LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 7 ts. 24-ts. 25 ser. 1
  • Tora ya Babele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tora ya Babele
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Aga Tora e Kgolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • A Dipuo Tsa Rona di Simologile Kwa ‘Toreng ya Babele’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Araka ya ga Noa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ga ba A ka Ba Itirela Leina le le Tumileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 7 ts. 24-ts. 25 ser. 1
Batho ga ba kgone go dira mmogo kwa Toreng ya Babele fa Jehofa a sena go tlhakatlhakanya puo ya bone

THUTO 7

Tora ya Babele

Morago ga Morwalela, bomorwa Noa le basadi ba bone ba ne ba nna le bana ba le bantsi. Malapa a bone a ne a gola mme ba simolola go ya kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, fela jaaka Jehofa a ne a ba laetse.

Mme malapa a mangwe ga a ka a reetsa Jehofa. A ile a re: ‘A re ikageleng motse mme re nne mo go one. Re tla aga tora e bogodimo jwa yone bo tla fitlhang kwa legodimong. Mme re tla itsege.’

Jehofa o ne a sa rate se batho bao ba neng ba se dira, ka jalo, o ne a emisa tiro eo. A o itse gore o ne a dira seo jang? O ne a dira gore ba simolole go bua dipuo tse di sa tshwaneng. E re ka ba ne ba sa tlhole ba tlhaloganyana, ba ne ba emisa tiro ya go aga. Motse o ba neng ba o aga o ne wa bidiwa Babele e e kayang “Tlhakatlhakano.” Batho bao ba ne ba fudugela kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Mme ba ne ba tswelela go dira dilo tse di bosula kwa mafelong a ba neng ba fudugetse kwa go one. A go ne go sa ntse go na le ba ba ratang Jehofa? Re tla bona karabo mo kgaolong e e latelang..

“Mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme mongwe le mongwe yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”​—Luke 18:14

Dipotso: Batho ba kwa Babele ba ne ba dira eng? Jehofa o ne a emisa jang tiro ya bone?

Genesise 11:1-9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela