LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 45 ts. 110-ts. 111 ser. 2
  • Bogosi bo a Kgaogana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi bo a Kgaogana
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi bo a Kgaoganngwa
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jehofa Ga a Na go Tlogela Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A ka Bo a Ile a Amogelwa ke Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Buka ya Bibela ya bo 11—1 Dikgosi
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 45 ts. 110-ts. 111 ser. 2
Ahija a gagola seaparo sa gagwe fa pele ga Jeroboame go nna dikarolo di le 12

THUTO 45

Bogosi bo a Kgaogana

Go ne go na le kagiso mo Iseraele fa Solomone a sa ntse a obamela Jehofa. Mme Solomone o ne a nyala basadi ba le bantsi ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng mme basadi bao ba ne ba sa obamele Jehofa. Ka iketlo, Solomone o ne a fetoga mme le ene a simolola go obamela medimo eo. Jehofa o ne a galefa. O ne a raya Solomone a re: ‘Bogosi bo tla tsewa mo losikeng lwa gago mme bo tla kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi. Ke tla naya mongwe wa batlhanka ba gago karolo e kgolo mme lelapa la gago le tla busa karolo e nnye.’

Jehofa o ne a dira sengwe gape go bontsha gore se a se buileng se tla direga. Mongwe wa batlhanka ba ga Solomone e bong Jeroboame o ne a kopana le moporofeti Ahija mo tseleng. Ahija o ne a gagola seaparo sa gagwe ka dikarolo di le 12 mme a raya Jeroboame a re: ‘Jehofa o tla tsaya bogosi jwa Iseraele mo losikeng lwa ga Solomone a bo a bo kgaoganya ka dikarolo tse pedi. Tsaya dikarolo di le lesome tsa sone ka gonne o tla nna kgosi ya ditso di le lesome.’ Kgosi Solomone o ne a utlwela ka seo mme a batla go bolaya Jeroboame. Ka jalo, Jeroboame o ne a tshabela kwa Egepeto. Fa nako e ntse e ya, Solomone o ne a tlhokafala mme ngwana wa gagwe wa mosimane e bong Rehoboame o ne a nna kgosi. Jeroboame o ne a boela kwa Iseraele.

Baiseraele ba ntsha ditlhabelo fa pele ga namane ya gauta e Jeroboame a neng a e dirile

Banna ba bagolo ba Iseraele ba ne ba raya Rehoboame ba re: ‘Fa o ka dirisana le batho sentle, ga ba kitla ba go tlhanogela.’ Mme ditsala tsa gagwe tsone di ne di mo raya di re: ‘O tshwanetse go tshwara batho setlhogo! Ba berekise thata!’ Rehoboame o ne a reetsa ditsala tsa gagwe. O ne a tshwara batho setlhogo, ka jalo, ba ne ba mo tlhanogela. Ba ne ba tlhoma Jeroboame gore e nne kgosi ya ditso di le lesome, tse di bidiwang bogosi jwa Iseraele. Ditso tse dingwe tse pedi di ne tsa bidiwa bogosi jwa Juda mme Rehoboame e ne ya nna kgosi ya tsone. Jaanong ditso tse 12 tsa Iseraele di ne di kgaogane.

Jeroboame o ne a sa batle gore batho ba gagwe ba ye go obamela kwa Jerusalema ka gonne Rehoboame e ne e le kgosi ya koo. A o itse gore goreng a ne a sa batle? Jeroboame o ne a tshaba gore ba tla mo tlhanogela ba bo ba reetsa Rehoboame. Ka jalo, o ne a dira dinamane tse pedi tsa gauta a bo a raya batho a re: ‘Jerusalema e kgakala thata. Lo ka obamela Modimo fano.’ Batho ba ne ba simolola go obamela dinamane tseo ba bo ba lebala Jehofa gape.

“Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng. Gonne tshiamo le tshiamololo di tsalana jang? . . . Kgotsa a go na le sengwe se motho yo o dumelang mo go Keresete le motho yo o sa dumeleng mo go ene ba tshwanang ka sone?”​—2 Bakorintha 6:14, 15

Dipotso: Goreng Iseraele e ile ya kgaoganngwa? Kgosi Rehoboame le Kgosi Jeroboame ba ne ba dira dilo dife tse di sa siamang?

1 Dikgosi 11:1-13, 26-43; 12:1-33

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela