KGAOLO 124
Keresete O A Rekisiwa A Bo A Tshwarwa
MATHAIO 26:47-56 MAREKO 14:43-52 LUKE 22:47-53 JOHANE 18:2-12
JUDASE O REKISA JESU KWA TSHINGWANENG
PETERE O KGAOLA TSEBE YA MONNA MONGWE
JESU O A TSHWARWA
Ke morago ga bosigogare. Baperesiti ba dumalane gore ba duele Judase madi a selefera a le 30 gore a ba rekisetse Jesu. Ka jalo, Judase o etelela pele setlhopha se segolo sa baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ba batlang go tshwara Jesu. Se tsamaya le masole a Roma a a nang le molaodi wa one.
Go bonala sentle gore Judase o ile a ya kwa baperesiting ba bagolo fa Jesu a sena go mo leleka kwa ba neng ba jela Tlolaganyo gone. (Johane 13:27) Ba phuthile badiredibagolo ba bone le masole. Judase a ka tswa a ile a ba isa pele kwa phaposing e Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba jela Tlolaganyo kwa go yone. Mme jaanong setlhopha seno se kgabagantse Mokgatšha wa Kedirone mme se lebile kwa tshingwaneng. E re ka ba ikemiseditse go tshwara Jesu, ba tshotse dibetsa, dipone le dikgong tse di tukang.
Fa Judase a ntse a ba eteletse pele ba palama Thaba ya Lotlhware, o tlhatswegile pelo gore o itse kwa ba ka bonang Jesu gone. Mo bekeng e e fetileng, fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba nna mo Bethani mme ba ya Jerusalema mo e batlang e le letsatsi le letsatsi, gantsi ba ne ba ikhutsa mo tshingwaneng ya Gethesemane. Mme gone jaanong go bosigo e bile Jesu a ka tswa a sirilwe ke meriti ya ditlhare tse di mo tshingwaneng. Jaanong masole a a ka tswang a ise a tsamaye a bone Jesu, a tla mo lemoga jang? Judase o tla ba naya sesupo se se tla ba thusang go lemoga Jesu. O ba raya a re: “Ope fela yo ke mo sunang, ke ene; lo mo tshware lo bo lo tsamaya ka ene lo mo disitse.”—Mareko 14:44.
Fa Judase a tsena le setlhopha seno mo tshingwaneng, o bona Jesu le baaposetoloi ba gagwe a bo a ya kwa go ene. O raya Jesu a re, “Dumela, Rabi!” a bo a mo suna. Jesu o mo raya a re: “Mogaetsho, o tlile go dira eng fano?” (Mathaio 26:49, 50) Jesu o ikaraba a re: “Judase, a o rekisa Morwa motho ka go mo suna?” (Luke 22:48) Mme gone, Jesu ga a tlhole a tshwenyegile ka Judase!
Jaanong Jesu o ema mo leseding la dikgong tse di tukang le la dipone a bo a ba botsa a re: “Lo batla mang?” Setlhopha seo se mo araba jaana: “Jesu wa Monasaretha.” Jesu o bua jaana a le pelokgale: “Ke nna.” (Johane 18:4, 5) E re ka banna bano ba sa itse se se tla diregang, ba wela fa fatshe.
Go na le gore Jesu a dirise tshono eno go tshaba gore a ye go iphitlha mo lefifing, o ba botsa gape gore ba batla mang. Fa ba mo araba gape ba re, “Jesu wa Monasaretha,” o ba araba jaana a ritibetse: “Ke lo boleletse gore ke nna. Ka jalo, fa e le gore lo batla nna, tlogelang banna bano ba tsamaye.” Tota le mo nakong eno e e thata, Jesu o gakologelwa se a se buileng pelenyana fa a ne a re ga a kitla a latlhegelwa ke ope. (Johane 6:39; 17:12) O ntse a sireleditse baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, mme ga a a latlhegelwa ke ope “fa e se morwa tshenyego,” e bong Judase. (Johane 18:7-9) Ka jalo, o kopa gore baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba tlogelwe mme ba tsamaye.
Fa masole a atamela Jesu, baaposetoloi ba lemoga gore go diragala eng. Ba botsa Jesu ba re: “Morena, a re ka ba kgemetha ka tšhaka?” (Luke 22:49) Pele ga a ba araba, Petere o somola nngwe ya ditšhaka tse pedi tse ba di tshotseng. O tlhasela Maleko, motlhanka wa moperesiti yo mogolo a bo a mo kgaola tsebe ya moja.
Jesu o ama tsebe ya ga Maleko a bo a mo fodisa. Go tswa foo o ruta thuto nngwe ya botlhokwa fa a laela Petere a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo kgetsaneng ya yone, ka gonne botlhe ba ba dirisang tšhaka ba tla bolawa ka tšhaka.” Jesu o iketleeleditse go tshwarwa, ka gonne o tlhalosa jaana: “Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang tse di buang gore seno se tshwanetse go direga ka tsela eno?” (Mathaio 26:52, 54) O oketsa a re: “A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?” (Johane 18:11) Jesu o dumela go dira thato ya Modimo go ya bokgakaleng jwa gore a swe.
Jesu o botsa setlhopha seo jaana: “A lo tlile go ntshwara lo tshotse ditšhaka le melamu jaaka e kete lo tlile go tshwara sekebekwa? Letsatsi le letsatsi ke ne ke tlhola ke na le lona mo tempeleng ke ruta, le fa go ntse jalo lo ne lwa se ka lwa ntshwara. Mme dilo tseno tsotlhe di diragetse gore mekwalo ya baporofeti e tle e diragadiwe.”—Mathaio 26:55, 56.
Masole, molaodi wa masole le badiredibagolo ba Bajuda ba tshwara Jesu ba bo ba mmofa. Fa baaposetoloi ba bona seno, ba tlhanola direthe. Le fa go ntse jalo, “lekawana lengwe,” le e ka tswang e le morutwa Mareko, lone ga le tshabe gore le sale Jesu morago. (Mareko 14:51) Batho bano ba lemoga lekawana leno mme ba leka go le tshwara, mme o patelesega go tlogela seaparo sa gagwe sa letsela le le boleta a bo a tshaba.