LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 52 ts. 128-ts. 129 ser. 7
  • O Fepa Batho ba le Diketekete ka Dinkgwe le Ditlhapi di le Mmalwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Fepa Batho ba le Diketekete ka Dinkgwe le Ditlhapi di le Mmalwa
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Fa Diketekete tsa Batho Dijo ka Dikgakgamatso
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Fa Diketekete tsa Batho Dijo ka Dikgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jesu o Naya Batho ba Bantsi Dijo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jesu o Fepa Batho ba le Bantsi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 52 ts. 128-ts. 129 ser. 7
Jesu o ngathoganya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a bo a di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho

KGAOLO 52

O Fepa Batho Ba Le Diketekete Ka Dinkgwe Le Ditlhapi Di Le Mmalwa

MATHAIO 14:13-21 MAREKO 6:30-44 LUKE 9:10-17 JOHANE 6:1-13

  • JESU O FEPA BANNA BA LE 5 000

Baaposetoloi ba ba 12 ba itumeletse go rera mo Galalea, mme ba bolelela Jesu “dilo tsotlhe tse ba neng ba di dirile le tse ba neng ba di ruta.” Go a utlwala go bo ba lapile. Le fa go ntse jalo, ga ba na le nako ya go ja ka gonne batho ba bantsintsi ba ntse ba tsena ba tswa. Ka jalo Jesu o ba raya a re: “Tlang, a re yeng kwa thoko kwa lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.”—Mareko 6:30, 31.

Ba palama mokoro, gongwe gaufi le Kaperenama, ba bo ba ya kwa lefelong le le se nang batho kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane gaufi le Bethesaida. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba a ba bona fa ba tsamaya, mme ba bangwe ba utlwa gore ba ile. Ba taboga go bapa le lotshitshi lwa lewatle mme fa mokoro o goroga, ba setse ba le koo.

Fa Jesu a fologa mokoro, o bona batho bano ba bantsintsi mme o ba tlhomogela pelo, ka gonne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Ka jalo, o simolola “go ba ruta dilo di le dintsi” ka Bogosi. (Mareko 6:34) Gape o fodisa “ba ba tlhokang go fodisiwa.” (Luke 9:11) Fa nako e ntse e tsamaya, barutwa ba mo raya ba re: “Lefelo leno le kwa thoko e bile go setse go le maitseboa; laela batho bano gore ba tsamaye mme ba ye kwa metsaneng e e gaufi ba ye go ithekela dijo.”—Mathaio 14:15.

Jesu o ba raya a re: “Ga ba tlhoke go tsamaya; lona ba neyeng sengwe se ba ka se jang.” (Mathaio 14:16) Le fa gone Jesu a itse se a tla tlogang a se dira, o botsa Filipo a re: “Re tla reka kae dinkgwe gore batho bano ba je?” Go a tshwanela go bo a botsa Filipo, ka gonne o tswa gaufi le Bethesaida. Mme gone, go reka dinkgwe ga go ka ke ga rarabolola bothata jono. Go na le banna ba ka nna 5 000. Mme palo eo e ka oketsega thata fa go balwa basadi le bana. Filipo o araba a re: “Dinkgwe tse di jang didenario [denario ke tuelo ya letsatsi] di le 200 ga di ka ke tsa ba lekana, tota le fa mongwe le mongwe a ka fiwa go le gonnye.”—Johane 6:5-7.

Jesu o bua le mosimanyana yo o nang le dinkgwe tse tlhano le ditlhapinyana tse pedi

Anderea o araba jaana, gongwe a leka go bontsha gore go ka se kgonege go fepa batho ba bantsi jaana: “Mosimanyana ke yo, o na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapinyana di le pedi. Mme gone, a di ka ba lekana ba le bantsi jaana?”—Johane 6:9.

Ke paka ya dikgakologo, pelenyana fela ga Tlolaganyo ya 32 C.E., mme thota e ba leng fa go yone e apesitswe ke bojang jo botala. Jesu o laela barutwa ba gagwe gore ba bolelele batho gore ba nne fa fatshe ka ditlhopha tsa 50 le tsa 100. O tsaya dinkgwe tseo tse tlhano le ditlhapi tse pedi a bo a rapela. Go tswa foo, o ngathoganya dinkgwe le ditlhapi tseo. O di naya barutwa ba gagwe gore ba di abele batho. Se se kgatlhang ke gore batho bano ba ja ba bo ba kgora!

Moragonyana, Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “Kokoanyang manathwana a a setseng, gore sepe se se ka sa senyega.” (Johane 6:12) Ba kgona go tlatsa dimmanki di le 12 ka manathwana a ba a kokoantseng!

  • Goreng Jesu a batlela baaposetoloi ba gagwe lefelo le le se nang batho?

  • Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kae, mme ba fitlhela seemo se ntse jang koo?

  • Barutwa ba kgothaletsa Jesu go dira eng, mme ke eng se a se dirang go fepa batho bao?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela