Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
A Johane o ne a Tlhaela Tumelo?
JOHANE wa Mokolobetsi, yoo o neng a le mo kgolegelong lobaka lo e ka nnang ngwaga jaanong, o amogela pego kaga go tsosiwa ga morwa wa motlholagadi kwa Naina. Mme Johane o batla go utlwa ka tlhamalalo mo go Jesu mabapi le bokao jwa seno, jalo o romela ba le babedi ba barutwa ba gagwe go botsisisa: “A ke wèna eo o tlañ? kgotsa a ke re lebèlèlè o sele?”
Seo se ka lebega e le potso e e gakgamatsang, segolo jang ereka Johane a ne a bona moya wa Modimo o fologela mo go Jesu le go bo a ne a utlwa lentswe la Modimo le mo amogela fa a ne a mo kolobetsa mo e ka nang sebaka sa dingwaga tse pedi tse di fetileng. Potso ya ga Johane e ka nna ya dira gore bangwe ba fetse ka gore tumelo ya gagwe e koafetse. Mme ga go a nna jalo. Jesu o ne a ka seke a tlotlomatse Johane mo go kalo, seo a se dirang mo lobakeng lono, fa Johane a ne a simolotse go belaela. Ke ka ntlha yang, he, fa Johane a botsa potso eno?
Johane o ne a ka tswa a batla fela gore Jesu a mo tlhomamisetse gore ke Ene Mesia. Se se ne se tla nonotsha Johane thata jaaka a ntse a koafala mo kgolegelong. Mme go bonala go na le sengwe gape mo potsong ya ga Johane go feta seo. Go phepafetse gore o batla go itse fa go na le mongwe gape yo o tlang, motlhatlhami, jaaka go ka bo go ntse, yo o tla feleletsang tiragatso ya dilo tsotlhe tse di neng di boleletswe pele tse di neng di tla dirwa ke Mesia.
Go ya ka dipolelelo-pele tsa Bibela tse Johane o neng a tlwaelane le tsone, Motlodiwa wa Modimo o tshwanetse go nna kgosi, mogolodi. Le jaanong Johane o santse a le legolegwa, le e leng dikgwedi di le dintsi morago ga go kolobediwa ga ga Jesu. Ka jalo go phepafetse gore Johane o botsa Jesu a re: ‘A ke wena yo o tla tlhomang Bogosi jwa Modimo ka thata ya sebele, kana go na le yo mongwe o sele, motlhatlhami, yoo re tshwanetseng go mo emela go diragatsa dipolelelo-pele tsotlhe mabapi le kgalalelo ya ga Mesia?’
Mo boemong jwa go raya barutwa ba ga Johane a re, ‘ke boammaaruri ke nna yo o neng a tshwanetse go tla!’ Jesu mo oureng eo o dira tshupo e e gakgamatsang ka go fodisa batho ba le bantsi ba malwetse a a farologaneng le bogole. Mme o bolelela barutwa bao jaana: “Tsamaeañ, lo eè lo bolèlèlè Yohane dilō tse lo di bonyeñ, le tse lo di utlwileñ; lo re, dihohu dia bōna, batlhotsi baa tsamaea, balepero baa ntlahadiwa, ba boshushu baa utlwa, bashwi baa cosiwa, bahumanegi ba rèrèlwa Mahoko a a Molemō. Me go segō èna eo o se ketlañ a hitlhèla sekgopi sepè mo go nna.”
Ka mafoko a mangwe, ereka potso ya ga Johane e ka ne e supa tebelelo ya sengwe se segolo go feta se Jesu a se dirang, jaaka go golola Johane ka boene, Jesu o bolelela Johane gore a seka a lebelela go feta seno.
Fa barutwa ba ga Johane ba hulara, Jesu o retologela kwa bontsing jwa batho mme o ba bolelela gore Johane ke “moroñwa” wa ga Jehofa yo o neng a bolelelwa pele mo go Malaki 3:1 le gore ke moperofeti Elija yo o neng a bolelelwa pele mo go Malaki 4:5, 6. Ka jalo o tsholetsa Johane jaaka moperofeti yo o lekanang le moperofeti mongwe le mongwe yo o neng a tshela pele ga gagwe, a tlhalosa jaana:
“Amarure kea lo raea, ka re, Mo go ba ba tsecweñ ke basadi ga goa coga opè eo mogolo go heta Johane Mokolobetsi; leha go nntse yalo, eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna. Me e sale ka lobaka loa ga Yohane Mokolobetsi, le gompiyeno, bogosi yoa legodimo bo nntse bo tlhasèlwa, me batlhasèdi ba bo gapa ka thata.”
Fano Jesu o bontsha gore Johane o tla bo a se mo bogosing jwa selegodimo, ereka yo mmotlana koo a le mogolo mo go Johane. Johane o ne a baakanyeditse Jesu tsela, mme o swa pele ga Keresete a dira kgolagano, kana tumalano, le barutwa ba gagwe go nna babusi-ka-ene mo Bogosing jwa gagwe. Ke gone mo Jesu a reng Johane o tla bo a se mo Bogosing jwa selegodimo. Mo boemong jwa moo Johane o tla bo a le mmusiwa wa Bogosi jwa Modimo wa selefatshe. Luke 7:18-30; Mathaio 11:2-15.
◆ Ke eng fa Johane a botsa gore a Jesu ke Ene yo o Tlang kana mongwe o sele o tshwanetse go lebelelwa?
◆ Ke dipolelelo pele dife tse Jesu a reng Johane o di diragaditse?
◆ Ke eng fa Johane Mokolobetsi a tlaa se ke a nna le Jesu kwa legodimong?