LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 22 ts. 56-ts. 57 ser. 4
  • Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • ‘Jah o a Mpoloka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Emang lo Nitame Mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 22 ts. 56-ts. 57 ser. 4
Faro le masole a gagwe

THUTO 22

Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu

Fa Faro a utlwa gore Baiseraele ba tsamaile, o ne a ikwatlhaela go bo a ba golotse. O ne a laela masole a gagwe a re: ‘Baakanyang dipitse tsa rona tsa ntwa mme re ba sale morago! Re ne re sa tshwanela go ba letlelela go tsamaya.’ Ene le masole a gagwe ba ne ba lelekisa Baiseraele.

Jehofa o ne a etelela pele batho ba gagwe a dirisa leru fa go le motshegare mme a dirisa molelo fa go le bosigo. O ne a ba isa kwa Lewatleng le Lehibidu mme a ba laela gore ba tlhome ditente fa ba le koo.

Baiseraele ba ne ba bona Faro le masole a gagwe ba tla ba ba lebile. Ba ne ba le fa gare ga masole a Egepeto le Lewatle le Lehibidu. Ba ne ba raya Moshe ba re: ‘Re tlile go swa! O ka bo o re tlogetse kwa Egepeto.’ Mme Moshe o ne a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Letang mme lo bone kafa Jehofa a tla lo gololang ka teng.’ Ruri Moshe o ne a ikanya Jehofa!

Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba phuthe ditente tsa bone. Mo bosigong joo, Jehofa o ne a dira gore leru le nne fa gare ga Baegepeto le Baiseraele. Mo letlhakoreng la Baegepeto, go ne go le lefifi. Mme mo letlhakoreng la Baiseraele, go ne go le lesedi.

Jehofa o ne a laela Moshe gore a supe lewatle ka thobane. Go tswa foo, Jehofa o ne a dira gore phefo e e maatla e foke bosigo jotlhe. Lewatle le ne la kgaogana ka bogare mme ga nna le tsela e e omileng. Baiseraele ba ne ba feta mo go omileng teng, mo magareng a metsi a a neng a itirile dipota.

Baiseraele ba ne ba feta mo go omileng teng, mo magareng a metsi a a neng a itirile dipota

Masole a ga Faro a ne a setse Baiseraele morago fa ba ne ba tsamaya mo gare ga metsi a a neng a itirile dipota. Go tswa foo, Jehofa o ne a tlhakatlhakanya masole ao. Maotwana a dikara tsa bone tsa ntwa a ne a somoga. Masole a ne a goa a re: ‘A re boeleng morago! Jehofa o a ba lwela.’

Jehofa o ne a raya Moshe a re: ‘Supa lewatle ka thobane.’ Ka yone nako eo, metsi a ne a khurumetsa masole a Baegepeto. Faro o ne a swa le masole a gagwe otlhe. Ga go ope wa bone yo o ileng a falola.

Fa Baiseraele ba setse ba kgabagantse lewatle, ba ne ba galaletsa Modimo ka pina e e reng: “[Opelelang] Jehofa, ka gonne o kwa godimo thata. O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng.” Fa batho ba ntse ba opela, basadi ba ne ba bina e bile ba letsa meropa. Ba ne ba itumeletse gore ruri ba gololesegile.

“Ka jalo, a re se kang ra boifa mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa. Motho a ka ntira eng?’”​—Bahebera 13:6

Dipotso: Go ile ga direga eng kwa Lewatleng le Lehibidu? Jehofa o ile a golola Baiseraele jang?

Ekesodo 13:21–15:21; Nehemia 9:9-11; Pesalema 106:9-12; 136:11-15; Bahebera 11:29

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela