LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 18 ts. 46-ts. 47 ser. 6
  • Jesu o a Oketsega Mme Johane o a Fokotsega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o a Oketsega Mme Johane o a Fokotsega
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Johane O A Ngotlega, Jesu O A Gola
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Johane o Batla go Itse Gore a Jesu ke Mesia
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Johane Mokolobetsi—O re Ruta go Direla Jehofa re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A Johane O Ne A Tlhaela Tumelo?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 18 ts. 46-ts. 47 ser. 6
Johane Mokolobetsi o bua le barutwa ba gagwe

KGAOLO 18

Jesu O A Oketsega Mme Johane O A Fokotsega

MATHAIO 4:12 MAREKO 6:17-20 LUKE 3:19, 20 JOHANE 3:22–4:3

  • BARUTWA BA GA JESU BA A KOLOBETSA

  • JOHANE MOKOLOBETSI O TSENNGWA MO KGOLEGELONG

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba sena go keteka Tlolaganyo ka dikgakologo tsa ngwaga wa 30 C.E., ba tswa kwa Jerusalema. Mme ga ba boele kwa magaeng a bone kwa Galalea. Ba ya kwa nageng ya Judea, mme fa ba le koo ba kolobetsa batho ba le bantsi. Johane Mokolobetsi o na le mo e ka nnang ngwaga a ntse a dira tiro eno ya go kolobetsa, mme a ka tswa a e dira kwa mokgatšheng wa Noka ya Joredane. Bangwe ba barutwa ba gagwe ba sa ntse ba na le ene.

Jesu ga a kolobetse ope, mme o laela barutwa ba gagwe gore ba dire jalo. Ka nako eno ya bodiredi jwa ga Jesu, ene le Johane ba ruta Bajuda ba ba ikwatlhaetseng maleo a ba a dirileng ka go tlola kgolagano ya Molao wa Modimo.—Ditiro 19:4.

Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Johane ba a fufega, e bile ba ngongorega ka Jesu ba re: “Monna [Jesu] yo o neng a na le wena . . . o a kolobetsa e bile batho botlhe ba ya kwa go ene.” (Johane 3:26) Mme Johane ene ga a fufege. O itumelela go bo Jesu a atlega mo tirong e a e dirang mme o batla gore barutwa ba gagwe le bone ba itumelele seo. Johane o ba gopotsa sengwe a re: “Lona ka bolona lo basupi ba gore ke ne ka re, ‘Ga ke Keresete, mme ke rometswe kwa pele ga gagwe.’” O ba thusa go tlhaloganya ntlha eno ka go ba direla setshwantsho seno: “Ope fela yo o nang le monyadiwa ke monyadi. Mme fa tsala ya monyadi e ema gaufi le monyadi e bo e mo utlwa a bua, e itumela thata. Ka tsela e e tshwanang, le nna ke itumetse thata.”—Johane 3:28, 29.

Fela jaaka tsala ya monyadi, Johane o ile a itumela dikgwedi di se kae pelenyana fa a itsise ditsala tsa gagwe Jesu. Bangwe ba bone ba ile ba nna balatedi ba ga Jesu mme fa nako e ntse e ya, ba ne ba tla tlodiwa ka moya o o boitshepo. Johane o batla gore barutwa ba a nang le bone gone jaanong le bone ba nne balatedi ba ga Jesu. Tota e bile, boikaelelo jwa ga Johane ke go baakanyetsa Keresete tsela gore a simolole bodiredi jwa gagwe. Johane a re: “Keresete ene tiro ya gagwe e tshwanetse go tswelela e oketsega, mme nna tiro ya me e tshwanetse go tswelela e fokotsega.”—Johane 3:30.

Johane yo mongwe, yo pelenyana a ileng a nna molatedi wa ga Jesu, moragonyana o ile a kwala ka kgang ya gore Jesu o tswa kae le seabe se a nang le sone gore batho ba bolokwe, a re: “Motho yo o tswang kwa godimo, o kwa godimo ga ba bangwe botlhe. . . . Rara o rata Morwa e bile o mo neile taolo mo dilong tsotlhe. Yo o dumelang mo go Morwa o tlile go bona botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo tla nna bo le mo go ene.” (Johane 3:31, 35, 36) Ruri jono ke boammaaruri jwa botlhokwa jo batho botlhe ba tlhokang go bo itse!

Johane Mokolobetsi o tsenngwa mo kgolegelong

Nakwana fela fa Johane Mokolobetsi a sena go tlhalosa gore seabe sa gagwe le tiro ya gagwe di tshwanetse go fokotsega, Kgosi Herode o mo tsenya mo kgolegelong. Herode o tsere Herodiase, mosadi wa ga mogolowe e bong Filipo, a bo a mo nyala. Fa Johane a tlhalosa gore se Herode a se dirileng ke boaka, Herode o mo tsenya mo kgolegelong. Fela fa Jesu a utlwa gore Johane o tshwerwe, o tswa kwa Judea le barutwa ba gagwe mme ‘o ya kwa Galalea.’—Mathaio 4:12; Mareko 1:14.

  • Kolobetso e e dirwang ke Johane e kaya eng? Mme kolobetso e e dirwang ka taelo ya ga Jesu ka nako ya bodiredi jwa gagwe yone e kaya eng?

  • Johane o bontsha barutwa ba gagwe jang gore ga ba a tshwanela go fufegela tiro e Jesu a e dirang?

  • Goreng Johane a tsenngwa mo kgolegelong?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela