LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 72 ts. 170-ts. 171 ser. 1
  • Jesu o Romela Barutwa ba le 70 Gore Ba ye Go Rera

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Romela Barutwa ba le 70 Gore Ba ye Go Rera
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Romela ba Bangwe ba le 70 go ya go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jesu o Roma Ba Ba 70
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • “Nako ya Gagwe E ne E Ise e Tle”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 72 ts. 170-ts. 171 ser. 1
Bangwe ba barutwa ba ba 70 ba ba neng ba ile go rera, ba begela Jesu se ba se fitlheletseng ba itumetse

KGAOLO 72

Jesu O Romela Barutwa Ba Le 70 Gore Ba Ye Go Rera

LUKE 10:1-24

  • JESU O TLHOPHA BARUTWA BA LE 70 A BO A BA ROMELA GORE BA YE GO RERA

Jaanong ke kwa bowelong jwa 32 C.E., dingwaga di ka nna tharo fa e sa le Jesu a kolobediwa. Bosheng jaana ene le barutwa ba gagwe ba ntse ba le kwa Moletlong wa Metlaagana kwa Jerusalema. Ba ka tswa ba sa ntse ba le mo metsaneng e e gaufi. (Luke 10:38; Johane 11:1) Jesu o fetsa bontsi jwa dikgwedi tsa gagwe tsa bofelo tse thataro a rera mo Judea kgotsa ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ya Jordane mo kgaolong ya Perea. Batho ba mafelo ano le bone ba tlhoka go rerelwa.

Pelenyana, morago ga Tlolaganyo ya 30 C.E., Jesu o ne a fetsa dikgwedi a rera mo Judea e bile a tsamaya mo Samarea yotlhe. Morago ga moo, ka Tlolaganyo ya 31 C.E., Bajuda kwa Jerusalema ba ne ba leka go mmolaya. Mo ngwageng o o latelang le halofo, Jesu o ne a fetsa nako e ntsi a rera kwa Galalea. Mo nakong eo batho ba le bantsi ba ne ba nna balatedi ba gagwe. Fa a le kwa Galalea o ne a katisa baaposetoloi ba gagwe, go tswa foo a bo a ba laela a re: “Lo rere lo re: ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Mathaio 10:5-7) Gone jaanong o rulaganya letsholo la go rera mo Judea.

Jesu o simolotse letsholo leno ka balatedi ba gagwe ba le 70 mme a bo a ba romela ka bobedi le bobedi. Go na le ditlhopha tse 35 tsa bareri ba dikgang tsa Bogosi mo tshimong e e nang le ‘thobo e kgolo, mme badiri ba le mmalwa.’ (Luke 10:2) Ba tla ya kwa mafelong a Jesu a tlileng go ya kwa go one. Balatedi bano ba tshwanetse go fodisa batho le go rera molaetsa o Jesu a ntseng bua ka one.

Ga ba rute mo di sinagogeng. Jesu o ba laela gore ba latele batho kwa matlong a bone. O ba raya a re, “Fa lo tsena mo ntlong epe fela, lo bue pele lo re: ‘A ntlo eno e nne le kagiso.’ Mme fa motho yo o ratang kagiso a le gone, kagiso ya lona e tla nna mo go ene.” Ba tshwanetse go rera molaetsa ofe? Jesu o ba raya a re: “Lo re: ‘Bogosi Jwa Modimo bo atametse.’”—Luke 10:5-9.

Ditaelo tse Jesu a di nayang balatedi ba gagwe ba ba 70, di tshwana le tse a kileng a di naya baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ngwaga pelenyana. O ba tlhagisa gore ga se batho botlhe ba ba tla ba amogelang. Le fa go ntse jalo, tiro e ba e dirang e tla thusa batho ba ba reetsang molaetsa gore fa Jesu a tla moragonyana, bontsi jwa bone ba bo ba ikemiseditse go mo amogela le go ithuta mo go ene.

Go ise go ye kae, bareri bano ba Bogosi ba ba 70 ba boela kwa go Jesu. Ba mmolelela jaana ba itumetse: “Morena, tota le madimona re kgona go a leleka re dirisa leina la gago.” Pego eno e itumedisa Jesu thata a bo a re: “Ke bona Satane a setse a ole jaaka legadima a tswa kwa legodimong. Bonang, ke lo neile taolo ya gore lo gatake dinoga le diphepheng.”—Luke 10:17-19.

Jesu o tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore ba tla fenya dilo tse di ka ba gobatsang; ka tsela ya tshwantshetso ba tla bo ba gataka dinoga le diphepheng. Mo godimo ga moo, ba ka tlhatswega pelo gore mo nakong e e tlang Satane o tla wa go tswa kwa legodimong. Gape Jesu o thusa balatedi bano ba gagwe gore ba lemoge gore selo sa botlhokwa thata ke sefe. O ba raya a re: “Lo se ka lwa itumelela gore lo kgona go leleka madimona, go na le moo, itumeleleng gore maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.”—Luke 10:20.

Jesu o phophoma ka boitumelo a bo a baka Rraagwe ka go bo a dirisitse batlhanka bano ba ba boikokobetso ka tsela e e maatla. Go tswa foo, o leba barutwa ba gagwe a bo a ba raya a re: “Go itumela batho ba ba bonang dilo tse lo di bonang. Gonne ke a lo bolelela, baporofeti ba le bantsi le dikgosi ba ne ba eletsa go bona dilo tse lo di bonang, le fa go ntse jalo ga ba a ka ba di bona, e bile ba ne ba eletsa go utlwa dilo tse lo di utlwang, le fa go ntse jalo ga ba a ka ba di utlwa.”—Luke 10:23, 24.

  • Jesu o rera kae mo dikgweding tsa gagwe tse thataro tsa bofelo, mme ke ka ntlha ya eng a rera koo?

  • Barutwa ba ga Jesu ba ba 70 ba tla fitlhelela jang batho?

  • Le fa barutwa bano ba ba 70 ba fitlheletse dilo di le dintsi, Jesu a re selo sa botlhokwa thata ke sefe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela