa tlogela go bua ka Jehofa. Ka dinako tsotlhe o tla go thusa, fela jaaka a thusitse Jeremia.

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • Jeremia 1:4-8; 20:7-9; 26:8-19, 24; 38:6-13

DIPOTSO:

  • Jehofa o ne a raya Jeremia a re a dire eng?

  • Ke ka ntlha yang fa Jeremia a batlile a tlogela go bua ka Jehofa?

  • Jehofa o ne a thusa Jeremia jang?

  • O ithutile eng ka se Jeremia a se dirileng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela