LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 88 ts. 206
  • Jesu o a Tshwarwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o a Tshwarwa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Keresetse o a Rekisiwa A bo A Tshwarwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Okwa le go Tshwarwa Ga Gagwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Okwa le go Tshwarwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Jesu mo Tshimong
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 88 ts. 206
Judase a tlhanogela Jesu kwa tshimong ya Gethesemane

THUTO 88

Jesu o a Tshwarwa

Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba feta mo Molatswaneng wa Kiderona ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware. E ne e le mo gare ga bosigo e bile ngwedi o tletse. Fa ba goroga kwa tshimong ya Gethesemane, Jesu o raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Nnang fano mme lo nne lo disitse.” Go tswa foo, Jesu o ne a tsamaela kwa pelenyana a bo a khubama. O ne a rapela Jehofa a utlwile botlhoko a re: “A go diragale thato ya gago.” Jehofa o ne a romela moengele go ya go mo kgothatsa. Fa Jesu a boela kwa baaposetoloing, o ne a ba fitlhela ba robetse. O ne a ba raya a re: ‘Tsogang! Ga se nako ya go robala! Nako e setse e gorogile ya gore baba ba me ba ntshware.’

Judase a newa kgetsana ya madi

Ka bonako fela, Judase o ne a tla a setswe morago ke batho ba le bantsi ba tshotse ditšhaka le melamu. O ba isitse koo ka gonne a itse gore o ne a tlhola a tla le Jesu mo tshimong eo. Judase o ne a bolelela masole gore o tla dira eng gore ba lemoge gore Jesu ke mang. O ne a ya kwa go Jesu mme a re: ‘Dumela Moruti,’ go tswa foo a bo a mo suna. Jesu o ne a mo raya a re: ‘Judase a ke yone tsela e o nthekisang ka yone?’

Jesu o ne a botsa batho ba Judase a tlileng le bone a re: “Lo batla mang?” Ba ne ba re: “Jesu wa Monasaretha.” O ne a ba raya re: “Ke nna,” mme ba ne ba boela morago ba bo ba wa. Jesu o ne a ba botsa gape a re: “Lo batla mang?” Ba ne ba re: “Jesu wa Monasaretha.” Jesu a boa a re: ‘Ke lo boleletse gore ke nna. Lesang banna bano ba tsamaye.’

Fa Petere a bona se se diregang, o ne a ntsha tšhaka mme a kgaola tsebe ya ga Maleko yo e neng e le modiredi wa moperesiti yo mogolo. Mme Jesu o ne a e busetsa. Go tswa foo, Jesu o ne a raya Petere a re: ‘Busetsa tšhaka ya gago. Fa o lwa ka tšhaka, o tla bolawa ka yone.’ Masole a ne a tshwara Jesu, a mo bofa matsogo mme baaposetoloi ba tlhanola direthe. Ba ne ba isa Jesu kwa go moperesiti yo mogolo e bong Anase. Mme Anase o ne a mmotsa dipotso a bo a mo romela kwa Moperesiting yo Mogolo e bong Kaiafase. Go ile ga diragalang ka baaposetoloi?

“Mo lefatsheng lo tla nna le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”​—Johane 16:33

Dipotso: Go ile ga diragalang kwa tshimong ya Gethesemane? O ka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se dira mo bosigong joo?

Mathaio 26:36-57; Mareko 14:32-50; Luke 22:39-54; Johane 18:1-14, 19-24

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela