LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 12
  • Nka Dirang fa ke Kgerisiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirang fa ke Kgerisiwa?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go kgerisa ke eng?
  • Ke eng fa batho ba kgerisa ba bangwe?
  • Ke bomang ba gantsi ba kgerisiwang?
  • O ka dirang fa o kgerisiwa?
  • Nka Dira Eng fa ke Kgerisiwa Kwa Sekolong?
    Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Go Tlogela go Kgerisa
    Tsogang!—2003
  • Go Kgerisa—Dingwe Tsa Dilo Tse di go Bakang le Matswela a Gone
    Tsogang!—2003
  • Go Kgerisa—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 12

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka dirang fa ke kgerisiwa?

  • Go kgerisa ke eng?

  • Ke eng fa batho ba kgerisa ba bangwe?

  • Ke bomang ba gantsi ba kgerisiwang?

  • O ka dirang fa o kgerisiwa?

Gape bala ka dikakantsho tsa balekane ba gago le dikakgelo tsa morutabana mongwe tse di ka ga go kgerisiwa o bo o arabe dipotso ka ga go kgerisiwa.

Go kgerisiwa ke selo se se masisi. Patlisiso nngwe ya kwa Boritane e fitlhetse gore go lebega go kgerisiwa e le sengwe sa dilo tse di bakileng go ipolaya ga palo e e fetang diperesente di le 40 tsa basha ba ba ipolayang ba go begilweng ka bone mo metsweding ya dikgang kwa nageng eo.

Go kgerisa ke eng?

Go kgerisa ga se fela go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng. Gape go ka akaretsa le dilo tse di latelang.

  • Go tlhaselwa ka mafoko. Celine wa dingwaga tse 20 a re: “Basetsana ba a tle ba tlhabane ka mafoko. Nka se tsamaye ke lebala maina a ba neng ba mpitsa ka one kgotsa dilo tse ba neng ba di bua. Ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke se na mosola, ke sa ratiwe e bile ke se motho wa sepe. Go ka bo go nnile botoka gore ba ntiteye ka lebole.”

  • Go tlhaolwa. Haley wa dingwaga di le 18 a re: “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba simolola go nkekologa. Ba ne ba dira e kete ga go na setulo se nka nnang mo go sone ka nako ya dijo tsa motshegare gore ke se ka ka nna le bone. Ke ne ka fetsa ngwaga otlhe ke lela e bile ke ja ke le esi.”

  • Go kgerisiwa mo Internet. Daniel wa dingwaga di le 14 a re: “Go tobetsa dikonopo di se kae fela tsa khomputara go ka senya motho leina—kgotsa ga tlhakatlhakanya botshelo jwa gagwe. Seno se ka utlwala e le go feteletsa dilo mme se ka direga!” Gape go kgerisa go akaretsa go romelela motho ditshwantsho kgotsa melaetsa e e tlhabisang ditlhong ka founu ya selula.

Ke eng fa batho ba kgerisa ba bangwe?

Mangwe a mabaka a a tlwaelegileng ke ano.

  • Bone ka bobone ba kile ba kgerisiwa. Lekawana lengwe le le bidiwang Antonio la re: “Ke ne ke lapisitswe ke go sotliwa ke balekane ba me thata jaana mo ke neng ka simolola go kgerisa ba bangwe, fela gore balekane ba me ba nkamogele. Moragonyana fa ke akanya ka gone ke ne ka lemoga gore ruri go ne go le phoso go dira jalo!”

  • Ga ba na dikao tse di molemo. Jay McGraw o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Life Strategies for Dealing With Bullies: “Gantsi basha ba ba kgerisang ba bangwe ba tshwara batho ba bangwe . . . ka tsela e ba bonang batsadi ba bone, bomogoloabone kgotsa ba bangwe mo lelapeng ba tshwara ba bangwe ka yone.”

  • Ba itshwara e kete ba kwa godimo ga ba bangwe​—mme tota ba inyatsa. Mo bukeng ya gagwe ya The Bully, the Bullied, and the Bystander, Barbara Coloroso a re: “Bana ba ba kgerisang ba bangwe ba itseela kwa godimo mme gantsi totatota ba a bo ba fitlha kutlobotlhoko le go inyatsa ga bone.”

Ke bomang ba gantsi ba kgerisiwang?

  • Ba ba ratang go nna ba le bosi. Basha bangwe ba ba sa kgoneng go itsalanya le ba bangwe ba itlhaola mo go ba bangwe mme seo se dira gore go nne motlhofo gore ba kgerisiwe.

  • Basha ba ba tsewang ba sa tshwane le ba bangwe. Basha bangwe ba bogisiwa ka ntlha ya tsela e ba lebegang ka yone, lotso lwa bone, bodumedi jwa bone kgotsa le eleng ka gonne ba na le bogole bongwe—sengwe le sengwe fela se motho a ka ba tlaopang ka sone.

  • Basha ba ba sa itshepeng. Batho ba ba kgerisang ba bangwe ba kgona go lemoga batho ba ba inyatsang. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ke bone ba ba kgerisiwang motlhofo ka gonne ga se gantsi ba ka itwela.

O ka dirang fa o kgerisiwa?

  • O se ka wa dira sepe. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Kylie la re: “Batho ba ba go kgerisang ba itumela fa ba bona gore ba kgonne go dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe. Fa o sa dire sepe o ba fetsa maatla.” Baebele ya re: “Yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.”—Diane 29:11.

  • O se ka wa ipusolosetsa. Go ipusolosetsa go ka se rarabolole bothata go na le moo go tla bo oketsa. Baebele ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.”—Baroma 12:17; Diane 24:19.

  • O se ka wa itsenya mo mathateng. Fa go kgonega, tila batho le maemo a o ka kgerisiwang kwa go one.​—Diane 22:3.

  • Leka go araba ka tsela e a neng a sa e lebelela. Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.”—Diane 15:1.

  • O se ka wa tsaya sengwe le sengwe masisi. Ka sekai, fa motho yo o go kgerisang a re o mokima o ka tsholetsa magetla fela o bo o re, “O nepile waitse, go raya gore ke tshwanetse go fokotsa dikilogerama di sekae!”

  • Itsamaele. Nora wa dingwaga di le 19 a re: “Go didimala go bontsha gore o godile le gore o nonofile go feta motho yo o go kgerisang. Go bontsha gore o na le boikgapo​—sengwe se motho yo o go kgerisang a se nang sone.”

  • Lwela go itshepa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Rita a re: “Batho ba ba kgerisang ba bangwe ba kgona go bona fa o tshogile e bile ba ka dira gore o se tlhole o itshepa gotlhelele.”

  • Bolelela mongwe ka gone. Patlisiso nngwe ya re palo e e kwa godimo ga halofo ya batho botlhe ba ba kgerisiwang mo Internet ga ba bege seo, e ka tswa e le ka gonne ba tlhabiwa ke ditlhong (segolobogolo basimane) kgotsa ba tshaba gore batho ba ba ba kgerisang ba tla ipusolosetsa. Mme gopola gore batho ba ba kgerisang ba bangwe ba tswelela ka mokgwa ono fa o sa ba bege. Go begela mongwe go ka go thusa go kgaotsa go kgerisiwa.

Dikakantsho tsa balekane ba gago

“Tila mafelo kgotsa maemo a a ka dirang gore o kgerisiwe motlhofo. Gakologelwa le gore batho ba ba kgerisang ba bangwe ba na le mathata a bone. Go itse seo go tla dira gore o se ka wa utlwisiwa botlhoko thata ke se ba se buang.”​—Antonio.

“Itshepe. O se ka wa tshaba go buelela se o se dumelang. Bakgerisi ba bantsi ba kgaotsa go kgerisa fa ba bona gore ga o ba letlelele go itirela maratwa e pelo e bile ga o ba boife.”​—Jessica.

Dikakgelo tsa morutabana mongwe

“Go kgerisiwa ke bothata jo bo masisi. Kwa sekolong se ke neng ke ruta kwa go sone, bana ba ne ba lwa le eleng mo tlelaseng​—tota le bana ba grade ya boraro! Bana bangwe ba rata go kgerisa ba bangwe ka gonne seo se dira gore ba ikutlwe e le batho ba ba tumileng le ba ba nang le taolo.

“Gantsi bana ba ba kgerisiwang ba okaoka go bega ka gonne ba boifa gore ba ba ba kgerisang ba tla ipusolosetsa kgotsa gore bana ba ba tsenang le bone ba tla re ba nnela go tlalea. Gape ba ka tswa ba akanya gore ga go na sepe se se ka dirwang go emisa go kgerisiwa. Le fa go ntse jalo, ke kgothaletsa mongwe le mongwe yo o kgerisiwang gore a bolelele mongwe ka gone. Go molemo go dira jalo e bile go ka dira gore ba bangwe ba se ka ba kgerisiwa.”​—Jenilee, yo e neng e le morutabana kwa United States.

Dipotso ka ga go kgerisiwa

Boammaaruri kgotsa Maaka

  1. Go kgerisa go sa le go simologile bogologolo.

  2. Go kgerisa ke go itshamekela fela mo go seng kotsi. Ga go masisi go le kalo.

  3. Tsela e e molemo ya go emisa go kgerisiwa ke go itwela.

  4. Fa o kgerisiwa, molato ke wa gago.

  5. Bangwe ba batho ba ba kileng ba kgerisiwa, le bone ba kgerisa ba bangwe.

  6. Fa o bona mongwe a kgerisiwa, go botoka gore o go tlhokomologe.

  7. Tota le fa bakgerisi ba ikgodisa, gantsi ba a inyatsa.

  8. Batho ba ba kgerisang ba bangwe ba ka fetoga.

DIKARABO

  1. Boammaaruri. Ka sekai, Baebele e bua ka Banefilime—setlhopha se leina la sone le kayang “Ba ba Digang ba Bangwe.”​—Genesise 6:4.

  2. Maaka. Go kgerisa go ka nna kotsi tota. Ka maswabi, bangwe ba ba neng ba kgerisiwa lobaka lo loleele ba ile ba ipolaya.

  3. Maaka. Gantsi bakgerisi ba nonofile go feta batho ba ba ba kgerisang mme ba ba kgerisiwang ba ka se ka ba kgona go ipusolosetsa.

  4. Maaka. Ga go ope yo o tshwanelwang ke go kgerisiwa! Mokgerisi ke ene a molato.

  5. Boammaaruri. Ka maswabi, bangwe ba ntshetsa kutlobotlhoko ya bone mo go ba bangwe ka go ba tshwara ka tsela e ba kileng ba tshwarwa ka yone ke ba bangwe.

  6. Maaka. O ka se re ga o na molato fa o lebelela motho a kgerisa yo mongwe fela o sa dire sepe ka gone. Fa o bona motho a kgerisa yo mongwe mme o sa bolelele ope ka gone le wena o nnile le seabe.

  7. Boammaaruri. Le fa bangwe ba bakgerisi ba itseela kwa godimo thata, bontsi jwa bone ga ba itshepe mme ba dira gore ba bangwe ba inyatse e le gore bone ba kgone go itshepa.

  8. Boammaaruri. Bakgerisi ba ka thusiwa ke batho ba bangwe gore ba fetole tsela e ba akanyang ka yone le e ba itshwarang ka yone.​—Baefeso 4:​23, 24.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela