LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 6/1 ts. 16-17
  • Setlogolo sa ga Paulo—Se Boloka Botshelo Jwa Malomeasone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setlogolo sa ga Paulo—Se Boloka Botshelo Jwa Malomeasone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setlogolo sa ga Paulo Se ne Se le Pelokgale
    Ruta Bana ba Gago
  • “Nna Pelokgale!”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 6/1 ts. 16-17

Ruta Bana ba Gago

Setlogolo sa ga Paulo—Se Boloka Botshelo Jwa Malomeasone

A O NE o itse gore moaposetoloi Paulo o ne a na le ba losika ba e neng e le balatedi ba ga Jesu?a— E ne e le kgaitsadie le ngwana wa gagwe. Mme setlogolo seo se ile sa boloka botshelo jwa ga Paulo! Ga re itse leina la gagwe le la ga mmaagwe, mme gone re itse se a ileng a se dira. A o ka rata go utlwa ka kgang eo?—

Paulo o sa tswa go boa kwa loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa mme o mo Jerusalema. E ka tswa e le ngwaga wa 56 C.E. Paulo o tshwerwe mme o tloga a sekisiwa. Mme baba ba gagwe ga ba batle gore a sekisiwe. Ba batla go mmolaya! Ka jalo, ba rulaganya banna ba ka nna 40 gore ba lalele Paulo mo tseleng mme ba mmolaye.

Ka tsela nngwe, setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwa ka leano leno. A o itse gore o ile a dira eng?— O ne a ya kwa go Paulo mme a mmolelela. Ka yone nako eo, Paulo o raya mookamedi wa masole a re: “Isa lekau leno kwa molaoding wa sesole, gonne le na le sengwe se le tshwanetseng go se mmegela.” Mookamedi yono o ne a mo isa kwa molaoding, Kalaudio Lisiase, a bo a mo tlhalosetsa gore lekau leno le na le tshedimosetso ya botlhokwa. Kalaudio o tseela setlogolo sa ga Paulo kwa thoko, mme lekawana leno le mmolelela sengwe le sengwe.

Kalaudio o tlhagisa setlogolo sa ga Paulo jaana: “O se ka wa lotlegela ope gore o ntlhaloseditse dilo tseno ka phepafalo.” Morago ga moo, o bitsa baokamedi ba babedi ba masole mme o ba bolelela gore ba tlise masole a le 200, bapagami ba dipitse ba le 70, banna ba ba tsholang marumo ba le 200 gore ba ipaakanyetse go ya kwa Kaesarea. Bosigo ka ura ya borobongwe, banna ba le 470 ba ne ba tsamaya mme ba isa Paulo ka pabalesego kwa Mmusimogolong wa kwa Roma e bong Felise kwa Kaesarea. Mo lekwalong le Kalaudio a neng a lo kwalela Felise, o ne a bua ka leano la go batla go bolaya Paulo.

Ka jalo, Bajuda ba ne ba patelesega go kopana le Paulo kwa kgotlatshekelong ya molao kwa Kaesarea gore ba bue se ba mo latofatsang ka sone. Gone ke boammaaruri gore ba ne ba se na bosupi jwa gore Paulo o ne a dirile sengwe se se phoso. Le fa go ntse jalo, Paulo o tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le pedi le fa a sa dira molato ope. Ka jalo, o ne a ikuela gore a ye go sekisiwa kwa Roma, mme o ne a romelwa gone.—Ditiro 23:16–24:27; 25:8-12.

Re ka ithuta eng mo setlogolong sa ga Paulo mo pegong eno?— Gore go tlhokega bopelokgale go buelela dilo tse di siameng, le gore fa re dira jalo re ka boloka matshelo. Le fa Jesu a ne a itse gore baba “ba ne ba batla go mmolaya,” o ne a tswelela pele a bolelela batho ka Bogosi jwa Modimo. Jesu o re laetse gore re dire se se tshwanang. A re tla dira jalo? Re tla dira jalo fa re na le bopelokgale fela jaaka setlogolo sa ga Paulo.—Johane 7:1; 15:13; Mathaio 24:14; 28:18-20.

Paulo o ne a rotloetsa Timotheo yo mmotlana yo e neng e le tsala ya gagwe jaana: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Ga go pelaelo gore setlogolo sa ga Paulo se ne se le pelokgale fela jaaka malomeasone. A le wena o ka mo etsa?

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o kgothaletse ngwana go ntsha maikutlo a gagwe.

Dipotso:

  • Bangwe ba masika a ga Paulo e ne e le bomang, mme re ithutile eng ka bone?

  • Setlogolo sa ga Paulo se ne sa dira eng go boloka botshelo jwa ga Paulo?

  • Re ka dira eng go ikobela Jesu, se se tla re thusang gore re boloke matshelo a batho gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela