KGAOLO 38
Johane O Batla Go Itse Gore A Jesu Ke Mesia
JOHANE MOKOLOBETSI O BOTSA KA GA TIRO YA GA JESU
JESU O AKGOLA JOHANE
Johane Mokolobetsi o na le ngwaga a le mo kgolegelong. Mme gone, o sa ntse a utlwela ka ditiro tse dintle tse Jesu a di dirang. Akanya kafa Johane a ikutlwang ka gone fa barutwa ba gagwe ba mmolelela gore Jesu o tsositse morwa motlholagadi mongwe wa kwa Naina. Le fa go ntse jalo, Johane o batla go utlwa go tswa mo go Jesu gore a ke ene Mesia. Ka jalo, Johane o bitsa barutwa ba gagwe ba babedi. O ba biletsa eng? Gore ba ye go botsa Jesu jaana: “A ke wena Yo o Tlang, kgotsa a re tshwanetse go lebelela mongwe o sele?”—Luke 7:19.
A potso eo e a utlwala? Johane ke monna yo o ikanyegang, yo o neng a kolobetsa Jesu dingwaga di ka nna pedi tse di fetileng e bile o ile a bona moya wa Modimo o fologela mo go Jesu, a bo a utlwa lentswe la Modimo a mo amogela. Ga re na lebaka la go dumela gore tumelo ya ga Johane e koafetse. Go seng jalo, Jesu o ne a se kitla a bua ka Johane ka tsela e a neng a bua ka yone mo lekgetlong leno. Mme fa e le gore Johane ga a na dipelaelo, goreng a botsa Jesu potso eno?
Johane a ka tswa a batla gore Jesu a mmolelele gore ke ene Mesia. Seno se ne se tla mo nonotsha fa a ntse a le mo kgolegelong. Go na le lebaka le lengwe la go bo Johane a botsa potso eno. O itse boporofeti jwa Baebele jo bo bontshang gore Motlodiwa wa Modimo o tlile go nna kgosi le mogolodi. Le fa go ntse jalo, dikgwedi di le dintsi Jesu a sena go kolobediwa, Johane o mo kgolegelong. Ka jalo, Johane o botsa gore a go na le mongwe yo o tla tlang morago ga ga Jesu, yo o tla diragatsang dilo tsotlhe tse di boleletsweng pele ka Mesia.
Go na le gore Jesu a bolelele barutwa ba ga Johane a re, ‘Ee ke nna Ene yo o neng a tshwanetse go tla,’ o ba bontsha bosupi jwa gore Modimo o a mo tshegetsa ka go fodisa batho ba le bantsi ba ba nang le malwetse a a farologaneng. Go tswa foo, o ba raya a re: “Tsamayang lo ye go bolelela Johane dilo tse lo di utlwang le tse lo di bonang: Difofu jaanong di a bona le batho ba ba tlhotsang ba a tsamaya, balepero ba a fodisiwa le bosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa le bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo.”—Mathaio 11:4, 5.
Potso e Johane a e botsang e ka tswa e bontsha gore o lebeletse gore Jesu a dire se se fetang se a se dirang gone jaanong, le gore gongwe a mo golole mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, Jesu o bolelela Johane gore a se ka a lebelela gore a dire dikgakgamatso tse di fetang tse gone jaanong a di dirang.
Fa barutwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jesu o bolelela batho ba ba leng foo gore Johane ga se moporofeti fela. Ke “morongwa” wa ga Jehofa yo go boleletsweng pele ka ene mo go Malaki 3:1. Gape ke moporofeti Elija yo go boleletsweng pele ka ene mo go Malaki 4:5, 6. Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, mo bathong, ga go ise go ke go nne le ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi, le fa go ntse jalo, motho yo o nang le maemo a a kwa tlase mo Bogosing jwa magodimo o mogolo go mo feta.”—Mathaio 11:11.
Fa Jesu a re yo o nang le maemo a a kwa tlase mo Bogosing jwa magodimo o mogolo go feta Johane, o bontsha gore Johane ga a kitla a nna karolo ya Bogosi jwa magodimo. Johane o ile a baakanyetsa Jesu tsela mme o ile a swa pele Keresete a bula tsela e e yang kwa legodimong. (Bahebera 10:19, 20) Mme gone, Johane ke moporofeti yo o ikanyegang wa Modimo e bile o tla tshela mo lefatsheng fa Bogosi Jwa Modimo bo busa.