LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/15 ts. 24-25
  • Ga ba A ka Ba Itirela Leina le le Tumileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ga ba A ka Ba Itirela Leina le le Tumileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go sa Atlege Gotlhelele
  • Nimerode—Motsuolodi Yo o Lenyatso
  • Batho ba Aga Tora e Kgolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Goreng re Tlhoka Bogosi Jwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/15 ts. 24-25

Ga ba A ka Ba Itirela Leina le le Tumileng

BAEBELE ga e bolele maina a baagi ba ba neng ba aga tora ya Babele e e neng e tumile ka maswe. Pego eno e bolela jaana: “Ba re: ‘Tlang re ikageleng motse, le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re itireleng leina [le le tumileng, NW]; e se re kgotsa ra phatlalalela mo lefatsheng lotlhe.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Genesise 11:4.

Ke bomang ba go neng go twe “ba”? Tiragalo eno e ne ya diragala dingwaga di ka nna 200 morago ga Morwalela. Ka nako eo, Noa, yo o neng a na le dingwaga di ka nna 800, o ne a tshela le diketekete tsa ditlogolwana tsa gagwe. Botlhe ba ne ba bua puo e e tshwanang mme ba nna mmogo mo lefelong le legolo koo ene le bomorwawe ba neng ba nna kwa go lone morago ga Morwalela. (Genesise 11:1) Fa nako e ntse e ya, karolo e nngwe ya batho bano ba ba neng ba setse ba oketsegile e ne ya fudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi mme “ba fitlhela lobala longwe mo lefatsheng la Shinare.”—Genesise 11:2.

Go sa Atlege Gotlhelele

E ne e le mo mokgatšheng ono kwa setlhopha seno se neng sa akanya ka go tsuologela Modimo gone. Jang? Ebu, Jehofa Modimo o ne a itsise boikaelelo jwa gagwe fa a ne a laela banyalani ba ntlha ba batho gore “atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe.” (Genesise 1:28) Seno se ne sa bolelelwa Noa le bomorwawe gape morago ga Morwalela. Modimo o ne a ba laela jaana: “Lona, atang, lo ntsifale; lo tshole bana ba le bantsi mo lefatsheng, lo ntsifale mo go lone.” (Genesise 9:7) Batho ba ne ba nna kgatlhanong le taelo ya ga Jehofa ka gore ba age motse e le gore ba se ka ba “phatlalalela mo lefatsheng lotlhe.”

Gape batho bano ba ne ba simolola go aga tora ka boikaelelo jwa go itirela “leina [le le tumileng].” Mme go farologana le dilo tse ba neng ba di lebeletse, ba ne ba se ka ba wetsa go aga tora. Pego ya Baebele e bontsha gore Jehofa o ne a tlhakatlhakanya dipuo tsa bone e le gore ba se ka ba tlhaloganyana. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “Jalo Jehofa a ba phatlalaletsa le lefatshe lotlhe; mme ba khutla go aga motse.”—Genesise 11:7, 8.

Go palelwa gotlhelele ga tiro eno go supilwe ke lebaka la gore maina a baagi bano a ne a se ka a ‘tuma,’ kana go itsiwe. Tota, maina a bone ga a itsiwe e bile a phimotswe mo hisitoring ya batho. Mme go tweng ka Nimerode, setlogolwana sa ga Noa? A e ne e se ene yo o neng a eteletse pele mo botsuoloding jono jo bo kgatlhanong le Modimo? A leina la gagwe ga le itsiwe?

Nimerode—Motsuolodi Yo o Lenyatso

Kwantle ga pelaelo, Nimerode e ne e le ene yo o neng a di goga kwa pele mo setlhopheng seno. Genesise kgaolo 10 e bua ka ene e le “motsomi yo o nonofileng [yo o kgatlhanong le, NW] Jehofa.” (Genesise 10:9) Gape Dikwalo di bolela gore “a simolola go nna seganka mo lefatsheng.” (Genesise 10:8) Nimerode e ne e le motlhabani, monna yo o ratang thubakanyo. O ne a nna mmusi wa ntlha wa motho morago ga Morwalela, o ne a itlhoma go nna kgosi. Gape Nimerode e ne e le moagi. Baebele e bolela gore ke ene mothei wa metse e le robedi, go akaretsa le Babele.—Genesise 10:10-12.

Ka gone, Nimerode—moganetsi wa Modimo, kgosi ya Babele, e bile e le moagi wa metse—ga go belaetse gore o nnile le seabe mo go agiweng ga tora ya Babele. A ga a ka a itirela leina le le tlhomologileng? Malebana le leina le le reng Nimerode, E. F. C. Rosenmüller yo o tswang kwa Botlhaba o ne a kwala jaana: “Leina leno le ne la tewa Nimerode le tswa mo go [ma·radhʹ], ‘o ne a tsuologa,’ ‘o ne a le molato,’ go ya ka tlhaloso ya Sehebera.” Morago ga moo Rosenmüller o tlhalosa gore “Batho ba botlhaba gantsi ba tlwaetse go bitsa bagale ba bone ka maina a ba a teilweng morago ga loso, e leng selo, ka dinako tse dingwe, se neng se gakgamalelwa gore leina la motho le bo le dumalana thata le dilo tse motho yoo a di dirileng.”

Bakanoki ba le bantsinyana ba dumalana gore leina Nimerode e ne e se leina le a le teilweng fa a tsholwa. Go na le moo, ba dumela gore ke leina le a le teilweng moragonyana, ka ntlha ya botsuolodi jwa gagwe fa bo sena go tlhaga. Ka sekai, C. F. Keil o bolela jaana: “Leina ka bolone, Nimerode le le tswang mo go [ma·radhʹ], ‘re tla tsuologa,’ le tlhalosa go nna kgatlhanong le Modimo. Le mo tlhalosa mo e leng gore a ka tswa a le teilwe ke batho ba ba tshedileng mo nakong ya gagwe, mme ka gone ya nna leinatota.” Mo ntlhanyaneng e e kwa tlase, Keil o nopola mokwalahisitori e bong Jacob Perizonius a kwala jaana: “Ke tla dumela gore monna yono [Nimerode], e le motsomi yo o bolalome e bile a ne a dikologilwe ke setlhopha sa balekane ba gagwe, gore a tlhotlheletse batho ba bangwe gore ba tsuologe, ka metlha o ne a bua lefoko le le reng ‘nimerode, nimerode’ le go le anamisa, le le rayang, ‘A re tsuologeng! A re tsuologeng!’ Ka gone, moragonyana, o ne a bidiwa ke ba bangwe, tota le ke Moshe, ka lefoko leno e le leina la gagwe.”

Ka phepafalo, Nimerode o ne a se ka a itirela leina le le tumileng. Go bonala leina le a le teilweng fa a tsholwa le sa itsiwe. Ga le yo mo hisitoring, fela jaaka maina a batho ba ba neng ba mo latela. O ne a se ka a nna le bana ba ba bidiwang ka leina la gagwe. Go na le go galalediwa le go tuma, o ne a itsiwe ka boganana. Leina le le reng Nimerode le mo ngaparetse ka bosakhutleng gore ke motsuolodi yo o seganana yo o neng a gwetlha Jehofa Modimo ka tsela e e boeleele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela