LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • od kgao. 2 ts. 12-16
  • Go Lemoga Seabe sa ga Keresete mo Thulaganyong ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Seabe sa ga Keresete mo Thulaganyong ya Modimo
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEABE SA GA KERESETE
  • SE GO LEMOGA SEABE SA GAGWE GO SE KAYANG
  • Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Latela “Keresete”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Kafa Jesu Keresete A ka Re Thusang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Boikaelelo Jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
od kgao. 2 ts. 12-16

KGAOLO 2

Go Lemoga Seabe sa ga Keresete mo Thulaganyong ya Modimo

“MO TSHIMOLOGONG Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe,” mme sengwe le sengwe se a se dirileng se ne se le “molemo tota.” (Gen. 1:1, 31) Jehofa o ne a dira batho ba na le tsholofelo e e molemo ka isagwe. Le fa go ntse jalo, botsuolodi jwa kwa Edene bo ne jwa kgoreletsa boitumelo jwa batho ka nakwana. Mme gone, boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le ka batho ga bo a ka jwa fetoga. Modimo o ne a bontsha gore ditlogolwana tse di kutlo tsa ga Adame di ne di tla gololwa. Gape kobamelo ya boammaaruri e ne e tla tsosolosiwa, mme Modimo o ne a tla nyeletsa yo o boikepo le ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di boikepo. (Gen. 3:15) Dilo di ne di tla boa gape di nna “molemo tota.” Jehofa o ne a tla fitlhelela seno ka Morwawe, Jesu Keresete. (1 Joh. 3:8) Ka jalo, go botlhokwa thata gore re lemoge seabe sa ga Keresete mo thulaganyong ya Modimo.—Dit. 4:12; Bafil. 2:9, 11.

SEABE SA GA KERESETE

2 Fa re akanya ka seabe sa ga Keresete mo thulaganyong ya Modimo, re lemoga gore seabe sa gagwe se na le dikarolo di le dintsi. Jesu ke Morekolodi wa batho, ke Moperesiti yo Mogolo, ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, mme gone jaanong ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Go tlhatlhanya ka maikarabelo ano a gagwe go godisa tsela e re anaanelang thulaganyo ya Modimo ka yone e bile go nonotsha lorato lo re ratang Keresete Jesu ka lone. Baebele e tlhalosa mangwe a maikarabelo a gagwe a a farologaneng.

Jesu ke motho wa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho

3 Ka nako ya bodiredi jwa ga Keresete jwa mo lefatsheng, go ne ga bonala sentle gore Jesu ke ene a neng a tla letlanya batho ba ba kutlo le Modimo. (Joh. 14:6) E re ka e le Morekolodi wa batho, o ne a ineela go nna thekololo gore a bone ba le bantsi. (Math. 20:28) Ka gone, Jesu ga se sekao fela sa go itshwara ka tsela e Modimo a e amogelang mme gape ke motho wa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho. Ke ka ene fela re ka kgonang go boa gape re amogelwa ke Modimo. (Dit. 5:31; 2 Bakor. 5:18, 19) Loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo le tsogo ya gagwe di buletse batho ba ba kutlo tshono ya go bona masego a a nnetseng ruri, ba busiwa ke Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong.

4 E re ka Jesu e le Moperesiti yo Mogolo, o kgona go re “utlwela botlhoko ka makoa a rona” le go direla maleo a balatedi ba gagwe ba ba ineetseng ba ba mo lefatsheng tetlanyo. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” Go tswa foo, Paulo o kgothaletsa batho ba ba dumelang mo go Jesu Keresete go dirisa ka botlalo thulaganyo eno e e tla ba thusang go letlana le Modimo, ka go bua jaana: “Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Baheb. 4:14-16; 1 Joh. 2:2.

5 Gape Jesu ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Fela jaaka go ne go ntse ka balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le rona gompieno ga re tlhoke go nna le moeteledipele wa motho. Jesu o re etelela pele ka go dirisa moya o o boitshepo le ka go dirisa badisa ba babotlana ba ba tshwanelegang, ba ba ikarabelelang mo go ene le mo go Rraagwe wa kwa legodimong ka tsela e ba tlhokomelang letsomane la Modimo ka yone. (Baheb. 13:17; 1 Pet. 5:2, 3) Jehofa o ne a bua jaana ka Jesu ka tsela ya boporofeti: ‘Bona! Ke mo dirile mosupi mo ditšhabeng, moeteledipele le molaodi mo ditšhabeng.’ (Isa. 55:4) Jesu o ne a gatelela go diragadiwa ga boporofeti jono fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—Math. 23:10.

6 Jesu o bontsha boikutlo jwa mogopolo jo a nang le jone le gore o iketleeleditse go re thusa, ka go re laletsa jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:28-30) Jesu Keresete o itshupile e le “modisa yo o molemo” ka go okamela dilo tsa phuthego ya Bokeresete ka bonolo le ka tsela e e lapolosang meya ya rona, ka go dira jalo a etsa Rraagwe wa kwa legodimong, Jehofa Modimo.—Joh. 10:11; Isa. 40:11.

7 Mo lekwalong la ntlha le Paulo a le kwaletseng Bakorintha, o ile a tlhalosa karolo e nngwe ya seabe sa ga Jesu Keresete ka mafoko ano: “O tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. Mme fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya gagwe, go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.” (1 Bakor. 15:25, 28) E re ka Jesu e le leitibolo la popo ya Modimo, pele ga a tla mo lefatsheng, e ne e le “modiri yo o setswerere” kwa legodimong. (Dia. 8:22-31) Fa Modimo a ne a romela Jesu mo lefatsheng, Jesu o ne a dira thato ya Modimo ka dinako tsotlhe. O ne a itshokela teko e kgolo mme a swa a ikanyega mo go Rraagwe. (Joh. 4:34; 15:10) E re ka Morwa a ile a ikanyega le e leng go isa losong, Modimo o ile a mo tsosetsa kwa legodimong mme a mo naya tshwanelo ya go nna Kgosi ya Bogosi jwa kwa legodimong. (Dit. 2:32-36) Ka jalo, Keresete Jesu o na le kabelo e kgolo e a e neilweng ke Modimo, ya go etelela pele masomosomo a dibopiwa tse di maatla tsa moya go fedisa dipuso tsa batho le go tlosa boikepo jotlhe jo bo mo lefatsheng. (Dia. 2:21, 22; 2 Bathes. 1:6-9; Tshen. 19:11-21; 20:1-3) Fa a sena go dira jalo, Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong jo bo eteletsweng pele ke Keresete, e tla bo e le jone fela puso e e laolang lefatshe lotlhe.—Tshen. 11:15.

SE GO LEMOGA SEABE SA GAGWE GO SE KAYANG

8 Motlhomasekao wa rona e bong Jesu Keresete, o itekanetse. O neilwe boikarabelo jwa go re tlhokomela. Gore re solegelwe molemo ke tlhokomelo ya gagwe e e lorato, re tshwanetse go tswelela re ikanyega mo go Jehofa le go tsamaisana le phuthego ya gagwe e e gatelang pele.

9 Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lemoga ka botlalo seabe sa ga Keresete mo thulaganyong ya Modimo. Ba ne ba bontsha seno ka go dira mmogo ka kutlwano ba okametswe ke Keresete, ba ikobela kaelo e a ba nayang yone ka moya o o boitshepo. (Dit. 15:12-21) Moaposetoloi Paulo o ne a umaka kutlwano ya phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng fa a ne a re: “Ka go bua boammaaruri, a ka lorato re goleng mo dilong tsotlhe mo go ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete. Go tswa mo go ene mmele otlhe, ka go kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane ka lelokololo lengwe le lengwe le le nayang se se tlhokwang, go ya ka go dira ga tokololo nngwe le nngwe ka go farologana ga tsone ka selekanyo se se tshwanetseng, o direla kgolo ya mmele gore o ikage mo loratong.”—Baef. 4:15, 16.

10 Fa leloko lengwe le lengwe mo phuthegong le dirisana sentle le maloko a mangwe mme otlhe a dira mmogo ka kutlwano ka go ikobela taolo ya ga Keresete, batho ba nna le kamano e e nonofileng le Jehofa le lorato, lo e leng “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Joh. 10:16; Bakol. 3:14; 1 Bakor. 12:14-26.

11 Ditiragalo tsa lefatshe tse di diragatsang boporofeti jwa Baebele di bontsha sentle gore Jesu Keresete o ile a newa maatla a Bogosi fa e sa le ka 1914. Gone jaanong o busa mo gare ga baba ba gagwe. (Pes. 2:1-12; 110:1, 2) Seno ke sesupo sa eng mo bathong ba gone jaanong ba tshelang mo lefatsheng? Go ise go ye kae, Jesu o tla dira seabe sa gagwe sa go nna Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena fa a diragatsa katlholo ya Modimo mo babeng ba gagwe. (Tshen. 11:15; 12:10; 19:16) Ka jalo, tsholofetso ya go golola batho e Jehofa a e dirileng kwa tshimologong ya botsuolodi jwa motho, e tla diragadiwa mo bathong ba ba ka fa letsogong la moja la ga Keresete, e leng ba a ba amogelang. (Math. 25:34) Ruri re itumelela go bo re ile ra lemoga seabe sa ga Keresete mo thulaganyong ya Modimo! E kete re ka tswelela re le seoposengwe fa re ntse re dira bodiredi jo bo dirwang mo lefatsheng lotlhe re eteletswe pele ke Keresete mo metlheng eno ya bofelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela