LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 50 ts. 120-ts. 121 ser. 5
  • Jehofa o Sireletsa Jehoshafate

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Sireletsa Jehoshafate
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehoshafate o Ikanya Jehofa
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Atlhola mo Molapong wa Katlholelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Dintlha Tsa 2 Ditiragalo
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 50 ts. 120-ts. 121 ser. 5
Kgosi Jehoshafate le baopedi ba Balefi ba etelela masole pele go tswa mo Jerusalema

THUTO 50

Jehofa o Sireletsa Jehoshafate

Kgosi ya Juda e bong Jehoshafate o ne a senya dibeso tsa ga Baale le medingwana e mengwe. O ne a batla gore batho ba itse melao ya ga Jehofa. Ka jalo, o ne a romela dikgosana le Balefi kwa metseng yotlhe ya Juda gore ba rute batho melao ya ga Jehofa.

Batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba tshaba go tlhasela Bajuda ka gonne ba ne ba itse gore Jehofa o ne a ba sireleditse. Tota e bile, ba ne ba tlisetsa Kgosi Jehoshafate dimpho. Mme gone Bamoabe, Baamona le batho ba ba tswang kwa kgaolong ya Seire ba ne ba ya go lwa le Juda. Jehoshafate o ne a itse gore o tlhoka thuso ya ga Jehofa. O ne a bitsa batho botlhe; banna, basadi le bana gore ba tle mo Jerusalema. O ne a rapela jaana fa pele ga bone botlhe: ‘Jehofa re ka se kgone go fenya ntle le thuso ya gago. Re kopa o re bolelele gore re dire eng.’

Jehofa o ne a araba thapelo eo jaana: ‘Lo se ka lwa tshoga. Ke tla lo thusa. Emang mme lo bone gore ke tla lo sireletsa jang.’ Jehofa o ile a ba sireletsa jang?

Mo letsatsing le le latelang, Jehoshafate o ne a tlhopha baopedi a bo a ba raya a re ba gwante fa pele ga masole. Ba ne ba gwanta go tswa kwa Jerusalema go fitlha kwa lefelong la ntwa le le bidiwang Tekoa.

Fa baopedi ba ntse ba baka Jehofa e bile ba opelela kwa godimo ba itumetse, Jehofa o ne a ba lwela. O ne a dira gore Baamona le Bamoabe ba tlhakane tlhogo mme ba simolola go tlhaselana ba bo ba swa botlhe. Mme Jehofa o ne a sireletsa batho ba Juda, masole le baperesiti. Batho botlhe ba dinaga tse di gaufi ba ne ba utlwela ka se Jehofa a se dirileng e bile ba ne ba itse gore Jehofa o sa ntse a sireleditse batho ba gagwe. Jehofa o sireletsa batho ba gagwe jang? Ka ditsela di le dintsi. Ga a tlhoke thuso ya batho go dira jalo.

“Ga lo kitla lo tlhoka go lwa ntwa eno. Emang mo maemong a lona, emang lo sa tshikinyege mme lo bone kafa Jehofa a tla lo gololang ka gone.”​—2 Ditiragalo 20:17

Dipotso: Jehoshafate e ne e le kgosi e e ntseng jang? Jehofa o ne a sireletsa Bajuda jang?

2 Ditiragalo 17:1-19; 20:1-30

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela