LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 117 ts. 270-ts. 271 ser. 3
  • Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Selalelo sa Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Selalelo sa Segopotso
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mo Phaposing e e Kwa Godimo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Keresetse o a Rekisiwa A bo A Tshwarwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 117 ts. 270-ts. 271 ser. 3
Jesu o simolola Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa a na le baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bongwe ba ba ikanyegang

KGAOLO 117

Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa

MATHAIO 26:21-29 MAREKO 14:18-25 LUKE 22:19-23 JOHANE 13:18-30

  • JUDASE O A SENOGA GORE KE MOTSIETSI

  • JESU O SIMOLOLA SEGOPOTSO

Pelenyana mo maitseboeng ao, Jesu o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto ya go nna boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao. Gone jaanong, gongwe fa ba sena go ja Tlolaganyo, o nopola mofoko a boporofeti a ga Dafide a a reng: “Motho yo ke tshelang le ene ka kagiso, yo ke neng ke mo ikantse, yo o neng a ja le nna, o ntlhanogetse.” Go tswa foo o tlhalosa jaana: “Mongwe wa lona o tla nthekisa.”—Pesalema 41:9; Johane 13:18, 21.

Baaposetoloi ba a lebana mme mongwe le mongwe a bo a mmotsa a re: “Morena, ga se nna gakere?” Judase Isekariota le ene o a mmotsa. Johane o ntse gaufi le Jesu fa tafoleng, ka jalo Petere o mo rotloetsa gore a botse Jesu gore o bua ka mang. Johane o ikaega ka Jesu a bo a mmotsa jaana: “Morena, ke mang?”—Mathaio 26:22; Johane 13:25.

Jesu o araba a re: “Ke yo ke tla mo nayang senkgwe seno se ke se inang mo sopong.” Jesu o ina senkgwe mo sejaneng se se mo tafoleng a bo a se naya Judase, a re: “Morwa motho o a tsamaya, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe. Le fa go ntse jalo, ruri monna yoo yo o rekisang Morwa motho o tla tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko! Go ka bo go nnile botoka fa monna yoo a ka bo a sa tsholwa.” (Johane 13:26; Mathaio 26:24) Satane o tsena mo go Judase. Jaanong monna yono yo o setseng a le bosula, o ineela go dira thato ya ga Diabolo a bo a fetoga “morwa tshenyego.”—Johane 6:64, 70; 12:4; 17:12.

Jesu o raya Judase a re: “Se o se dirang, se dire ka bonako thata.” E re ka Judase a ne a tshwara letlole la madi, baaposetoloi ba bangwe ba ithaya ba re Jesu o mo raya a re: “‘Reka dilo tse re di tlhokelang moletlo,’ kgotsa gore a neye bahumanegi sengwe.” (Johane 13:27-30) Go na le moo, Judase o a tsamaya o ya go rekisa Jesu.

Fa Judase a sena go tsamaya, Jesu o simolola moletlo o mosha o o farologaneng thata le wa Tlolaganyo. O tsaya senkgwe, o a rapela, o a se ngathoganya a bo a se naya baaposetoloi gore ba je. O ba raya a re: “Seno se kaya mmele wa me, o o tla ntshiwang mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Senkgwe seno se se ngathogantsweng se a fetisiwa mme baaposetoloi ba a se ja.

Jaanong Jesu o tsaya senwelo se se nang le beine, o a rapela a bo a se ba naya. Mongwe le mongwe wa bone o nwa mo senwelong seno se Jesu a buang jaana ka sone: “Beine e e mo senwelong seno e kaya kgolagano e ntšha e e tla simololang fa ke tsholola madi a me, a a tla tshololelwang lona.”—Luke 22:20.

Ka jalo, Jesu o rulaganya segopotso sa loso lwa gagwe se balatedi ba gagwe ba tla se tshwarang ngwaga le ngwaga ka Nisane 14. Se tla ba gopotsa se Jesu le Rraagwe ba se dirileng go thusa batho ba ba nang le tumelo gore ba gololesege mo boleong le mo losong. Sa botlhokwa le go feta, se tla tlisetsa batho kgololesego ya mmatota, go farologana le Tlolaganyo ya Bajuda.

Jesu a re madi a gagwe “a tla tshololelwa batho ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.” Bangwe ba batho bao ba bantsi ba ba tla itshwarelwang maleo, ke baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang le barutwa ba bangwe. Ke bone ba ba tla bong ba busa le ene mo Bogosing jwa ga Rraagwe.—Mathaio 26:28, 29.

  • Jesu o nopola boporofeti bofe jo bo buang ka mongwe yo a tlwaelaneng le ene, mme o bo tlhalosa jang?

  • Jesu o bolelela Judase gore a dire eng, mme baaposetoloi ba bangwe ba tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu?

  • Ke tiragalo efe e Jesu a e simololang, mme boikaelelo jwa yone ke bofe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela