LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 118
  • Go Okwa le go Tshwarwa Ga Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Okwa le go Tshwarwa Ga Gagwe
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Okwa le go Tshwarwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Keresetse o a Rekisiwa A bo A Tshwarwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu mo Tshimong
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu o a Tshwarwa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 118

Kgaolo 118

Go Okwa le go Tshwarwa Ga Gagwe

GO SETSE go fetile nako ya bosigogare fa Judase a tsena mo Gethesemane a eteletse pele setlhopha se segolo sa masole, baperesiti ba bagolo, Bafarasai, le batho ba bangwe. Baperesiti ba dumalane le Judase go mo naya dipapetlana tse 30 tsa selefera gore a oke Jesu.

Pelenyana ga foo, fa Judase a ne a lelekwa kwa moletlong wa Tlolaganyo, go lebega a ne a tlhamalalela kwa baperesiting ba bagolo. Bano ba ne ba kokoanya maotlana a bone, mmogo le setlhopha sa masole ka bonako. Gongwe Judase o ne a ba isa pele kwa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba jela Tlolaganyo gone. E ne ya re fa a ba fitlhela ba tsamaile, boidiidi jo bogolo joo jo bo neng bo tshotse dibolao le dilampa le dipone bo ne jwa sala Judase morago jwa tswa ka Jerusalema mme ba kgabaganya Mokgatšha wa Kiderone.

Fa Judase a ntse a eteletse mokoloko oo pele a tlhatloga Thota ya Lotlhware, o tlhomamisegile tota gore o itse koo a ka bonang Jesu gone. Mo bekeng e e fetileng, fa Jesu le baaposetoloi ba ne ba ntse ba tsamayatsamaya fa gare ga Bethania le Jerusalema, ba ne ba tlhola ba ema fa tshimong ya Gethesemane go ikhutsa gone le go tlotla. Mme jaanong, masole a ne a tla bona jang Jesu ereka a ne a sa bonale mo lefifing a le kafa tlase ga ditlhare tsa motlhware? Ba ka tswa ba ne ba ise ba ko ba mmone pele. Ka jalo Judase o ba naya sesupo a ba raya a re: “Leha e le mañ eo ke tla mo atlañ, ke èna, lo chwareñ èna. Lo mo gōgèlè koñ ka tiishō.”

Judase o eteletse pele boidiidi jwa batho go tsena mo tshimong, o bona Jesu le baaposetoloi ba gagwe, mme o tlhamalalela kwa go ene. “Dumèla, Moruti;” o bua jalo a bo a mo atla ka go mo neneketsa.

“Tsala, [u tlile go dira eng fano, NW]?” Jesu o botsa jalo. Morago o ikaraba ka go bua jaana: “Yudasa, a u ōka Morwa Motho ka katlō?” Jaanong go lekane ka mooki wa gagwe! Jesu o tla mo leseding la dipone le dilampa tse di tukang a bo a botsa jaana: “Lo batla mañ?”

“Yesu oa Nasaretha,” ba araba jalo.

“Ke nna,” Jesu o araba jalo a eme ka bopelokgale fa pele ga bone botlhe. Ereka ba ne ba gakgamadiwa ke bopelokgale jwa gagwe mme ba sa itse se se ka diragalang, banna bano ba katogela kwa morago ba bo ba wela fa fatshe.

“Ke lo boleletse ha e le nna,” Jesu o tswelela ka go rialo a wetse dibete. “Ha lo batla nna, lesañ ba ba tsamaeè.” Lobakanyana pele ga foo, fa ba ne ba le kwa ntlwaneng e e kwa godimo, Jesu o ne a ile a bolelela Rraagwe mo thapelong gore o ne a bolokile baaposetoloi botlhe ba gagwe mme ga go ope yo o latlhegileng fa e se “ñwana oa tatlhègō hèla.” Ka jalo, gore lefoko la gagwe le tle le diragadiwe, o kopa gore balatedi ba gagwe ba tlogelwe.

Fa masole a sena go nna le bopelokgale gape, a a ema, mme a simolola go bofa Jesu, baaposetoloi ba lemoga se se tla tlogang se diragala. “Morèna, a ke re rèmè ka chaka?” ba a mmotsa. Pele ga Jesu a araba, Petere, a kgatikanya tšhaka nngwe ya ditšhaka tse pedi tseo baaposetoloi ba tlileng le tsone, o tlhasela Maleko, motlhanka wa moperesiti yo mogolo. Petere o fosa tlhogo ya motlhanka yono mme o mo kgaola tsebe ya moja.

“Mmañ ke dihè yana,” Jesu o bua jalo a tsereganya. O fodisa ntho eo ka go ama tsebe ya ga Maleko. Morago ga foo o ruta thuto e e botlhokwa thata, a laela Petere a re: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka. Kgotsa a ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hèla yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa?”

Jesu o iketleeditse go golegwa, ka go bo o tlhalosa jaana: “Me hoñ dikwalō di ne di tla dihala yañ, ka di re, Go na le go nna yana?” Mme o oketsa jaana: “Senwèlō se Rara o se nneileñ, a ga nketla ke se nwa?” O dira tumalanong le sotlhe seo thato ya Modimo e leng sone ka ene!

Morago ga moo Jesu o bua le setlhopha. “A lo tsile yaka ekete lo chologetse senokwane ka dichaka le melamu go nchwara?” o a ba botsa. “Ke nntse ka nna ka dula ka malatsi aotlhe mo tempeleñ, ke ruta, me lo se ka loa nchwara. Me gotlhe mo go dihetse, gore dikwalō tsa baperofeti di dihalè.”

Fa a rialo setlhopha sa masole le molaodi wa masole mmogo le batlhankedi ba Bajuda ba tshwara Jesu ba bo ba mo golega. Fa ba bona seno, baaposetoloi ba tlogela Jesu ba bo ba tshaba. Lefa go ntse jalo, lekawana lengwe—le gongwe eleng morutwa Mareko—o sala gareng ga boidiidi joo jwa batho. A ka tswa a ne a le gone kwa ntlong eo Jesu a neng a tshwaretse Tlolaganyo kwa go yone mme a ile a sala boidiidi jwa batho morago go tloga koo. Lefa go ntse jalo, jaanong, ba a mo lemoga, mme ba leka go mo tshwara. Mme o latlha kobo ya gagwe ya leloba a bo a tshaba a sa apara. Mathaio 26:47-56; Mareko 14:43-52; Luke 22:47-53; Yohane 17:12; 18:3-12.

▪ Ke ka ntlha yang fa Judase a tlhomamisegile gore o tla fitlhela Jesu kwa tshimong ya Gethesemane?

▪ Jesu o supa jang gore o amega ka baaposetoloi ba gagwe?

▪ Petere o dira eng go sireletsa Jesu, mme Jesu o raya Petere a reng kaga gone?

▪ Jesu o senola jang gore o dumalana ka botlalo le seo Modimo o ratang gore a se dire?

▪ Ke mang yo o salang fa baaposetoloi ba tlogela Jesu, mme o diragalelwa ke eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela