LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 100
  • Jesu mo Tshimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu mo Tshimong
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Okwa le go Tshwarwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Keresetse o a Rekisiwa A bo A Tshwarwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Okwa le go Tshwarwa Ga Gagwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o a Tshwarwa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 100
Judase o oka Jesu ka go mo atla mo tshimong ya Gethesemane

POLELO 100

Jesu mo Tshimong

FA Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba sena go tswa mo phaposing e e kwa godimo, ba ya kwa tshimong ya Gethesemane. Ba ne ba tlhola ba tla fano makgetlo a le mantsi. Jaanong Jesu o ba bolelela gore ba nne ba tsogile mme ba rapele. Go tswa foo o tsamaya sekgalanyana go tswa fa go bone, a bo a inamisa sefatlhego a rapela.

Moragonyana o boela kwa baaposetoloi ba gagwe ba leng teng. O akanya gore ba dira eng? Ba robetse! Jesu o ba bolelela ka makgetlo a le mararo gore ba nne ba tsogile, le fa go ntse jalo mo go lengwe le lengwe la makgetlo ano, fa a boa o ba fitlhela ba robetse. Mo lekgetlong la boraro fa Jesu a boa, o ba raya a re: ‘Go tla jang gore lo bo lo robetse mo nakong e e ntseng jaana? Nako e gorogile ya gore ke neelwe baba ba me.’

Ka yone nako eo, go utlwala modumo wa segopa se segolo sa batho. Bona! Banna ba tla ba tshotse ditšhaka le melamu! Mme gape ba tshotse dipone gore ba bonese. Fa ba atamela, mongwe o tswa mo segopeng seo a bo a tla ka tlhamalalo kwa go Jesu. O a mo atla jaaka fa o bona. Monna yono ke Judase Isekariota! Ke ka ntlha yang fa a atla Jesu?

Jesu o mmotsa jaana: ‘Judase, a o nkoka ka go nkatla?’ Go atla ke sesupo. Se thusa banna ba ba nang le Judase gore ba bone gore yono ke ene Jesu, monna yo ba mmatlang. Ka jalo, baba ba ga Jesu ba atamela kwa go ene gore ba mo tshware. Le fa go ntse jalo, Petere ga a na go ba letla ba tsaya Jesu fela a sa lwe. O somola tšhaka e a tlileng le yone a bo a itaya monna yo a bapileng le ene. O fosa tlhogo ya monna yono ka tšhaka mme o mo kgaola tsebe ya moja. Mme Jesu o ama tsebe ya monna yono a bo a e fodisa.

Jesu o raya Petere a re: ‘Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone. A ga o akanye gore nka kopa Rre gore a romele baengele ba le diketekete gore ba ntshireletse?’ A ka kgona go dira jalo! Le fa go ntse jalo, Jesu ga a kope Modimo gore a romele moengele ope ka gonne a itse gore nako ya gore a neelwe baba ba gagwe e gorogile. Ka jalo, o ba letla gore ba mo tseye. A re bone se se diragalelang Jesu jaanong.

Mathaio 26:36-56; Luke 22:39-53; Johane 18:1-12.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela