LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 91 ts. 214-ts. 215 ser. 4
  • Lasaro o Tsosiwa Mo Baswing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lasaro o Tsosiwa Mo Baswing
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Lasaro A Tsosiwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Fa Lasaro A Tsosiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • O Isiwa Kwa go Anase, Morago Kwa go Kaiafase
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 91 ts. 214-ts. 215 ser. 4
Maratha le Marea ba lebile Jesu a tsosa kgaitsadiabone e bong Lasaro mo baswing

KGAOLO 91

Lasaro O Tsosiwa Mo Baswing

JOHANE 11:38-54

  • TSOGO YA GA LASARO

  • MALOKO A SANEHEDERINE A LOGA LEANO LA GO BOLAYA JESU

Fa Jesu a sena go kopana le Maratha le Marea gaufi le Bethani, ba ya kwa lebitleng la ga Lasaro. Ke logaga mme lo tswetswe ka leje. Jesu o laela jaana: “Tlosang leje leo.” E re ka Maratha a sa itse se Jesu a batlang go se dira, o tlhalosa se a tshwenyegileng ka sone. A re: “Morena, gone jaanong o tshwanetse a bo a nkga, ka gonne e setse e le malatsi a le manê a sule.” Mme Jesu o mo raya a re: “A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela o tla bona kgalalelo ya Modimo?”—Johane 11:39, 40.

Ba tlosa leje. Go tswa foo, Jesu o leba kwa legodimong a bo a rapela a re: “Rara, ke a go leboga ka gonne o nkutlwile. Gone ke a itse gore ka metlha o a nkutlwa; mme ke bua seno ka ntlha ya batho bano ba bantsintsi ba ba ntikologileng, gore ba tle ba dumele gore o nthomile.” Thapelo eno e Jesu a e rapelang phatlalatsa e bontsha batho ba ba leng foo gore se a tlogang a se dira, o se dira ka maatla a a tswang kwa Modimong. Morago ga moo, o goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Lasaro, tswa!” Mme Lasaro o a tswa, dinao tsa gagwe le diatla di bofilwe ka matsela, le sefatlhego sa gagwe se bofilwe ka letsela. Jesu o ba raya a re: “Mmofololeng, lo mo tlogele a tsamaye.”—Johane 11:41-44.

Bontsi jwa Bajuda ba ba tlileng go gomotsa Marea le Maratha ba bona kgakgamatso eno ba bo ba dumela mo go Jesu. Mme gone, ba bangwe ba ya go bolelela Bafarasai se Jesu a se dirileng. Bafarasai le baperesiti ba bagolo, ba tshwara pokano ya maloko a kgotlakgolo ya Bajuda e e bidiwang Sanehederine. Maloko ano a akaretsa moperesiti yo mogolo e bong Kaiafase. Bangwe ba bone ba re: “Re tlile go dira eng, ka gonne monna yono o dira dikgakgamatso di le dintsi? Fa re ka mo tlogela fela, batho botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla ba bo ba tsaya lefelo la rona mmogo le setšhaba sa rona.” (Johane 11:47, 48) Le fa gone banna bano ba utlwile basupi ba ba boneng Jesu a “dira dikgakgamatso di le dintsi,” ga ba itumelele se Modimo a se dirang a dirisa Jesu. Ba tshwenyegile thata ka maemo a bone le taolo e ba nang le yone.

Bajuda ba bolelela Bafarasai gore Lasaro o tsositswe mo baswing

Kgang ya gore Lasaro o tsositswe mo baswing, e bontsha gore Basadukae ba ba sa dumeleng mo tsogong ya baswi, ba fentswe. Jaanong Kaiafase yo e leng Mosadukae, o ba raya a re: “Ga lo itse sepe gotlhelele, e bile ga lo lemoge gore ke lona ba lo tla solegelwang molemo fa motho a le mongwe a swa mo boemong jwa batho, go na le gore setšhaba sotlhe se senngwe.”—Johane 11:49, 50; Ditiro 5:17; 23:8.

E re ka Kaiafase a na le maemo, Modimo o mo tlhotlheletsa gore a bue mafoko ao; ‘ga a itlhamele’ se a se buang. Kaiafase o raya gore Jesu o tshwanetse go bolawa gore a se ka a tswelela a nyatsa taolo le tlhotlheletso e baeteledipele ba Bajuda ba nang le yone. Le fa go ntse jalo, boporofeti jono jwa ga Kaiafase bo bontsha gore Jesu o ne a tla ntsha thekololo fa a swa, mme a sa e ntshetse Bajuda fela, go na le moo a e ntshetsa ‘bana botlhe ba Modimo ba ba neng ba gasame.’—Johane 11:51, 52.

Kaiafase o kgona go tlhotlheletsa maloko a Sanehederine gore a loge leano la go bolaya Jesu. A Nikodemo, yo e leng leloko la Sanehederine e bile a itse Jesu, o mmolelela leano leno? Ga re itse. Le fa go ntse jalo, Jesu o tswa mo kgaolong ya Jerusalema gore a se ka a swa pele ga nako e Modimo a e tlhomileng.

  • Batho ba ba bonang fa Lasaro a tsosiwa mo baswing, ba tsiboga jang?

  • Ke eng se se bontshang gore maloko a Sanehederine a bosula?

  • Go sa kgathalesege maitlhomo a ga Kaiafase, Modimo o mo tlhotlheletsa gore a porofete ka eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela