LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 12 ts. 26-27
  • Setlogolo sa ga Paulo Se ne Se le Pelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setlogolo sa ga Paulo Se ne Se le Pelokgale
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setlogolo sa ga Paulo—Se Boloka Botshelo Jwa Malomeasone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Ntheetseng ke lo Tlhalosetse se se Diragetseng”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 12 ts. 26-27
Motlogoloe Paulo o bua le molaodi wa masole

KAROLO 12

Setlogolo sa ga Paulo Se ne Se le Pelokgale

A re ithute ka lekawana lengwe le le neng la boloka botshelo jwa malome wa lone. Malome wa lekawana leno e ne e le moaposetoloi Paulo. Ga re itse leina la lekawana leno, mme re itse gore o ne a dira sengwe se se pelokgale tota. A o ka rata go utlwa gore o dirile eng?—

Paulo o ne a le kwa kgolegelong kwa Jerusalema. O ne a tshwerwe ka gonne a ne a rera ka Jesu. Banna bangwe ba ba bosula ba ne ba tlhoile Paulo, ka jalo, ba ne ba dira leano le le bosula. Ba ne ba re: ‘A re kope molaodi wa masole gore a dire gore masole a gagwe a tlise Paulo kgotlatshekelo. Re tla iphitlha mo tseleng mme fa Paulo a feta, re tla mmolaya!’

Moaposetoloi Paulo yo o mo kgolegelong o bolelelwa dikgang ke setlogolo sa gagwe

Setlogolo sa ga Paulo se ne sa bolelela molaodi wa masole ka leano le le bosula

Setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwa ka leano leno. O ne a tla dira eng? O ne a ya kwa kgolegelong mme a bolelela Paulo ka lone. Ka yone nako eo, Paulo o ne a mmolelela gore a ye go bolelela molaodi wa masole ka leano le le bosula leo. A o akanya gore go ne go le motlhofo gore setlogolo sa ga Paulo se bue le molaodi wa masole?— Nnyaa, ka gonne molaodi e ne e le monna yo o botlhokwa. Mme setlogolo sa ga Paulo se ne se le pelokgale mme sa bua le molaodi.

Molaodi o ne a itse se a tshwanetseng go se dira. O ne a batla masole a ka nna 500 gore a sireletse Paulo! O ne a ba bolelela gore ba ise Paulo kwa Kaesarea mo bosigong joo. A botshelo jwa ga Paulo bo ne jwa bolokiwa?— Ee, banna ba ba bosula ga ba a ka ba kgona go mo tlhasela! Leano la bone le le bosula ga le a ka la bereka.

O ka ithuta eng mo kgannyeng eno?— Le wena o ka nna pelokgale jaaka setlogolo sa ga Paulo. Re tshwanetse go nna pelokgale fa re bua le ba bangwe ka Jehofa. A o tla nna pelokgale mme o tswelele o bua ka Jehofa?— Fa o dira jalo, o ka boloka botshelo jwa mongwe.

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • Ditiro 23:12-24

  • Mathaio 24:14; 28:18-20

  • 1 Timotheo 4:16

DIPOTSO:

  • Banna bangwe ba ba bosula ba ne ba dira leano la go dira Paulo eng?

  • Setlogolo sa ga Paulo se ne sa dira eng? Ke eng fa seo se ne se bontsha bopelokgale?

  • Wena o ka nna pelokgale jang jaaka setlogolo sa ga Paulo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela