LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 42 ts. 104-ts. 105 ser. 2
  • Jesu o Kgala Bafarasai

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Kgala Bafarasai
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Kgalemela Bafarasai
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jesu o Kgalemela Bafarasai
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jona o Ithuta ka Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 42 ts. 104-ts. 105 ser. 2
Kgosigadi ya Sheba e atamela setulo sa bogosi sa ga Kgosi Solomone

KGAOLO 42

Jesu O Kgala Bafarasai

MATHAIO 12:33-50 MAREKO 3:31-35 LUKE 8:19-21

  • JESU O BUA KA “SESUPO SA GA JONA”

  • BARUTWA BA ATAMALANE THATA GO GAISA MALOKO A LELAPA

Fa bakwadi le Bafarasai ba sa dumele gore Jesu o leleka madimona ka maatla a a tswang kwa Modimong, ba ipaya mo kotsing ya go tlhapatsa moya o o boitshepo. Tota ba tla bo ba le mo letlhakoreng la ga mang? La Modimo kgotsa la ga Satane? Jesu o ba raya a re: “Lo ka nna lwa dira gore setlhare se se siameng se ntshe maungo a sone a a monate kgotsa lwa dira gore setlhare se se sa siamang se ntshe maungo a sone a a bodileng, gonne setlhare se itsiwe ka maungo a sone.”—Mathaio 12:33.

Kala ya setlhare e e nang le maungo

Ke boeleele go akanya gore Jesu o ntsha leungo le le molemo la go leleka madimona ka gonne a direla Satane. Jaaka Jesu a tlhalositse mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, fa leungo le le molemo, go raya gore setlhare se molemo, ga se a bola. Ka jalo, leungo la Bafarasai, e leng ditatofatso tsa bone kgatlhanong le Jesu, le bontsha eng? Le bontsha gore ba bodile. Jesu o ba raya a re: “Lona bana ba dinoga tse di botlhole, lo ka bua jang dilo tse di molemo lo le bosula jaana? Gonne molomo o bua se se tletseng mo pelong.”—Mathaio 7:16, 17; 12:34.

Mafoko a rona a bontsha gore dipelo tsa rona di ntse jang e bile ke one a re tla atlholwang ka one. Ke gone ka moo Jesu a ba rayang a re: “Ke a lo bolelela, ka Letsatsi la Katlholo batho ba tla atlholelwa lefoko lengwe le lengwe le le se nang mosola le ba le buang; gonne o tla bolelwa o siame ka ntlha ya mafoko a gago, e bile o tla bonwa molato ka ntlha ya mafoko a gago.”—Mathaio 12:36, 37.

Le fa gone Jesu a dira dikgakgamatso, bakwadi le Bafarasai ba batla gore a dire tse di oketsegileng, ba re: “Moruti, re batla gore o re bontshe sesupo.” Le fa ba ka tswa ba mmone a dira dikgakgamatso kgotsa ba sa mmona, go na le batho ba bantsi ba ba boneng se a se dirang. Jesu a ka kgona go raya baeteledipele bao ba Bajuda a re: “Kokomana e e bosula le e e sa ikanyegeng e nna e batla sesupo, mme ga e kitla e newa sesupo sepe ntle le sesupo sa ga moporofeti Jona.”—Mathaio 12:38, 39.

Tlhapi e kgolo e metsa Jona

Jesu o ba tlhalosetsa gore o kaya eng, a re: “Fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo malatsi a le mararo le masigo a le mararo, ka tsela e e tshwanang Morwa motho o tla nna mo lebitleng malatsi a le mararo le masigo a le mararo.” Jona o ne a meditswe ke tlhapi e kgolo ya mofuta mongwe, mme o ne a tswa mo go yone jaaka e kete o tsosiwa mo baswing. Ka jalo, Jesu o bolelela pele gore le ene o tla swa mme o tla tsosiwa mo letsatsing la boraro. Fa seo se direga moragonyana, baeteledipele ba Bajuda ba gana “sesupo sa ga Jona,” ka gonne ga ba batle go sokologa le go fetoga. (Mathaio 27:63-66; 28:12-15) Go farologana le banna bano, “batho ba Ninife” ba ile ba ikwatlhaya fa Jona a ne a ba rerela. Ka jalo, ba tla bontsha gore kokomana eno e molato. Gape Jesu o tlhalosa gore kgosigadi ya Sheba e tla bontsha gore ba molato ka sekao sa yone. Kgosigadi eno e ne e eletsa go utlwa botlhale jwa ga Solomone mme e ile ya bo gakgamalela. Jaanong Jesu o ba raya a re, “sengwe se se botlhokwa go feta Solomone se fano.”—Mathaio 12:40-42.

Jesu o tshwantsha boemo jwa kokomana eno le jwa monna yo madimona a duleng mo go ene. (Mathaio 12:45) E re ka monna yono a sa tsenye dilo dipe tse di molemo mo go ene, ledimona leno le a tsamaya le ya go tsaya madimona a mangwe a le supa a a bosula thata go le feta a bo a tla go nna mo go ene. Ka tsela e e tshwanang, setšhaba sa Iseraele se ne se phepafaditswe e bile se fetogile, se ne se tshwana le monna yo ledimona le duleng mo go ene. Mme setšhaba seno se ne sa gana baporofeti ba Modimo, sa feleletsa se ganetsa Jesu, yo go bonalang sentle gore o na le moya wa Modimo. Seno se bontsha gore maemo a setšhaba seno a maswe go gaisa a ntlha.

Fa Jesu a ntse a bua, mmaagwe le bomonnawe ba a goroga ba bo ba ema kwa morago ga batho. Bangwe ba ba dutseng gaufi le ene ba mo raya ba re: “Mmago le bomonnao ba eme kwa ntle, ba batla go go bona.” Jesu o ba bontsha gore o atamalane thata le barutwa ba gagwe, ba a ba tsayang jaaka bomogolowe, bomonnawe le bommaagwe. O otlololela seatla sa gagwe kwa barutweng ba gagwe a bo a re: “Mmê le bonkgonne le bonnake ke batho bano ba ba utlwang lefoko la Modimo ba bo ba le ikobela.” (Luke 8:20, 21) Ka jalo, o bontsha gore le fa gone kamano ya gagwe le ba lelapa la gagwe e le botlhokwa, o tsaya kamano ya gagwe le barutwa ba gagwe e le botlhokwa thata. Ruri go a kgothatsa go nna le kamano e e ntseng jalo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, segolobogolo fa batho ba bangwe ba na le dipelaelo ka rona kgotsa ba re kgoba e bile ba nyatsa ditiro tsa rona tse di molemo!

  • Bafarasai ba tshwana le setlhare se se bodileng ka tsela efe?

  • “Sesupo sa ga Jona” ke eng, mme moragonyana batho ba ile ba se gana jang?

  • Setšhaba sa Iseraele sa lekgolo la ntlha la dingwaga se tshwana jang le monna yo ledimona le duleng mo go ene?

  • Jesu o bontsha jang gore kamano e a nang le yone le barutwa ba gagwe e botlhokwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela