LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ypq potso 5 ts. 15-17
  • Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?
  • Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Dirang fa ke Kgerisiwa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Tlogela go Kgerisa
    Tsogang!—2003
  • Go Kgerisa—Dingwe Tsa Dilo Tse di go Bakang le Matswela a Gone
    Tsogang!—2003
  • Go Kgerisa—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
ypq potso 5 ts. 15-17
Mosimane o kgerisiwa ke yo mongwe fa pele ga baithutimmogo le ene

POTSO 5

Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?

BOTLHOKWA JWA SENO

Tsela e o tsibogang ka yone e ka tokafatsa dilo—kgotsa ya di dira maswe le go feta.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Thomas ga a batle go ya sekolong gompieno. Ga a batle go ya sekolong ka moso, tota e bile ga a tlhole a batla go ya sekolong gotlhelele. Bothata bo simologile dikgwedi tse tharo tse di fetileng fa baithutimmogo le ene ba ne ba anamisa maaka a a mo senyang leina. Morago ga moo, ba ne ba mmitsa ka maina a tshotlo. Ka dinako tse dingwe mongwe o phaila dibuka tsa ga Thomas a bo a dira e kete e ne e le phoso, kgotsa mongwe mo setlhopheng se se mo morago ga gagwe o a mo kgorometsa mme fa a retologa, ga a lemoge gore o kgoromeditswe ke mang. Maabane dilo di ne tsa nna maswe le go feta fa a ne a amogela molaetsa wa Internet o o mo tshosetsang . . .

Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le Thomas?

EMA MME O AKANYE!

Ga se gore ga o na maatla gotlhelele! Tota e bile, o ka kgona go fenya mokgerisi kwantle ga go lwa le ene. O ka dira seno jang?

  • O SE KA WA TSEEGA MAIKUTLO. Baebele ya re: “Seeleele se tle se bolele botlhale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.” (Diane 29:11, Baebele e e Boitshepo) Fa o nna o ritibetse—o dira e kete ga o a tshoga—ba ba go kgerisang ba ka nna ba itlhoboga.

  • O SE KA WA IPUSOLOSETSA. Baebele ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Go batla go ipusolosetsa go ka gakatsa dilo.

  • O SE KA WA ITSENYA MO MATHATENG. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go ya bokgakaleng jo bo rileng, tila batho ba ba ratang go rumolana o bo o tile maemo a mo go one o ka nnang wa kgerisiwa.

  • LEKA GO ARABA KA TSELA E BA NENG BA SA E SOLOFELA. Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” (Diane 15:1) O ka nna wa leka go dira motlae. Ka sekai, fa mokgerisi a go raya a re o mokima, o ka nna wa tshikinya magetla o bo o mo raya o re, “o bua nnete, ke mokima tota!”

  • ITSAMAELE. Nora wa dingwaga di le 19 a re: “Go didimala go bontsha gore o godile mo tlhaloganyong le gore o nonofile go feta motho yo o go kgerisang. Go bontsha gore o na le boikgapo—sengwe se mokgerisi a se nang sone.”—2 Timotheo 2:24.

  • LWELA GO ITSHEPA. Gantsi bakgerisi ba kgona go lemoga batho ba ba inyatsang, ba go ka diregang gore ba se ka ba kgona go itwela. Mme gone, bakgerisi ba le bantsi ba tla tlogela go go tshwenya fa ba lemoga gore ga o ba letle gore ba go gatelele.

  • BOLELELA MONGWE. Motho mongwe yo e kileng ya bo e le morutabana a re: “Ke kgothaletsa mongwe le mongwe yo o kgerisiwang gore a bolelele mongwe. Ke selo se se siameng e bile se ka dira gore batho ba bangwe ba se ka ba kgerisiwa.”

Mosimane o lebile mokgerisi a le pelokgale

Go itshepa go tla go naya maatla a motho yo o go kgerisang a se nang one

A O NE O ITSE?

Kwantle ga go itewa, gape go kgerisiwa go ka akaretsa:

  • Mafoko a a tshwanang le molelo a tswa mo molomong wa mokgerisi

    Go sotliwa ka mafoko. “Nka se lebale maina a ba neng ba mpitsa ka one kgotsa dilo tse ba neng ba di bua. Ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke nyatsega, ke sa ratiwe e bile ke se na mosola. Go ka bo go nnile botoka fa ba ka bo ba ntiteile.”—Celine, 20.

  • Lekawana le ntse le le nosi morago ga go tlhaolwa ke balekane ba lone

    Go tlhaolwa. “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba simolola go ntila. Ba ne ba dira gore go lebege e kete ga go na manno a a lekaneng kwa phaposing ya bojelo, ka jalo, ke ne ke sa kgone go nna le bone. Ngwaga otlhe, ke ne ke nna ke lela e bile ke ja ke le nosi.”—Haley, 18.

  • Lekgarebe le katoga khomputara fa le sena go bona molaetsa o o le tshosetsang mo Internet

    Go kgerisiwa mo Internet. “Ka go kwala mafoko a le mmalwa fela mo khomputareng, o ka senya motho leina—tota le e leng botshelo jwa gagwe. Go ka utlwala e kete ke go feteletsa dilo, mme gone seno se ka direga!”—Daniel, 14.

DINTLHA KA GO KGERISIWA

BOAMMAARURI KANA MAAKA

DIKARABO

1 Go kgerisa go sa le go simologile bogologolo.

1 Boammaaruri. Ka sekai, Baebele e bua ka Banefilime —setlhopha sa batho ba leina la bone le kayang, “Ba ba Digang ba Bangwe.”—Genesise 6:4.

2 Go kgerisa ke go itshamekela go go sa reng sepe. Ga go maswe go le kalo.

2 Maaka. Go kgerisiwa ke lengwe la mabaka a a dirang gore basha ba le bantsi ba ipolaye.

3 Tsela e e molemo ya go fenya mokgerisi ke go ipusolosetsa.

3 Maaka. Gantsi bakgerisi ba a bo ba nonofile go gaisa batho ba ba ba kgerisang, ka jalo, go leka go ipusolosetsa go ka se thuse.

4 Fa o bona mongwe a kgerisiwa, go molemo gore o itlhokomolose seo.

4 Maaka. Mo lekgetlong leno, o ka se re ga o na molato gonne o sa tseye letlhakore. Fa o bona mongwe a kgerisiwa o bo o sa bue sepe, tota le wena o ka nna molato.

5 Le fa gone bakgerisi ba ikgantsha, gantsi ga ba itshepe.

5 Boammaaruri. Le fa gone bakgerisi bangwe ba itseela kwa godimo, bontsi jwa bone ga ba itshepe mme ba leka go itshepa ka go dira gore ba bangwe ba inyatse.

6 Bakgerisi ba ka fetoga.

6 Boammaaruri. Fa bakgerisi ba thusiwa, ba ka kgona go fetola tsela e ba akanyang ka yone le e ba itshwarang ka yone.

MAIKAELELO A ME

  • Fa ke kgerisiwa, ke tla dira jaana kgotsa ke tla bua jaana:

TSE DINGWE!

Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene

Leba bidio e e reng, Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene mo www.pr418.com/tn. (Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela